Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 15

PINA 124 Re Ikanyege ka Metlha

Tswelela o Tshepa Phuthego ya ga Jehofa

Tswelela o Tshepa Phuthego ya ga Jehofa

“Gakologelwang ba ba lo etelelang pele, ba ba lo boleletseng lefoko la Modimo.”​—BAHEB. 13:7.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tla bona gore ke eng se se ka re thusang gore re tswelele re tshepa phuthego ya ga Jehofa.

1. Batho ba ga Jehofa ba ne ba rulagantswe jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

 FA JEHOFA a naya batho ba gagwe tiro e ba tshwanetseng go e dira, o batla gore ba e dire ka tsela e e rulaganeng. (1 Bakor. 14:33) Ka sekai, Jehofa o batla gore dikgang tse di molemo di rerwe mo lefatsheng lotlhe. (Math. 24:14) Ka jalo o ile a tlhoma Jesu gore a okamele tiro eo, mme Jesu o netefatsa gore tiro eno e dirwa ka tsela e e rulaganeng. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, fa go ne go tlhomiwa diphuthego mo mafelong a a farologaneng, gape go ne ga tlhomiwa bagolwane gore ba etelele pele mo diphuthegong tseo. (Dit. 14:23) Bagolwane bangwe ba ba nang le maitemogelo le baaposetoloi ba e neng e le maloko a setlhopha se se laolang kwa Jerusalema ba ne ba dira ditshwetso, mme diphuthego tsotlhe di ne di tshwanetse go di ikobela. (Dit. 15:2; 16:4) Se se itumedisang ke gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba ikobela ditaelo tse ba neng ba di newa, mme “diphuthego di ne tsa tswelela di nonotshiwa mo tumelong e bile palo ya bakaulengwe e ne e oketsega.”​—Dit. 16:5.

2. Jehofa o ntse a kaela batho ba gagwe jang fa e sa le go tloga ka 1919?

2 Jehofa o sa ntse a thusa batho ba gagwe gore ba dire dilo ka tsela e e rulaganeng le gompieno. Fa e sa le go tloga ka 1919, Jesu o ntse a dirisa Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng go rulaganya tiro ya go rera le go naya balatedi ba gagwe ditaelo tse di tswang mo Lefokong la Modimo ka nako e e tshwanetseng. a (Luke 12:42) Ntle le pelaelo Jehofa o segofatsa tiro ya batlhanka bao ba gagwe.​—Isa. 60:22; 65:13, 14.

3-4. (a) Naya sekai se se bontshang gore tsela e phuthego ya ga Jehofa e rulagantsweng ka yone e re tswela mosola. (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Re ne re ka se kgone go dira tiro ya go rera e Jesu a re neileng yone fa e ne e sa rulaganngwa. (Math. 28:19, 20) Ka sekai, go ne go tla direga eng fa go ne go sa rulaganngwa gore re rera kae, mme mongwe le mongwe a rera kwa a batlang teng? Boammaaruri ke gore re ne re tla rera mo mafelong mangwe kgapetsakgapetsa, mme re sa rere gotlhelele mo go a mangwe. Tsela e phuthego ya ga Jehofa e rulagantsweng ka yone, e re tswela mosola ka ditsela di le dintsi. A go na le dingwe tse o akanyang ka tsone?

4 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a thusa barutwa ba gagwe gore ba dire dilo ka tsela e e rulaganeng, mme o sa ntse a dira jalo le gompieno. Mo setlhogong seno re tla bona gore Jesu o ne a dira dilo jang le gore phuthego ya ga Jehofa e mo etsa jang. Gape re tla ithuta gore re ka bontsha jang gore re tshepa phuthego ya ga Jehofa.

PHUTHEGO YA GA JEHOFA E ETSA JESU

5. Phuthego ya ga Jehofa e etsa Jesu jang? (Johane 8:28)

5 Jesu o ile a ithuta mo go Rraagwe gore o tshwanetse go dira eng le gore o tshwanetse go bua eng. Phuthego ya ga Jehofa e etsa Jesu ka gonne e dirisa Lefoko la Modimo go re thusa go itse se se siameng le se se sa siamang le go re naya kgakololo e re e tlhokang. (Bala Johane 8:28; 2 Tim. 3:16, 17) Re nna re gakololwa gore re bale Lefoko la Modimo le gore re dirise se re se ithutang mo go lone. Mme gone, re ka ithuta Baebele jang, e bile go dira jalo go ka re tswela mosola jang?

