Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Makoa A me A Tlotlomaditse Jehofa

Makoa A me A Tlotlomaditse Jehofa

FA NNA le mosadi wa me re goroga kwa Colombia ka 1985, go ne go tletse thubakanyo mo nageng eo. Ka jalo, puso e ne e lwantshana le batho ba ba neng ba rekisa diokobatsi mo ditoropong le digongwana kwa dithabeng. Moragonyana fa re ne re direla kwa Medellín, digongwana tsa basha di ne di nna di tsamaya ka ditlhobolo gongwe le gongwe. Ba ne ba rekisa diokobatsi, ba tshosetsa batho gore ba tla ba utlwisa botlhoko fa ba sa ba neye madi e bile ba ne ba kgothosa batho ba bo ba ba bolaya. Batho bano ba ba dirang dilo tse di bosula, ba ne ba sa tshele lobaka. E ne e kete re tshela mo lefatsheng le lengwe.

Go tlile jang gore batho ba ba neng ba nna kgakala kwa Finland ba feleletse ba le kwa South America? Fa dingwaga di ntse di tsamaya ke dilo dife tse ke ileng ka di ithuta mo botshelong?

FA KE SA LE MOSHA KWA FINLAND

Ke tshotswe ka 1955, e bile ke na le bo-abuti ba le babedi. Ke goletse gaufi le lotshitshi lo lo kwa borwa jwa Finland kwa toropong e e bidiwang Vantaa.

Mama o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa dingwaga di le mmalwa pele ke tsholwa. Le fa go ntse jalo, Papa o ne a sa rate boammaaruri e bile o ne a sa letle Mama gore a ithute Baebele le nna le bonkgonne kgotsa gore a ye le rona kwa dipokanong. Ka jalo, Mama o ne a tle a tlotle le rona ka Baebele fa Papa a seyo.

Ke ile ka bontsha gore ke ikobela Jehofa fa ke na le dingwaga di le supa

Go tloga fa ke sa le monnye, ke ne ke ikobela Jehofa. Ka sekai fa ke na le dingwaga di le supa, morutabana o ne a nkgalefela ka gonne ke ne ke sa batle go ja kuku e e dirilweng ka madi ya kwa Finland e e bidiwang verilättyjä. O ne a leka go mpateletsa go e ja, a bo a bula molomo wa me gore a e tsenye ka foroko mo ganong, mme ke ile ka phaila foroko eo mo seatleng sa gagwe.

Fa ke na le dingwaga di le 12, Papa o ile a tlhokafala. Fa e sa le go tloga ka nako eo ke ile ka kgona go ya dipokanong. Se se itumedisang ke gore bakaulengwe ba ne ba nna ditsala tsa me, mme seo se ne sa nthusa gore ke atamalane le Jehofa. Ke ne ka simolola go bala Baebele letsatsi le letsatsi le go ipha nako ya go ithuta dikgatiso tsa rona. Go dira jalo go ne ga nthusa gore ke kolobediwe ka August 8, 1969 ke na le dingwaga di le 14.

Fela fa ke fetsa sekolo, ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha. Morago ga dibeke di le mmalwa, ke ne ka fudugela kwa toropong nngwe mo Finland e e bidiwang Pielavesi kwa go neng go tlhokega baboledi gone.

Fa ke le koo, ke ile ka kopana le Sirkka. Ke ile ka kgatlhiwa ke botho jwa gagwe le gore o ne a rata Jehofa. O ne a sa rate maemo kgotsa dikhumo. Ka jalo, re ile ra nyalana ka March 23, 1974. Go na le gore re ye go iphokisa phefo kwa lefelong lengwe jaaka batho ba ba sa tswang go nyalana ba a tle ba dire, re ne ra ya kwa Karttula kwa go neng go tlhokega baboledi gone. Re ne re batla go dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirong ya ga Jehofa, e bile re ne re ikemiseditse go dira se re kopiwang gore re se dire.

Ntlo e re neng re e hirile kwa Karttula, kwa Finland

JEHOFA O NE A RE TLHOKOMELA

Koloi e nkgonne a ileng a re naya yone

Fela fa re sena go nyalana, Jehofa o ile a re bontsha gore o tla re tlhokomela fa re dira gore go mo direla go tle pele mo matshelong a rona. (Math. 6:33) Ka sekai, fa re ne re le kwa Karttula re ne re dirisa baesekele ka gonne re se na koloi. Le fa go ntse jalo, ka mariga go ne go nna tsididi thata. Gore re kgone go rera kwa mafelong a a kwa kgakala re ne re tlhoka koloi.

