Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 26

PINA 8 Jehofa ke Botshabelo Jwa Rona

Jehofa ke Lefika, Ikaege ka Ene

Jehofa ke Lefika, Ikaege ka Ene

“Ga go na lefika lepe le le tshwanang le Modimo wa rona.” ​—1 SAM. 2:2.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tla ithuta ka dinonofo tse di dirang gore Jehofa e nne lefika le gore re ka mo etsa jang.

1. Mo go Pesalema 18:46, Dafide o tshwantsha Jehofa le eng?

 KA DINAKO tse dingwe re ka nna ra lebana le mathata a a ka dirang gore botshelo jwa rona bo nne boima kgotsa bo fetoge. Mme se se itumedisang ke gore re a itse gore re ka ikaega ka Jehofa gore a re thuse. Setlhogo se se fetileng se re gopoditse gore Jehofa ke Modimo yo o tshelang le gore o nna a ikemiseditse go re thusa. Fa re bona tsela e a re thusang ka yone, seo se re netefaletsa gore “Jehofa o a tshela!” (Bala Pesalema 18:46.) Mme gone, fa Dafide a sena gore “Jehofa o a tshela,” o ne a mo tshwantsha le sengwe se se sa tsheleng. O ne a re Jehofa ke “lefika la me.” O ne a raya jang?

2. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka lebaka la go bo Jehofa a tshwantshiwa le lefika le gore seo se re ruta eng ka ene. Gape re tlile go bona gore re ka ikaega ka ene jang. Mo godimo ga moo, re tlile go bona gore re ka mo etsa jang.

GORENG GO TWE JEHOFA KE LEFIKA?

3. Baebele e a reng ka “lefika”? (Bona le setshwantsho se se mo )

3 Baebele e tshwantsha Jehofa le “lefika” go re thusa go tlhaloganya dinonofo dingwe tse a nang le tsone. Ka makgetlo a le mantsi, batlhanka ba gagwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba mo tlhalosa e le lefika fa ba mmaka ka ntlha ya dinonofo tse di kgatlhang tse a nang le tsone. Jehofa o tlhalosiwa e le “Lefika” lekgetlo la ntlha mo go Duteronome 32:4. Fa Hana a ne a rapela, o ne a re “ga go na lefika lepe le le tshwanang le Modimo wa rona.” (1 Sam. 2:2) Habakuke o ne a re Jehofa ke “Lefika la me.” (Hab. 1:12) Mokwadi wa Pesalema 73 o ne a re Modimo “ke lefika la pelo ya me.” (Pes. 73:26) Tota e bile, Jehofa le ene o ipitsa lefika. (Isa. 44:8) A jaanong re tlotle ka dinonofo tse tharo tse di dirang gore Jehofa a bidiwe lefika le gore re ka dira eng gore a nne “Lefika la rona.”​—Dute. 32:31.

Batho ba ga Jehofa ba tshwantsha Jehofa le Lefika (Bona serapa 3)


4. Jehofa o re sireletsa jang? (Pesalema 94:22)

4 Jehofa o a re sireletsa ka dinako tsa mathata. Fela jaaka lefika le sireletsa motho mo phefong ya matsubutsubu, Jehofa o a re sireletsa fa re lebane le maemo a a thata. (Bala Pesalema 94:22.) O re thusa gore re tswelele re atamalane le ene e bile o netefatsa gore ga go nne le sepe se se ka re utlwisang botlhoko go ya go ile. Gape o solofetsa gore mo nakong e e sa fediseng pelo, o tla tlosa dilo tsotlhe tse di re tlhobaetsang le tse di re utlwisang botlhoko.​—Esek. 34:25, 26.