6. Go ithuta Baebele re dirisa dikgatiso go re tswela mosola jang?

6 Go ithuta Baebele re dirisa dikgatiso tsa rona go re tswela mosola fela thata. Fa re dira jalo, re kgona go lemoga gore kgakololo e re e newang ke phuthego ya ga Jehofa e dirisa dikgatiso e tswa mo Baebeleng, mme seo se dira gore re tshepe phuthego ya ga Jehofa le go feta.​—Bar. 12:2.

7. Jesu o ne a rera ka eng, mme phuthego ya ga Jehofa e mo etsa jang?

7 Jesu o ne a rera “dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo” e bile o ile a laela barutwa ba gagwe gore le bone ba dire jalo. (Luke 4:43, 44; 9:1, 2; 10:8, 9) Batlhanka botlhe ba ga Jehofa gompieno le bone ba rera ka Bogosi Jwa Modimo, le fa ba ka tswa ba nna kae kgotsa ba na le maikarabelo afe mo phuthegong.

8. Re neilwe tshiamelo efe?

8 Go rerela batho ka Bogosi Jwa Modimo ke tshiamelo e e seng kana ka sepe. Mme tshiamelo eno ga e newe mongwe le mongwe fela. Ka sekai, fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, ga a ka a letla madimona gore a neele bosupi ka ene. (Luke 4:41) Ka jalo, pele motho a ka simolola go ya tshimong, o tshwanetse a bo a tshela ka tsela e e itumedisang Modimo. Re ka bontsha gore re lebogela tshiamelo eno e Jehofa a re neileng yone ka go dirisa tshono nngwe le nngwe go rera. E re ka re batla go etsa Jesu, re dira sotlhe se re ka se kgonang go rerela batho le go ba ruta boammaaruri.​—Math. 13:3, 23; 1 Bakor. 3:6.

9. Phuthego ya ga Jehofa e thusa batho jang gore ba itse leina la Modimo?

9 Jesu o ne a itsise batho leina la Modimo. Nako nngwe fa a rapela o ne a raya Rraagwe a re: “Ke ba rutile ka ga leina la gago.” (Joh. 17:26) Phuthego ya ga Jehofa e etsa Jesu ka gonne e dira sotlhe se e ka se kgonang go thusa batho gore ba itse leina la Modimo. E dirisa Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha go dira seno. Baebele eno e buseditse leina la Modimo mo le neng le tlhaga gone mo mekwalong ya ntlhantlha ya Baebele. E gone e feletse kgotsa e le dikarolo dingwe tsa yone ka dipuo di feta 270. Karolo ya Dintlha Tse di Oketsegileng A4 le A5 mo Baebeleng eno e tlhalosa lebaka la go bo leina la Modimo le ile la busediwa mo Baebeleng. b

10. O ithuta eng mo go se se ileng sa buiwa ke mosadi mongwe wa kwa Myanmar?

10 Fela jaaka Jesu, le rona re batla go thusa batho ba le bantsi gore ba itse leina la Modimo. Fa mosadi mongwe yo o nang le dingwaga di le 67 wa kwa Myanmar a ne a utlwa gore Modimo o na le leina, o ne a tsholola dikeledi. O ne a raya kgaitsadi yo a neng a mo ruta Baebele a re: “Ke la ntlha mo botshelong ke utlwa gore leina la Modimo ke Jehofa. . . . O nthutile selo se se botlhokwa tota.” Se mosadi yono a ileng a se bua, se re thusa go bona gore go itse leina la Modimo go ka ama dipelo tsa batho ba ba ratang boammaaruri.

TSWELELA O BONTSHA GORE O TSHEPA PHUTHEGO YA GA JEHOFA

11. Bagolwane ba ka bontsha jang gore ba tshepa phuthego ya ga Jehofa? (Bona le setshwantsho.)

11 Bagolwane ba ka bontsha jang gore ba tshepa phuthego ya ga Jehofa? Fa ba newa ditaelo, ba tshwanetse go di bala ka kelotlhoko le go dira sotlhe se ba ka se kgonang go di ikobela. Ka sekai, ba newa kaelo ya gore ba ka tshwara dipokano jang le gore ba ka rapela jang kwa dipokanong. Gape ba newa kaelo ya gore ba ka tlhokomela jang batho ba Modimo. Fa bagolwane ba ikobela ditaelo tse ba di newang, bakaulengwe le bokgaitsadi ba kgona go lemoga gore Jehofa o a ba rata le gore o a ba tlhokomela.