Nkgonne o ile a re etela re sa mo solofela. O ile a re naya koloi ya gagwe e a neng a setse a duetse inshorense ya yone. Rona re ne re tlhoka fela go tshela peterolo.

Jehofa o ile a re bontsha gore o tla re tlhokomela, rona re ne re tlhoka go tlhoma mogopolo mo tirong ya gagwe fela.

SEKOLO SA GILEADE

Re le kwa Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela ka 1978

Fa re ne re le kwa Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela ka 1978, mongwe wa batlhatlheledi ba rona yo o bidiwang Raimo Kuokkanen, a o ne a re kgothaletsa gore re tlatse diforomo tsa Sekolo sa Gileade. Ka jalo, re ne ra simolola go ithuta Seesemane gore re kgone go ya teng. Mme ka 1980, re ile ra kopiwa gore re ye go direla kwa ofising ya lekala ya kwa Finland. Seno se ile sa direga pele re tlatsa diforomo tsa Gileade. Ka nako eo, ba ba direlang kwa Bethele ba ne ba sa letlelelwe go ya kwa Gileade. Le fa go ntse jalo, re ne re batla go ya kwa Jehofa a neng a re re ye teng, e seng kwa rona re neng re batla go ya teng. Ka jalo re ile ra ya go direla kwa ofising ya lekala. Mme gone, re ile ra tswelela re ithuta Seesemane gore fa tshono ya go ya Gileade e tlhaga re kgone go ya.

Dingwaga di le mmalwa moragonyana, Setlhopha se se Laolang se ile sa letlelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba kwa Bethele gore ba ye kwa Sekolong sa Gileade. Boammaaruri ke gore re ne re sa ntse re itumelela go direla kwa Bethele. Mme gone, re ile ra tlatsa diforomo tsa go ya kwa Gileade ka gonne re ne re batla go direla kwa go nang le tlhokego gone. Re ile ra amogelwa kwa Sekolong sa Gileade mme ra aloga mo tlelaseng ya bo79 ka September 1985. Re ile ra newa kabelo ya go direla kwa Colombia.

KABELO YA RONA YA NTLHA YA BORONGWA

Fa re goroga kwa Colombia, re ile ra newa kabelo ya go direla kwa ofising ya lekala. Ke ile ka dira sotlhe se nka se kgonang mo kabelong eo. Mme morago ga ngwaga, ke ne ke akanya gore re tlhoka go dira sengwe se sesha. Ke ile ka kopa gore re newe kabelo e nngwe. E ne e le la ntlha ke dira jalo mo botshelong. Re ile ra newa kabelo ya gore re nne barongwa kwa toropong ya Neiva, kwa Huila.

Ga ke bolo go rata tshimo, tota le pele ke nyala. Fa ke ne ke le mmulatsela kwa Finland, ke ne ke simolola go rera mo mosong go fitlha maitseboa. Tota le fa nna le Sirkka re sena go nyalana, re ne re fetsa letsatsi lotlhe re rera. Fa re ne re rera kwa ditshimong tse di kwa kgakala, ka dinako tse dingwe re ne re robala mo koloing. Seo se ne se re thusa gore re se ka ra fetsa nako e ntsi re le mo tseleng, e bile re ne re kgona go simolola tshimo phakela mo letsatsing le le latelang.

E re ka re ne re le barongwa, re ne re itumelela tshimo gape jaaka mo nakong e e fetileng. Phuthego ya rona ya kwa Colombia e ne e gola. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba re tlotla, ba re rata e bile ba lebogela se re neng re se dira.

JEHOFA O ARABA DITHAPELO

Metse e e neng e le gaufi le Neiva e ne e se na Basupi. Ke ne ke ipotsa gore batho ba ba nnang mo metseng eo ba ne ba ka rerelwa jang. Go ne go ka nna kotsi gore batho ba ba tswang kwa metseng e mengwe ba ye go rera koo ka gonne go ne go na le digongwana. Ka jalo, ke ile ka rapela Jehofa ke mo kopa gore go nne le mongwe yo o tswang kwa metseng eo yo e ka nnang Mosupi. Gape ke ile ka rapelela gore motho yoo a tle mo Neiva, mme fa a sena go kolobediwa a boele kwa motseng wa gagabo gore a ye go rera. Jehofa o ne a dira se se fetang seo.