5. Jehofa o re sireletsa jang?

5 Fa re na le mathata, re ka kopa Jehofa gore a re sireletse. O re naya “kagiso” e e disang dipelo tsa rona le megopolo ya rona. (Bafil. 4:6, 7) Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Artem o ile a tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya se a se dumelang. O ile a botsolodiwa ka makgetlo a le mantsi, a tshwarwa makgwakgwa a bo a tshosediwa. O ne a re: “Fa ke botsolodiwa, ke ne ke tshoga. . . . Ke ne ke rapela Jehofa ka metlha ke mo kopa gore a nthuse go ritibala le gore a nneye botlhale. Le fa ke ne ke bogisiwa jalo, Jehofa o ne a nthusa go ritibala. . . Ke ne ke ikutlwa e kete ke sireleditswe ke lobota lo lo nonofileng.”

6. Goreng re ka ikaega ka Jehofa? (Isaia 26:3, 4)

6 Jehofa o a ikanyega. Fela jaaka lefika le sa sute, ka metlha Jehofa o ikemiseditse go re thusa. Re ka mo tshepa ka gonne “ke Lefika le le nnetseng ruri.” (Bala Isaia 26:3, 4.) E re ka Jehofa a sa swe, o tla dira dilo tse a re solofeditseng tsone, o tla araba dithapelo tsa rona e bile o tla re ema nôkeng fa re tlhoka thuso. Gape re ka ikaega ka Jehofa ka gonne o ikanyega mo batlhankeng ba gagwe. (2 Sam. 22:26) Ga a kitla a lebala se re mo direlang sone e bile o tla re segofatsa.​—Baheb. 6:10; 11:6.

7. Go ikaega ka Jehofa go tla re thusa jang? (Bona le setshwantsho.)

7 Jehofa e ka nna Lefika la rona fa re ikaega ka ene. Re a itse gore go mo ikobela le fa go le thata go re tswela mosola. (Isa. 48:17, 18) Nako le nako fa re bona tsela e Jehofa a re thusang ka yone re mo tshepa le go feta. Re tlhatswega pelo gore Jehofa ke ene a ka re thusang go itshokela mathata a re ka lebanang le one le fa a ka nna thata jang. Gantsi fa go se na ope yo o ka re thusang, re a lemoga gore Jehofa a ka se re swabise. Ke ene fela yo re ka mo ikanyang. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Vladimir a re: “Ke ile ka atamalana le Jehofa thata fa ke ne ke le kwa kgolegelong ke letetse go sekisiwa. Ke ile ka ithuta go tshepa Jehofa, ka gonne ke ene fela a neng a ka nthusa go itshoka.”

Fa re dumela gore Jehofa ke Lefika, re tla mo tshepa (Bona serapa 7)


8. (a) Goreng re ka re Jehofa ga a fetoge? (b) Go ikanya Jehofa go re tswela mosola jang? (Pesalema 62:6, 7)

8 Jehofa ga a fetoge. Fela jaaka lefika le legolo le nna le tsepame, Jehofa le ene ga a fetoge. Botho jwa gagwe ga bo fetoge e bile ka metlha o dira se a ikaeletseng go se dira. (Mal. 3:6) Fa Adame le Efa ba sena go mo tlhanogela, Jehofa ga a ka a fetola se a neng a ikaeletse go se dira. Tota e bile, moaposetoloi Paulo o ne a re “ga a ka ke a nna se tota a seng sone.” (2 Tim. 2:13) Se se diregang kgotsa se batho ba se dirang ga se fetole se Jehofa a leng sone, se a ikaeletseng go se dira le melao ya gagwe. E re ka Jehofa a sa fetoge, re a itse gore o tla re thusa fa go le thata le gore mo nakong e e tlang o tla dira se a se solofeditseng.​—Bala Pesalema 62:6, 7.

9. O ithuta eng mo go se se diragaletseng Tatyana?

9 Go akanyetsa kwa teng ka dinonofo tse Jehofa a nang le tsone le se a ikaeletseng go se dira, go tla re thusa gore re mo tshepe. Go dira jalo go tla dira gore re ritibale le gore re ikanyege mo go ene fa re na le mathata. (Pes. 16:8) Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Tatyana, o ne a dira jalo fa a ne a sa letlelelwe go tswa mo ntlong ka ntlha ya se a se dumelang. A re: “Ke ne ke le nosi fela mo ntlong. Kwa tshimologong go ne go le thata, e bile ke ne ke nna ke kgobegile marapo.” Fa kgaitsadi Tatyana a simolola go akanyetsa kwa teng ka Jehofa le se a ikaeletseng go se dira, o ile a lemoga gore go botlhokwa thata gore a itshokele teko eo. Seo se ile sa mo thusa gore a ritibale le gore a tswelele a ikanyega. A re: “Go gopola gore ke mo boemong jono ka gonne ke direla Jehofa, go ne ga nthusa gore ke se ka ka nnela go akanya ka se se ntiragalelang.”