Bagolwane ba re thusa go ikobela ditaelo tse phuthego ya ga Jehofa e re nayang tsone (Bona serapa 11) c


12. (a) Goreng re tshwanetse go ikobela ba ba eteletseng pele mo phuthegong? (Bahebera 13:7, 17) (b) Goreng re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo dilong tse dintle tse bagolwane ba di dirang?

12 Re tshwanetse go ikobela kaelo e bagolwane ba re nayang yone mo phuthegong. Fa re dira jalo, go tla nna motlhofo gore ba dire tiro ya bone. Baebele e a re re ikobele ba ba eteletseng pele mo phuthegong. (Bala Bahebera 13:7, 17.) Mme gone, ka dinako tse dingwe ga go motlhofo go dira jalo ka gonne bagolwane ba dira diphoso. Le fa go ntse jalo, fa re tlhoma mogopolo mo diphosong tsa bone mme re sa o tlhome mo dilong tse dintle tse ba di dirang, re tla bo re itumedisa batho ba ba sa re rateng. Batho bao ba batla gore re simolole go ipotsa gore a mme Modimo o dirisa phuthego eno go re kaela. Ka jalo fa re akanya dilo tse di sa siamang ka bagolwane, re ka nna ra simolola go akanya dilo tse di sa siamang ka phuthego ya ga Jehofa re bo re sa tlhole re e tshepa. Re tshwanetse go dira eng gore re kgone go lemoga maaka a a buiwang ke batho ba ba sa re rateng le go tsamaela kgakala le one?

O SE KA WA LETLA BA BANGWE BA GO TSIETSA

13. Batho ba ba re tlhoileng, ba bua dilo dife tse di sa siamang ka phuthego ya ga Jehofa?

13 Batho ba ba sa re rateng ba leka go dira gore go lebege e kete dilo tse di siameng tse phuthego ya ga Jehofa e di dirang ga di a siama. Ka sekai, Jehofa o batla gore re nne phepa, re itshware sentle le gore re mo obamele ka tsela e e mo itumedisang. Gape a re fa motho a dira dilo tse di sa siamang e bile a sa batle go fetoga, ga a ka ke a tswelela a le mo phuthegong ya gagwe. (1 Bakor. 5:11-13; 6:9, 10) E re ka re ikobela taelo eno ya ga Jehofa, batho ba ba re tlhoileng ba re latofatsa ka gore ga re rate batho, re a ba atlhola e bile re a ba kgetholola.

14. Ke mang yo o anamisang maaka ka phuthego ya ga Jehofa?

14 Nna o gopotse gore ke mang yo o anamisang maaka ka rona. Satane ke ene a anamisang maaka ka rona, tota e bile Baebele e a re “ke rramaaka.” (Joh. 8:44; Gen. 3:1-5) Ka jalo ga re gakgamale fa Satane a dirisa batho ba ba re tlhoileng go anamisa maaka ka phuthego ya ga Jehofa. O ile a dira se se tshwanang ka Jesu le Bakeresete ba bogologolo.

15. Baeteledipele ba bodumedi ba ile ba tshwara Jesu le balatedi ba gagwe jang?

15 Le fa Jesu a ne a dira se se siameng ka metlha e bile a dira dikgakgamatso, Satane o ile a dirisa batho bangwe gore ba anamise maaka a matala ka ene. Ka sekai, baeteledipele ba bodumedi ba ile ba bolelela batho gore Jesu o leleka madimona ka maatla a a tswang kwa “mmusing wa madimona.” (Mar. 3:22) Fa Jesu a ne a sekisiwa, baeteledipele ba bodumedi ba ile ba mo latofatsa ka gore o tlhapaditse Modimo e bile ba ile ba tlhotlheletsa batho gore ba kope gore Jesu a bolawe. (Math. 27:20) Moragonyana fa balatedi ba ga Jesu ba ne ba rera dikgang tse di molemo, batho ba ba sa ba rateng ba ile ba tlhotlheletsa batho ka tsela e e phoso gore ba tlhasele Bakeresete bao. (Dit. 14:2, 19) Makasine wa Tora ya Tebelo wa December 1, 1998 o ile wa tlhalosa gore “batho bao ga ba a ka ba gana fela go reetsa molaetsa o Bakeresete ba neng ba o rera, mme gape ba ne ba bua dilo tse di tsitsibanyang mmele ka bone gore batho ba se ka ba ba reetsa le gore ba ba tlhoe.”