Ka bonakonyana morago ga moo, ke ne ka simolola go ithuta Baebele le lekawana lengwe le le bidiwang Fernando González. O ne a nna mo motseng mongwe o o bidiwang Algeciras o le one o neng o se na Basupi. Beke le beke Fernando o ne a tsamaya dikilometara di feta 50 a tla tirong mo Neiva. O ne a baakanyetsa thuto ya gagwe sentle e bile o ile a simolola go tla kwa dipokanong tsotlhe. Lekgetlo la ntlha fa re sena go ithuta, Fernando o ne a phutha batho ba gagabo a bo a ba ruta se a se ithutileng.

Re na le Fernando ka 1993

Morago ga dikgwedi di le thataro re ntse re ithuta, Fernando o ile a kolobediwa ka January 1990. Go tswa foo, o ne a nna mmulatsela wa ka metlha. E re ka jaanong go ne go na le Mosupi kwa Algeciras, ofisi ya lekala e ne e ka kgona go romela babulatsela ba ba kgethegileng kwa lefelong leo. Ka February 1992, go ne ga tlhomiwa phuthego kwa motseng oo.

Fernando ga a a ka a rerela batho ba kwa motseng wa bone fela. Fa a sena go nyala, ene le mosadi wa gagwe ba ile ba fudugela kwa motseng o mongwe o o se nang Basupi o o bidiwang San Vicente del Caguán. Ba ile ba thusa go tlhoma phuthego koo. Ka 2002, Fernando o ne a tlhomiwa go nna molebedi wa potologo. Ene le mosadi wa gagwe yo o bidiwang Olga ba sa ntse ba dira tiro eno le gompieno.

Se se ileng sa direga se nthutile gore go botlhokwa thata gore fa ke rapelela dilo tse di amanang le tiro e Jehofa a re neileng yone, ke se ka ka potapota. Jehofa o kgona go dira dilo tse rona re ka se kgoneng go di dira. Tota e bile ke ene Mong wa thobo, e seng rona.​—Math. 9:38.

JEHOFA O RE “NAYA KELETSO LE MAATLA” A GO MO DIRELA

Ka 1990 re ne ra newa kabelo ya go dira tiro ya potologo. Re ne ra simolola tiro eno kwa toropong ya Bogotá. Re ne re tshogile tota ka gonne nna le mosadi wa me re batho fela, e bile ga re na bokgoni bope jo bo kgethegileng. Mo godimo ga moo, re ne re sa tlwaela go nna mo toropong e e tlhanaselang. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ile a dira se a se solofetsang mo go Bafilipi 2:13 e e reng: “Modimo ke ene yo o lo nonotshang gore lo kgone go dira dilo tse di mo itumedisang, e bile o lo naya keletso le maatla a gore lo dire jalo.”

Moragonyana re ile ra ya go dira tiro ya potologo kwa Medellín, e leng toropo e ke ileng ka tlotla ka yone kwa tshimologong. Batho ba koo ba ne ba tlwaetse go utlwa batho ba lwa e bile ba thuntshana. Ba ne ba sa tlhole ba tshoga. Ka sekai, nako nngwe fa ke ne ke ruta monna mongwe Baebele, batho ba ne ba simolola go thuntshana gaufi le ntlo ya gagwe. Fa ke re ke itatlhela fa fatshe, monna yoo o ile a tswelela a bala serapa a ritibetse. Fa a sena go se bala, o ne a nthaya a re o a boa a bo a tswela kwa ntle. Go ise go ye kae, o ne a boa a na le bana ba gagwe ba babedi. O ne a re: “Intshwarele, ke ne ke ile go tsaya banake.”

Ka dinako dingwe re ne re tswa ka lesoba la nnale. Letsatsi lengwe fa re ne re rera ka ntlo le ntlo, mosadi wa me o ne a tla a tabogile e bile a tshogile. O ne a re go na le mongwe yo a neng a batla go mo thuntsha. Ke ne ke gakgametse. Mme moragonyana re ile ra lemoga gore monna yoo o ne a sa batle go thuntsha Sirkka, go na le moo o ne a thuntsha monna yo a neng a feta gaufi le ene.

Fa nako e ntse e tsamaya, re ile ra tlwaela botshelo joo. Re ne re kgothadiwa ke go bona tsela e bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba nna ba ritibetse ka yone fa ba lebana le maemo ao kgotsa a a maswe le go feta. Re ne ra ipolelela gore fa Jehofa a ba thusitse, le rona o tla re thusa. Re ne re dirisa kgakololo e bagolwane ba neng ba re naya yone, re dira sotlhe se re ka se kgonang go itshireletsa re bo re tlogelela sengwe le sengwe mo go Jehofa.

