Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 20

PINA 67 “Rera Lefoko”

A Lorato lo go Tlhotlheletsa Gore o Rere?

A Lorato lo go Tlhotlheletsa Gore o Rere?

“Dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa pele mo ditšhabeng tsotlhe.”​—MAR. 13:10.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tla bona gore lorato lo ka re thusa jang go ntsha ga tshwene mo tirong ya go rera.

1. Re ithutile eng kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya 2023?

 KWA pokanong ya ngwaga le ngwaga ya 2023, a re ile ra thusiwa go tlhaloganya botoka dilo dingwe tse re di dumelang, e bile re ile ra itsisiwe dilo dingwe tse di amanang le bodiredi jwa rona. Ka sekai, re ile ra tlhalosediwa gore batho bangwe ba ka nna ba simolola go direla Jehofa fa Babelona yo Mogolo a sena go fedisiwa. Gape re ile ra itsisiwe gore go simologa ka November 2023, baboledi ba ka se ka ba tlhola ba bega sengwe le sengwe se ba se dirang mo bodireding. A diphetogo tseno di raya gore re tshwanetse go tsaya tiro ya rona ya go rera lotsatsa? Nnyaa, le e seng!

2. Goreng go potlakile thata gone jaanong gore re rere dikgang tse di molemo? (Mareko 13:10)

2 Gone jaanong go potlakile thata gore re rere dikgang tse di molemo ka gonne ga go sa tlhole go na le nako. Jesu o ile a bolelela pele ka tiro ya go rera mo metlheng eno ya bofelo. (Bala Mareko 13:10.) Mo pegong ya ga Mathaio, o ne a re dikgang tse di molemo di ne di tla rerelwa batho ba ba mo lefatsheng lotlhe pele “bokhutlo” bo tla. (Math. 24:14) Fa a ne a bua ka bokhutlo, o ne a bua ka go fedisiwa ga lefatshe leno le le bosula la ga Satane. Jehofa o setse a beile ‘letsatsi le ura’ gore a dire jalo. (Math. 24:36; 25:13; Dit. 1:7) Nako eo e ntse e atamela. (Bar. 13:11) Mme fa re sa ntse re e letile, re tshwanetse go tswelela re rera pele bokhutlo bo tla.

3. Goreng re rera?

3 Fa re akanya ka bodiredi, re tshwanetse go ipotsa potso eno ya botlhokwa: Goreng re rera? Re dira jalo ka gonne re rata dikgang tse di molemo le batho. Gape re dira jalo ka gonne re rata Jehofa le leina la gagwe. A re tlotleng ka mabaka ao.

RE RERA KA GONNE RE RATA DIKGANG TSE DI MOLEMO

4. Re ikutlwa jang fa re utlwa dikgang tse di itumedisang?

4 A o sa ntse o gopola gore o ile wa ikutlwa jang fa o ne o bolelelwa dikgang dingwe tse di itumedisang? Gongwe o ile wa utlwa gore mongwe mo lelapeng o tlile go nna le ngwana kgotsa o ile wa newa tiro nngwe ya boitshediso e o neng o e tlhoka. Ga go pelaelo gore o ne o swegaswega pelo go bolelela ba masika le ditsala dikgang tseo tse di itumedisang. A o ile wa dira se se tshwanang fa o utlwa dikgang tse di itumedisang le go feta tsa Bogosi Jwa Modimo?

5. O ile wa ikutlwa jang fa o simolola go ithuta Baebele? (Bona le ditshwantsho.)

5 Leka go akanya gore o ile wa ikutlwa jang fa o ne o simolola go ithuta Baebele. O ile wa lemoga gore Jehofa o a go rata le gore o batla gore o tle mo phuthegong ya gagwe. Gape o ile wa ithuta gore Jehofa o solofetsa gore o tla fedisa kutlobotlhoko le mathata otlhe a a leng teng mo lefatsheng. Mo godimo ga moo, o ile wa ithuta gore Jehofa o tlile go tsosa batho ba o ba ratang ba ba tlhokafetseng gore ba tshele kwa lefatsheng le lesha. (Mar. 10:29, 30; Joh. 5:28, 29; Bar. 8:38, 39; Tshen. 21:3, 4) Dilo tseno tsotlhe di ne tsa dira gore o itumele. (Luke 24:32) O ne o rata se o neng o se ithuta, e bile o ne o batla go se bolelela batho ba bangwe.​—Bapisa le Jeremia 20:9.

