Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 19

PINA 22 Bogosi bo a Busa ​—A bo Tle!

Goreng re sa Belaele Gore Jehofa o Tla Atlhola Sentle?

Goreng re sa Belaele Gore Jehofa o Tla Atlhola Sentle?

“Jehofa . . . ga a eletse gore motho ope a senngwe.” ​—2 PET. 3:9.

SE GO BUIWANG KA SONE

Setlhogo seno se re netefaletsa gore Jehofa o tla dira se se siameng fa a atlhola batho mo nakong e e tlang.

1. Goreng re ka re re tshela mo dinakong tse di itumedisang tota?

 RE TSHELA mo dinakong tse di itumedisang tota ka gonne re kgona go bona dilo tse dintsi tse Baebele e di boleletseng pele di direga. Ka sekai, re bona “kgosi ya bokone” le “kgosi ya borwa” di lwela go busa. (Dan. 11:40, ntlh.) Gape re bona batho mo lefatsheng lotlhe ba rerelwa dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo, e bile ba le bantsi ba simolola go direla Jehofa. (Isa. 60:22; Math. 24:14) Mo godimo ga moo, re itumelela dilo tse dintsi tse phuthego ya ga Jehofa e re nayang tsone “ka nako e e siameng” gore re tswelele re atamalane le Jehofa.​—Math. 24:45-47.

2. Re tlhatswegile pelo ka eng, e bile re tshwanetse go lemoga eng?

2 Jehofa o nna a re thusa go tlhaloganya ditiragalo tsa botlhokwa tse di tlileng go direga mo nakong e e sa fediseng pelo. (Diane 4:18; Dan. 2:28) Re tlhatswegile pelo gore fa pitlagano e kgolo e simologa, re tla bo re itse gore re tshwanetse go dira eng gore re kgone go itshoka le gore re tswelele re dirisana ka kutlwano mo nakong eo e e thata. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go lemoga gore go na le dilo dingwe tse re sa di itseng tse di tla diregang mo nakong e e tlang. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka mabaka a go bo re fetola tsela e re neng re akanya ka yone ka ditiragalo tseo. Go tswa foo, re tla tlotla ka dilo dingwe tse re di itseng tse di tla diregang mo nakong e e tlang le tsela e Jehofa a tlileng go dira dilo ka yone.

SE RE SA SE ITSENG

3. Ke eng se re neng re se akanya mo nakong e e fetileng, mme ka ntlha ya eng?

3 Mo nakong e e fetileng, re ile ra re fa pitlagano e kgolo e simologa, batho ga ba kitla ba tlhola ba nna le tshono ya go direla Jehofa e bile ba ka se falole Aramagedona. Re ne re akanya jalo ka gonne re tsaya gore se se diragetseng ka nako ya Morwalela, se bontsha se se tla diregang mo nakong e e tlang. Ka sekai, re ne re tsaya gore fela jaaka go ne go se na ope yo o neng a ka kgona go tsena mo arakeng fa Jehofa a sena go “tswala kgoro,” go ka se nne le ope yo o ka kgonang go direla Jehofa kgotsa go bolokwa fa pitlagano e kgolo e simologa.​—Math. 24:37-39.

4. Goreng re sa tlhole re re sengwe le sengwe se se neng se direga mo motlheng wa ga Noa, se ne se bontsha se se tla diregang mo nakong e e tlang?

4 A re tshwanetse go akanya gore sengwe le sengwe se se neng se direga mo motlheng wa ga Noa, se ne se bontsha se se tla diregang mo nakong e e tlang? Nnyaa. Goreng re rialo? Ka gonne Baebele ga e bue sepe ka kgang eo. a Ke boammaaruri gore Jesu o ile a bapisa ‘motlha wa ga Noa’ le go nna gone ga gagwe. Le fa go ntse jalo, ga a a ka a re sengwe le sengwe se se neng se direga mo motlheng wa ga Noa, se ne se bontsha se se tla diregang mo nakong e e tlang. Gape ga a a ka a re fa Jehofa a ne a tswala kgoro ya araka, seo se ne se tshwantshetsa sengwe. Mme gone, seo ga se reye gore ga re ka ke ra ithuta sepe mo pegong ya ga Noa.

5. (a) Pele ga Morwalela, Noa o ile a bontsha jang gore o na le tumelo? (Bahebera 11:7; 1 Petere 3:20) (b) Tiro ya go rera e Noa a neng a e dira, e tshwana jang le e re e dirang gompieno?