10. Ke eng se se ka go thusang gore o ikanye Jehofa?

10 Go ise go ye kae, re tla lebana le mathata mme ka nako eo re tla tlhoka go ikaega ka Jehofa go feta le fa e le leng pele. Ka jalo, go botlhokwa thata gore re tshepe Jehofa gone jaanong le gore re itlhatswe pelo gore o tla re naya se re se tlhokang gore re tswelele re ikanyega mo go ene. Ke eng se se ka go thusang gore o dire jalo? Bala dipego tse di mo Baebeleng le maitemogelo a bakaulengwe le bokgaitsadi ba motlha wa rona. Leka go bona gore Jehofa o thusitse batlhanka ba gagwe jang. Go tswa foo, akanyetsa kwa teng ka dipego tseo. Go dira jalo go ka go thusa gore o ikanye Jehofa.

ETSA JEHOFA

11. Goreng re batla go etsa Jehofa? (Bona le lebokoso le le reng, “ Mokgele o Bakaulengwe ba Basha ba ka Ipeelang One.”)

11 Re setse re tlotlile ka dinonofo tse di dirang gore Jehofa a tshwane le lefika. Gone jaanong re tlile go bona gore re ka dira eng go mo etsa. Fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go nna le dinonofo tse Jehofa a nang le tsone, re tla kgona go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi. Ka sekai, Jesu o ne a re Simone ke Kefase (leina leno fa le ranolwa ke “Petere”), mme le kaya “Lefika.” (Joh. 1:42) Jesu o ne a raya gore Petere o ne a tla kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi le gore o ne a tla nonotsha tumelo ya bone. Baebele e a re bagolwane ke “moriti wa lefika le legolo thata.” Seno se raya gore ba sireletsa ba ba mo phuthegong. (Isa. 32:2) Rotlhe mo phuthegong re ka kgothatsana fa re etsa Jehofa.​—Baef. 5:1.

12. Re ka thusa bakaulengwe le bokgaitsadi jang?

12 Thusa ba bangwe ka dinako tsa mathata. Dintwa le masetlapelo a tlholego di ka dira gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba latlhegelwe ke magae a bone. Fa maemo a nna maswe le go feta “mo malatsing a bofelo,” re tla nna le ditshono tse dintsi tsa go ba thusa ka se ba se tlhokang. (2 Tim. 3:1) Gape re ka ba kgothatsa le go ba bontsha gore re a ba rata. Re ka dira jalo ka go bua le bone sentle fa ba le kwa Holong ya Bogosi. E re ka batho ba le bantsi mo lefatsheng ba le setlhogo e bile ba sa dirisane le batho ba bangwe sentle, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna ba ikutlwa ba sa ratiwe. Ka jalo fa ba tla kwa dipokanong, re batla go ba bontsha gore re a ba rata.

13. Bagolwane ba ka thusa ba bangwe jang ka dinako tsa mathata? (Bona le setshwantsho.)

13 Bagolwane ba thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ka dinako tsa mathata. Fa go nna le masetlapelo a tlholego kgotsa maemo mangwe a tsa kalafi, bagolwane ba nna bonako go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi. Gape ba ba kgothatsa ba dirisa Baebele. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla ikutlwa ba phuthologile go kopa thuso mo mogolwaneng yo o bonolo, yo o ba reetsang e bile a leka go tlhaloganya tsela e ba ikutlwang ka yone. Dinonofo tseo di dira gore batho ba bangwe ba ikutlwe ba ratiwa. Ka jalo, go motlhofo gore ba dirise kgakololo epe fela e e tswang mo Baebeleng e mogolwane yoo a ka ba nayang yone.​—1 Bathes. 2:7, 8, 11.