Fa re ne re simolola go ithuta Baebele, re ne re batla go bolelela mongwe le mongwe se re se ithutang! (Bona serapa 5)


6. O ithutile eng mo maitemogelong a ga Ernest le Rose?

6 Akanya ka se se ileng sa diragalela mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Ernest. b Fa a na le dingwaga di le lesome, rraagwe o ile a tlhokafala. A re: “Ke ne ke ipotsa go re: ‘A Papa o ile legodimong? A o tla boa?’ Ke ne ke utlwa botlhoko tota fa ke bona bana ba bangwe ba na le borraabone.” Ernest o ne a tle a ye kwa lebitleng la ga rraagwe a bo a khubama a rapela Modimo a re: “Modimo, ke kopa gore o mpolelele gore Papa o kwa kae.” Morago ga dingwaga di le 17 rraagwe a sena go tlhokafala, Ernest o ne a simolola go ithuta Baebele. O ne a itumetse tota fa a utlwa gore baswi ga ba utlwe sepe, ba robetse le gore Baebele e solofetsa gore Modimo o tla ba tsosa. (Mor. 9:5, 10; Dit. 24:15) Ernest o ile a itumela tota fa a bona dikarabo tsa dipotso tse a sa bolong go di ipotsa. Mosadi wa gagwe yo o bidiwang Rose, le ene o ne a simolola go ithuta Baebele a bo a bolelela batho ba bangwe se a neng a se ithuta. Ka 1978 ba ne ba kolobediwa. Ba ne ba itumelela go bolelela ba masika, ditsala le batho ba bangwe dikgang tse di molemo, e bile ba ile ba kgona go thusa batho ba feta 70 gore ba kolobediwe.

7. Go direga eng fa re rata se re se ithutang mo Baebeleng? (Luke 6:45)

7 Fa re rata se re se ithutang mo Baebeleng, re tla tlhotlheletsega go se bolelela batho ba bangwe. (Bala Luke 6:45.) Re ikutlwa fela jaaka Jesu le barutwa ba bogologolo. Ba ile ba re: “Ga re ka ke ra tlogela go bua ka dilo tse re di boneng le tse re di utlwileng.” (Dit. 4:20) Re rata se re se ithutang mo Baebeleng e bile re batla go se bolelela batho ba le bantsi kafa re ka kgonang ka gone.

RE RERA KA GONNE RE RATA BATHO

8. Ke eng se se re tlhotlheletsang gore re bolelele batho ba bangwe dikgang tse di molemo? (Bona lebokoso le le reng,  Rata Batho Ba o Ba Rerelang.”) (Bona le setshwantsho.)

8 Fela jaaka Jehofa le Jesu, le rona re rata batho. (Diane 8:31; Joh. 3:16) Re utlwa botlhoko tota fa re bona batho ‘ba sa itse Modimo’ e bile ‘ba se na tsholofelo.’ (Baef. 2:12) Mathata a batho ba lebanang le one a dira gore ba ikutlwe e kete ba wetse mo khuting, mme rona re na le mogala o o ka ba ntshang mo go yone. Mogala oo ke dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. E re ka re rata batho bao e bile re ba utlwela botlhoko, re tlhotlheletsega go ba bolelela dikgang tse di molemo. Molaetsa ono o ka ba naya tsholofelo, e bile o ka ba thusa gore ba itumelele botshelo gone jaanong le gore ba tshele “botshelo jwa mmatota” kgotsa ba tshelele ruri kwa lefatsheng le lesha mo nakong e e tlang.​—1 Tim. 6:19.