5 Fa Jehofa a sena go bolelela Noa gore o tlile go fedisa lefatshe, Noa o ile a bontsha gore o na le tumelo ka go aga araka. (Bala Bahebera 11:7; 1 Petere 3:20.) Ka tsela e e tshwanang, fa batho ba sena go utlwa dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo, ba tshwanetse go bontsha gore ba na le tumelo ka go dirisa se ba se ithutang. (Dit. 3:17-20) Petere o ne a re Noa ke “moreri wa tshiamo.” (2 Pet. 2:5) Le fa go ntse jalo, jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, ga re itse gore a Noa o ile a kgona go rerela batho botlhe mo lefatsheng pele ga Morwalela. Le rona gompieno re dira sotlhe se re ka se kgonang go rerela batho dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Mme gone, ga re ka ke ra kgona go rerela batho botlhe pele bokhutlo bo tla. Goreng re rialo?

6-7. Goreng re ka re ga re kitla re kgona go rerela mongwe le mongwe mo lefatsheng pele bokhutlo bo tla?

6 Go na le sengwe se Jesu a ileng a se bolelela pele ka tiro ya rona ya go rera. O ile a re dikgang tse di molemo di ne di tla rerelwa “batho ba ba mo lefatsheng lotlhe gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Math. 24:14) Boporofeti jono bo diragadiwa thata gompieno go feta mo nakong e e fetileng. Batho ba rerelwa ka dipuo di feta 1 000, e bile websaete ya rona ya jw.org e thusa batho ba le bantsi mo lefatsheng gore ba itse dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo.

7 Gape Jesu o ile a bolelela barutwa ba gagwe gore ba ne ba se kitla ba kgona go ‘wetsa tiro ya bone mo metseng le mo metsaneng yotlhe’ kgotsa go rerela mongwe le mongwe pele a tla. (Math. 10:23; 25:31-33) Se Jesu a ileng a se bua se a direga le gompieno. Batho ba le bantsi ba nna mo mafelong a tiro ya rona ya go rera e thibetsweng kwa go one. Mo godimo ga moo, motsotso le motsotso bana ba a tsholwa. Tota le fa re ka dira sotlhe se re ka se kgonang gore re rerele batho “ba ditšhaba tsotlhe le ba ditso tsotlhe le ba dipuo tsotlhe,” ga re kitla re kgona go rerela mongwe le mongwe mo lefatsheng pele bokhutlo bo tla.​—Tshen. 14:6.

8. Ke potso efe e re ka nnang ra ipotsa yone? (Bona le setshwantsho.)

8 Se re tlotlileng ka sone se ka dira gore re ipotse go re: Jehofa le Morwawe yo a mo neileng tiro ya go atlhola, ba tlile go atlhola jang batho ba ba sa nnang le tshono ya go utlwa dikgang tse di molemo pele pitlagano e kgolo e simologa? (Joh. 5:19, 22, 27; Dit. 17:31) Temana ya setlhogo seno e a re Jehofa “ga a eletse gore motho ope a senngwe.” Go na le moo, o batla gore “botlhe ba ikwatlhaye.” (2 Pet. 3:9; 1 Tim. 2:4) Mme gone, Jehofa ga a re bolelele gore o tlile go atlhola jang batho ba ba sa nnang le tshono ya go utlwa dikgang tse di molemo pele pitlagano e kgolo e simologa. Boammaaruri ke gore ga a patelesege go re bolelela gore o dirile eng mo nakong e e fetileng le gore o tla dira eng mo nakong e e tlang.

Jehofa o tla atlhola jang batho ba ba sa nnang le tshono ya go utlwa dikgang tse di molemo pele pitlagano e kgolo e simologa? (Bona serapa 8) c


9. Baebele e a re Jehofa o tlile go dira eng?

9 Go na le dilo dingwe tse Baebele e re bolelelang gore Jehofa o tlile go di dira. Ka sekai, e a re o tlile go tsosa batho “ba ba sa siamang” ba ba sa nnang le tshono ya go utlwa dikgang tse di molemo le ya go tlogela mekgwa e e sa siamang. (Dit. 24:15; Luke 23:42, 43) Seo se dira gore re ipotse dipotso tse dingwe.