Maemo mangwe a ne a se maswe jaaka re ne re akanya. Nako nngwe fa ke ne ke le mo ntlong nngwe ke rera, ke ne ka utlwa e kete basadi ba babedi ba a tlhapatsana e bile ke ne ke sa batle go tsena mo dikgannyeng tseo. Le fa go ntse jalo, mong wa ntlo o ne a nkopa gore re tswele kwa ntle. Ke ile ka lemoga gore dinonyane tse pedi tsa bopapalagae e ne e le tsone tse di neng di bua jaaka baagelani ba gagwe.

DITSHIAMELO LE DIKGWETLHO TSE DINGWE

Ka 1997, ke ne ka tlhomiwa go nna motlhatlheledi kwa Sekolong sa Baebele sa Bakaulengwe Ba ba Sa Nyalang. b Ke ne ke rata go ya kwa dikolong tsa puso ya Modimo, mme ke ne ke sa akanye gore ke tla nna le tshiamelo ya go ruta mo go sengwe sa dikolo tseo.

Moragonyana ke ile ka nna molebedi wa kgaolo. Fa kabelo ya go nna molebedi wa kgaolo e fedisiwa, ke ne ka nna molebedi wa potologo gape. Ke feditse dingwaga di feta 30 ke le motlhatlheledi e bile ke dira tiro ya potologo. Jehofa o ntshegofaditse thata mo dikabelong tseno. Le fa go ntse jalo, ga se gore ka metlha botshelo bo ne bo itobetsa. Mma ke tlhalose.

Ka tlholego fela ke motho yo o pelokgale. Seo se ne se nthusa mo maemong a a thata. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe ke ne ke nna matlhagatlhaga thata e bile ke batla go baakanya dilo dingwe mo phuthegong. Ke ne ke gatelela gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba ratane le gore ba akanyetsane, mme nna ke sa dire jalo.​—Bar. 7:21-23.

Ka dinako dingwe ke ne ke kgobiwa marapo ke makoa a ke neng ke na le one. (Bar. 7:24) Letsatsi lengwe ke ile ka rapela Jehofa ke mmolelela gore go botoka gore ke tlogele go nna morongwa mme ke boele kwa Finland. Mo maitseboeng ao, ke ile ka ya dipokanong. Se ke ileng ka se utlwa, se ile sa ntlhatswa pelo gore Jehofa o batla gore ke tswelele ke le mo kabelong eno le gore ke dire diphetogo. Le gompieno, ke sa ntse ke lebogela tsela e Jehofa a ileng a araba thapelo eo ka yone le gore o ile a nthusa go fetola botho jwa me.

GA RE TSHWENYEGE KA SE SE TLA DIREGANG

Nna le Sirkka re leboga go bo Jehofa a re neile tshiamelo ya go mo direla ka lobaka lo loleele mo tirelong ya nako e e tletseng. Gape ke leboga Jehofa go bo a nneile mosadi yo o lorato e bile a ikanyega.

Go ise go ye kae, ke tla bo ke na le dingwaga di le 70 e bile nka se ka ka tlhola ke nna motlhatlheledi kgotsa molebedi wa potologo. Le fa go ntse jalo, ga ke a hutsafala ka gonne ke a itse gore Jehofa o batla gore re mo direle re le boingotlo le gore re mmake ka gonne re mo rata e bile re mo leboga. (Mik. 6:8; Mar. 12:32-34) Gore re kgone go dira jalo, ga re tlhoke go nna le kabelo ngwe e e kgethegileng.

Ke a lemoga gore Jehofa ga a a ka a nnaya ditshiamelo tseno ka gonne ke gaisa batho ba bangwe kgotsa ke na le bokgoni bongwe jo bo rileng. Go na le moo, o nneile tsone ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bogolo. Ke ne ke na le makoa mme ke ile ka kgona go dira dikabelo tseo ka gonne Jehofa o ne a nthusa. Ka jalo nka re, makoa a me a tlotlomaditse Jehofa.​—2 Bakor. 12:9.

a Kgang ya botshelo ya ga Raimo Kuokkanen ya setlhogo se se reng, “Re Ikemiseditse go Direla Jehofa,” e mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 1, 2006.

b Gone jaanong sekolo seno se bidiwa Sekolo sa Baboledi ba Bogosi.