Fa re rata batho e bile re ba tlhomogela pelo, re tla dira sotlhe se re se kgonang go ba rerela dikgang tse di molemo (Bona serapa 8)


9. Re tlhagisa batho ka eng, mme ka ntlha ya eng? (Esekiele 33:7, 8)

9 Gape go rata batho go tla re tlhotlheletsa gore re ba bolelele gore go ise go ye kae, lefatshe leno le le bosula le tla fedisiwa. (Bala Esekiele 33:7, 8.) Re utlwa botlhoko tota fa batho ba bangwe, go akaretsa le ba malapa a rona ba sa direle Jehofa. Bontsi jwa bone ba itshelela fela, ga ba itse gore go tla nna le ‘pitlagano e kgolo e e iseng e tsamaye e nne teng fa e sa le lefatshe le nna teng go fitlha jaanong, e bile e se kitla e nna teng gape.’ (Math. 24:21) Ka jalo, re batla gore ba itse gore ka nako eo ya katlholo, bodumedi jwa maaka bo tla fedisiwa, go tswa foo lefatshe leno le le bosula le tla fedisiwa ka ntwa ya Aramagedona. (Tshen. 16:14, 16; 17:16, 17; 19:11, 19, 20) Re eletsa gore batho ba le bantsi ba reetse tlhagiso eo le gore ba direle Jehofa mmogo le rona gone jaanong. Mme go tweng ka batho ba ba sa batleng go reetsa molaetsa wa rona go akaretsa le ba malapa a rona?

10. Goreng go potlakile thata gore re bolelele batho ba bangwe se se tla diregang mo nakong e e sa fediseng pelo?

10 Mo setlhogong se se fetileng, re ithutile gore Jehofa a ka nna a se ka a fedisa batho ba ba simololang go mo direla fa ba bona Babelona yo Mogolo a fedisiwa. Ka jalo, go potlakile tota gore re bolelele batho ba bangwe se se tla diregang mo nakong e e sa fediseng pelo. Nna o gopotse gore ka nako eo, ba ka nna ba gopola se re ba bolelelang sone gone jaanong. (Bapisa le Esekiele 33:33.) Gongwe ba ka akanya ka se re ba boleletseng sone ba bo ba simolola go direla Jehofa mmogo le rona. Fela jaaka modisa wa kgolegelo wa kwa Filipi a ile a simolola go dumela mo go Jesu morago ga “thoromo e kgolo ya lefatshe,” gongwe bangwe ba ka simolola go direla Jehofa fa Babelona yo Mogolo a sena go fedisiwa.​—Dit. 16:25-34.

RE RERA KA GONNE RE RATA JEHOFA LE LEINA LA GAGWE

11. Re bontsha jang gore re galaletsa Jehofa le gore re a mo tlotla? (Tshenolo 4:11) (Bona le ditshwantsho.)

11 Lebaka la botlhokwa thata la go bo re rera dikgang tse di molemo ke gore re rata Jehofa Modimo le leina la gagwe. Fa re rera, re baka Modimo wa rona yo o lorato. (Bala Tshenolo 4:11.) Re dumalana le kgang ya gore Jehofa, Modimo wa rona yo o maatla, o tshwanelwa ke go galalediwa le go tlotliwa ke botlhe. Fa re bolelela batho ba bangwe gore Jehofa o “bopile dilo tsotlhe” go akaretsa le batho, re bontsha gore re a mo galaletsa le gore re a mo tlotla. Gape re dirisa nako, maatla le dilo tse re nang le tsone go rerela batho ba le bantsi kafa re ka kgonang ka gone. (Math. 6:33; Luke 13:24; Bakol. 3:23) Tota e bile, re rata go bolelela batho ba bangwe ka Modimo wa rona yo o lorato, ka leina la gagwe le gore ke Modimo yo o ntseng jang. Goreng re tsaya matsapa a a kalo?

Re dirisa nako, maatla le dilo tse re nang le tsone gore re dire ka natla mo bodireding (Bona serapa 11)


12. Re itshepisa leina la ga Jehofa jang fa re rera?

12 Tsela e re ratang Jehofa ka yone e re tlhotlheletsa gore re itshepise leina la gagwe. (Math. 6:9) Re batla go bolelela batho ba bangwe gore dilo tse di sa siamang tse Satane a di buileng ka Jehofa, ke maaka a matala. (Gen. 3:1-5; Jobe 2:4; Joh. 8:44) Fa re rera, re batla go bolelela batho ba ba ka re reetsang gore Jehofa ke mang le gore ke Modimo yo o ntseng jang. Re batla gore mongwe le mongwe a itse gore Jehofa o lorato, o busa ka tsela e e siameng, le gore mo nakong e e sa fediseng pelo, Bogosi jwa gagwe bo tla tlosa mathata otlhe a batho, mme bo tla dira gore ba tshelele ruri ba itumetse. (Pes. 37:10, 11, 29; 1 Joh. 4:8) Fa re bolelela batho dilo tseno ka Jehofa, re itshepisa leina la gagwe. Gape re a itumela ka gonne re dira se Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetseng go se dira. Goreng re rialo?