10. Ke dipotso dife tse dingwe tse re ka di ipotsang?

10 A batho botlhe ba ba swang ka nako ya pitlagano e kgolo ga ba kitla ba tsosiwa? Baebele e a re Jehofa le masomosomo a gagwe ba tlile go fedisa batho ba ba kgatlhanong le ene ka ntwa ya Aramagedona. Batho bao ga ba kitla ba tsosiwa. (2 Bathes. 1:6-10) Mme go tweng ka batho ba bangwe? Ka sekai, ba bangwe ba ka swa ka nako ya pitlagano e kgolo ka gonne ba lwala kgotsa ba tsofetse. Ba bangwe bone ba ka bolawa mo dikotsing kgotsa ba bolawa ke batho ba bangwe. (Mor. 9:11; Seka. 14:13) A batho bao ba tla nna mo setlhopheng sa batho “ba ba sa siamang” ba ba tla tsosiwang? Tota ga re itse.

SE RE SE ITSENG

11. Ka nako ya Aramagedona, batho ba tla atlholwa go lebeletswe eng?

11 Go na le dilo di le mmalwa tse re itseng gore di tla direga mo nakong e e tlang. Ka sekai, re a itse gore ka nako ya Aramagedona, batho ba tla atlholwa go lebeletswe gore ba ne ba dirisana jang le bomorwarraagwe Jesu. (Math. 25:40) Ba ba tla atlholwang e le dinku, ba tla bo ba bontshitse gore ba ema batlodiwa le Jesu nôkeng. Gape re a itse gore batlodiwa bangwe ba tla bo ba sa ntse ba le mo lefatsheng fa pitlagano e kgolo e sena go simologa le gore ba tla ya kwa legodimong pele ga ntwa ya Aramagedona. Ka jalo, go ka direga gore fa batlodiwa ba sa ntse ba le mo lefatsheng, batho ba nne le tshono ya go ba ema nôkeng le go ba thusa mo tirong ya bone. (Math. 25:31, 32; Tshen. 12:17) Goreng go le botlhokwa gore re akanye ka dintlha tseno?

12-13. Bangwe ba ka dira eng fa ba bona “Babelona yo Mogolo” a fedisiwa? (Bona le ditshwantsho.)

12 Tota le fa pitlagano e kgolo e sena go simologa, batho bangwe ba ka nna ba gopola gore Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go bolelela batho gore “Babelona yo Mogolo,” o tla senngwa. A seo se tla dira gore bangwe ba bone ba simolole go dumela mo go Jehofa?​—Tshen. 17:5; Esek. 33:33.

13 Fa e le gore ba tla dira jalo, ba tla bo ba dira se se ileng sa dirwa ke “setlhopha se segolo sa batho ba ba farologaneng” ba motlha wa ga Moshe. Batho bao ba ile ba tsamaya le Baiseraele fa ba tswa kwa Egepeto. Bangwe ba bone ba ka tswa ba ile ba simolola go dumela mo Modimong fa ba bona Dipetso Tse di Lesome tse Moshe a neng a bua ka tsone di direga. (Ekes. 12:38) Fa e le gore go tla direga se se tshwanang fa Babelona yo Mogolo a sena go fedisiwa, a re tshwanetse go kgobega marapo fa bangwe ba simolola go direla Jehofa mmogo le rona pele bokhutlo bo tla? Nnyaa, ga re a tshwanela go kgobega marapo ka gonne re batla go nna le botho jo bo tshwanang le jwa Modimo wa rona “yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelotlhomogi, yo o sa galefeng ka bonako le yo o nang le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng le boammaaruri.” b​—Ekes. 34:6.

Fa batho bangwe ba bona “Babelona yo Mogolo” a fedisiwa, ba tla gopola gore Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go bua ka kgang eo (Bona serapa 12-13) d


14-15. A motho o tla newa tshono ya go tshelela ruri go ikaegile ka gore o swa leng kgotsa o nna kwa kae? Tlhalosa. (Pesalema 33:4, 5)

14 Ka dinako dingwe bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna ba re: “Go ka nna botoka gore ba masika a me ba swe pele pitlagano e kgolo e simologa gore ba kgone go tsosiwa.” Ba ka tswa ba bua jalo ka gonne ba ba rata. Le fa go ntse jalo, motho ga a newe tshono ya go tshelela ruri go ikaegile ka gore o sule leng. Jehofa ke moatlhodi yo o tshiamiso e bile ditshwetso tse a di dirang ka metlha di siame. (Bala Pesalema 33:4, 5.) Ka jalo, ga re belaele gore “Moatlhodi wa lefatshe lotlhe” o tla dira se se siameng.​—Gen. 18:25.