16. Re tshwanetse go nna re gopotse eng fa re utlwa dilo tse di sa siamang ka phuthego ya ga Jehofa?

16 Satane o sa ntse a bua maaka ka batho ba ga Jehofa. Baebele e a re ‘o tsietsa lefatshe lotlhe.’ (Tshen. 12:9) Ka jalo, fa o utlwa dilo tse di sa siamang ka phuthego ya ga Jehofa kgotsa ka bakaulengwe ba ba eteletseng pele, nna o gopotse gore batho ba ba sa rateng Modimo ba ile ba anamisa maaka ka Jesu le ka Bakeresete ba bogologolo. Jesu o ne a re go tla buiwa maaka le dilo tse di bosula ka batho ba ba direlang Jehofa. Ke se re bonang se direga gompieno. (Math. 5:11, 12) Fa re nna re gopotse gore ke mang yo o anamisang maaka ka rona, ga re kitla re itumelela dilo tse di sa siamang tse di buiwang ka phuthego ya ga Jehofa e bile re tla tsamaela kgakala le tshedimosetso e e ntseng jalo. Re tshwanetse go dira eng?

17. Re ka dira eng gore re se ka ra tsiediwa ke dikgang tse di seng boammaaruri? (2 Timotheo 1:13) (Bona le lebokoso le le reng, “ Re Tshwanetse go Dira Eng fa re Utlwa Dikgang Tse di Seng Boammaaruri?”)

17 O se ka wa reetsa dikgang tse di seng boammaaruri. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa gore re tshwanetse go dira eng fa re utlwa dikgang tse di seng boammaaruri. O ne a laela Timotheo gore a kgalemele bangwe gore “ba se ka ba reetsa dipolelo tsa maaka” le “dipolelo tsa maaka tse di tlontlololang Modimo.” (1 Tim. 1:3, 4; 4:7) Mma re dire sekai: Ngwana a ka sela sengwe fa fatshe a bo a se tsenya mo ganong, mme motho yo o godileng ene a ka se dire jalo ka gonne o a itse gore se ka mo lwatsa. E re ka re le Bakeresete ba ba godileng sentle, ga re reetse dikgang tse di seng boammaaruri ka gonne re a itse gore di tswa kwa go mang, go na le moo re reetsa “mafoko a a molemo.”​—Bala 2 Timotheo 1:13.

18. Re ka bontsha jang gore re tshepa phuthego ya ga Jehofa?

18 Re tlotlile ka ditsela di le tharo fela tse phuthego ya ga Jehofa e etsang Jesu ka tsone. Fa o ntse o ithuta Baebele, leka go bona tse dingwe. Thusa ba bangwe mo phuthegong gore ba tshepe phuthego ya ga Jehofa mme o tswelele o mo direla ka boikanyegi. (Pes. 37:28) E kete rotlhe re ka tswelela re lebogela tshiamelo e Jehofa a re neileng yone ya go mo direla le batho ba gagwe ba ba lorato le ba ba ikanyegang!

O KA ARABA JANG?

  • Batho ba ga Jehofa ba etsa Jesu jang?

  • Ke eng se se ka re thusang gore re tswelele re tshepa phuthego ya ga Jehofa?

  • Re tshwanetse go dira eng fa re utlwa dikgang tse di seng boammaaruri?

PINA 103 Badisa​—Dimpho Tse di Molemo

a Bona lebokoso le le reng, “A Mme E ne E le Ka 1919?” mo bukeng ya setlhogo se se reng Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela E e Mo Itumedisang! ts. 102-103.

b Baebele ya Seesemane ya go Ithuta e na le karolo ya Dintlha Tse di Oketsegileng C e e ntshang bosupi jo bo bontshang gore leina la Modimo le tshwanetse go tlhaga ka makgetlo a le 237 mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika.

c TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Bagolwane ba tlotla ka ditaelo tse baboledi ba tshwanetseng go di latela fa ba rera ka dikolotsana. Morago ga moo, mogolwane yo mongwe o bolelela baboledi gore ba eme gaufi le lobota fa ba rera ba dirisa mokgwa ono.