13. Goreng re itumelela go bidiwa Basupi ba ga Jehofa? (Isaia 43:10-12)

13 Jehofa o re tlhophile gore re nne “basupi” ba gagwe. (Bala Isaia 43:10-12.) Mo dingwageng tse di fetileng, lekwalo le le tswang kwa Setlhopheng se se Laolang le ne la re: “Re na le tshiamelo e e seng kana ka sepe ya go bidiwa Basupi ba ga Jehofa.” c Goreng re ka rialo? A re dire sekai. A re re mongwe o go latofatsa ka gore o dirile sengwe se se sa siamang. O ne o tla tlhopha mang gore a go buelele gore se o latofadiwang ka sone ke maaka le gore ga o ka ke wa dira selo seo se se sa siamang? Ga go pelaelo gore o ne o tla tlhopha motho yo o mo itseng e bile o mo tshepa. Gape motho yoo o tshwanetse go tshepiwa ke batho ba bangwe. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o re tlhophile gore re nne basupi ba gagwe ka gonne a re itse sentle e bile a re tshepa. O a itse gore re tla kgona go mmuelela gore ke ene fela Modimo wa boammaaruri. Re itumelela tshiamelo eno ya go nna Basupi ba ga Jehofa, e bile re dirisa tshono nngwe le nngwe e re nang le yone go bolelela batho ka leina la gagwe. Gape re ba tlhalosetsa gore dilo tsotlhe tse ba di boleletsweng ka ene ke maaka. Fa re dira jalo, re bontsha gore re tshelela leina le a re neileng lone.​—Pes. 83:18; Bar. 10:13-15.

RE TLILE GO TSWELELA RE RERA GO FITLHA BOKHUTLO BO TLA

14. Ke dilo dife tse di itumedisang tse di tla diregang mo nakong e e sa fediseng pelo?

14 Go na le dilo tse di itumedisang tse di tlileng go direga mo nakong e e tlang. Re itumelela gore batho ba le bantsi ba tla simolola go direla Jehofa pele pitlagano e kgolo e simologa. Gape re itumelela gore mo nakong eo e e thata, batho ba le bantsi ba tla kgaogana le lefatshe la ga Satane ba bo ba simolola go baka Jehofa mmogo le rona.​—Dit. 13:48.

15-16. Re tshwanetse go tswelela re dira eng, mme go fitlha leng?

15 Fa re sa ntse re letetse nako eo, go na le tiro ya botlhokwa thata e re tshwanetseng go e dira. Ke tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe. Gape re tshwanetse go bolelela batho gore bokhutlo jwa lefatshe leno le le bosula bo gaufi. Ka nako ya katlholo, batho bao ba tla itse gore molaetsa o re neng re ba bolelela one o ne o tswa kwa go Jehofa.​—Esek. 38:23.

16 Re ikemiseditse go rata dikgang tse di molemo le go rata batho. Mme sa botlhokwa le go feta, re ikemiseditse go rata Jehofa le leina la gagwe. Seo se tla re rotloetsa gore re tswelele re rera dikgang tse di molemo ka matlhagatlhaga go fitlha Jehofa a re: “Tiro e weditswe!”

PINA 54 “Tsela ke E”

a Thulaganyo ya pokano ya ngwaga le ngwaga e ne ya tshwarwa ka di7 tsa October, 2023 kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa kwa Newburgh kwa New York, U.S.A. Moragonyana e ile ya tlhaga mo JW Broadcasting®. Karolo 1 e ile ya tlhaga ka November 2023, mme Karolo 2 ka January 2024.

b Bona setlhogo se se reng “Baebele e Fetola Matshelo a Batho​—Ke Kgatlhilwe ke Dikarabo Tse di Utlwalang Tsa Baebele” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 1, 2015.