15 Gape motho ga a newe tshono ya go tshelela ruri go ikaegile ka gore o nna kwa kae. Go tla bo go sa utlwale go akanya gore Jehofa a ka atlhola batho ba le bantsi ba ba nnang mo mafelong a ba sa kgoneng go utlwa molaetsa wa Bogosi kwa go one a re ke “dipodi.” (Math. 25:46) Moatlhodi wa lefatshe lotlhe o amega ka batho bao go feta kafa rona re amegang ka bone ka gone. Ga re itse gore Jehofa o tla dira eng ka nako ya pitlagano e kgolo. Gongwe bangwe ba batho bao ba tla nna le tshono ya go ithuta ka Jehofa, go dumela mo go ene le go mo direla fa a tla bo a itshepisa leina la gagwe mo lefatsheng lotlhe.​—Esek. 38:16.

Fa pitlagano e kgolo e sena go simologa, . . . a seo se tla dira gore bangwe ba simolole go dumela mo go Jehofa?

16. Re ithutile eng ka Jehofa? (Bona le setshwantsho.)

16 Fa re ntse re ithuta Baebele re ile ra lemoga gore Jehofa o tsaya botshelo bo le botlhokwa thata. O re neile Morwawe gore re kgone go nna le tshono ya go tshelela ruri. (Joh. 3:16) Jehofa o re bontshitse rotlhe fela gore o a re rata. (Isa. 49:15) O itse mongwe le mongwe wa rona sentle mo e leng gore fa re ka swa, o tla re tsosa re na le botho jo re neng re na le jone ka gonne a gopola sengwe le sengwe ka rona. (Math. 10:29-31) Ka jalo, ga re belaele gore Rraarona yo o lorato o tla atlhola ka tsela e e siameng ka gonne o botlhale, o siame e bile o kutlwelobotlhoko.​—Jak. 2:13.

Ga re belaele gore Jehofa o tla atlhola mongwe le mongwe ka tsela e e siameng ka gonne o botlhale, o siame e bile o kutlwelobotlhoko (Bona serapa 16)


17. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

17 E re ka jaanong re tlhaloganya botoka tsela e Jehofa a atlholang ka yone, re a lemoga gore go potlakile thata gore re rere dikgang tse di molemo. Mo setlhogong se se latelang, re tlile go tlotla ka dipotso tseno: “Goreng re re go potlakile thata gore re bolelele batho dikgang tse di molemo? Ke eng se se ka re rotloetsang gore re tswelele re rera re le matlhagatlhaga?

PINA 76 A ga O Itumelele go Rera?

a Fa o batla go bona mabaka a go bo re ile ra tokafatsa tsela e re neng re akanya ka yone, bala setlhogo se se reng “Eno ke Tsela E o E Amogelang,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 15, 2015, ts. 7-11.

b Fa Babelona yo Mogolo a sena go senngwa, tumelo ya batlhanka botlhe ba ga Jehofa e tla lekiwa fa Gogo wa Magogo a ba tlhasela. Batho ba ba tlhophang go direla Jehofa fa Babelona yo Mogolo a sena go senngwa, le bone tumelo ya bone e tla lekiwa.

c TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Ditshwantsho tseno tse tharo di bontsha mabaka a go bo batho bangwe ba sa nne le tshono ya go utlwa dikgang tse di molemo: (1) Mosadi mongwe o nna mo lefelong le bodumedi bo sa letleleleng batho go reetsa dikgang tse di molemo, (2) banyalani bangwe ba nna mo lefelong le puso e thibetseng tiro ya rona ya go rera, le (3) monna mongwe o nna kwa lefelong le le kgakala le re sa kgoneng go fitlha ka go lone.

d TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Lekgarebe lengwe le ile la tlogela go direla Jehofa, mme le gopola gore Baebele e ile ya bolelela pele gore “Babelona yo Mogolo” o tla fedisiwa. O dira tshwetso ya go boela kwa go Jehofa, e bile o boela gae kwa batsading ba gagwe ba e leng Basupi ba ga Jehofa. Fa seo se direga, re tshwanetse go etsa Rraarona yo o lorato ka go nna kutlwelobotlhoko le go tlhomogela pelo motho yo o boelang kwa go Jehofa.