Bagolwane ba kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ka dinako tsa mathata (Bona serapa 13) a


14. O ka dira eng gore ba bangwe ba go tshepe?

14 Ikanyege. Re batla gore batho ba bangwe ba itse gore re tla ba thusa ka dinako tsa mathata. (Diane 17:17) O ka dira eng gore batho ba bangwe ba go tshepe? Dira sotlhe se o ka se kgonang go etsa Jehofa letsatsi le letsatsi. Ka sekai, dira se o se solofeditseng mme o tshware nako. (Math. 5:37) Gape fa o itse gore mongwe o tlhoka thuso, mo thuse. Mo godimo ga moo, fa o neilwe dikabelo dingwe mo phuthegong, latela dikaelo tse o di neilweng.

15. Goreng go le botlhokwa gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba tshepe bagolwane?

15 Go botlhokwa gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba tshepe bagolwane. Fa ba itse gore ba ka bua le bagolwane nako epe fela fa ba tlhoka thuso, seo se dira gore ba se ka ba tlhobaela thata. Gape ba ikutlwa ba ratiwa fa ba itse gore bagolwane ba nna ba ikemiseditse go ba thusa. Fa bagolwane ba dirisa Baebele le dikgatiso tsa rona e seng se ba se akanyang go gakolola ba bangwe mo phuthegong, bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla ba tshepa. Mo godimo ga moo, ba tla ba tshepa le go feta fa ba itse gore ga ba kitla ba bolelela batho ba bangwe dikgang tsa bone le gore ba dira se ba se solofeditseng.

16. Fa re dira se se siameng re tla thusa ba bangwe jang?

16 Dira se se siameng. Fa re ikobela Jehofa mo go sengwe le sengwe e bile re dirisa melaometheo e e mo Baebeleng fa re dira ditshwetso, re tla tlhomela ba bangwe sekao se sentle. Go ithuta Baebele go tla nonotsha tumelo ya rona e bile go tla re thusa gore re ikanyege mo go Jehofa le gore re ikobele melao ya gagwe. Ga re kitla re dira dilo go ya ka dithuto le dikgopolo tsa maaka tse di sa dumalaneng le tsela e Jehofa a akanyang ka yone. (Baef. 4:14; Jak. 1:6-8) Fa re tshepa Jehofa e bile re akanya ka dilo tse a re solofetsang tsone, re tla nna re ritibetse fa re utlwa dilo tse di utlwisang botlhoko. (Pes. 112:7, 8) Gape re tla kgona go thusa batho ba bangwe fa ba na le mathata.​—1 Bathes. 3:2, 3.

17. Bagolwane ba thusa ba bangwe jang mo phuthegong?

17 Bagolwane ba tshwanetse go nna le mekgwa e mentle, ba akanyetse dilo sentle, ba dire dilo ka thulaganyo e bile ba se ka ba nna tlhogoethata. Ba thusa ba bangwe gore ba ritibale le gore ba nne le tumelo e e nonofileng e bile ‘tsela e ba rutang ka yone e e dumalanang ka botlalo le lefoko le le boammaaruri,’ e nonotsha phuthego. (Tito 1:9; 1 Tim. 3:1-3) Fa bagolwane ba etela bakaulengwe le bokgaitsadi, ba ba thusa gore ba nne teng kwa dipokanong le kwa tshimong ka metlha le gore ba ithute ka metlha. Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba na le mathata a a dirang gore ba tlhobaele, bagolwane ba ba gopotsa gore ba ikaege ka Jehofa le gore ba akanye ka dilo tse a re solofetsang tsone.

18. Goreng re batla go baka Jehofa le go atamalana le ene? (Bona le lebokoso le le reng, “ Se se Ka go Thusang go Atamalana le Jehofa.”)

18 E re ka re setse re tlotlile ka dinonofo tsa ga Jehofa tse di kgatlhang, le rona fela jaaka Kgosi Dafide re ka re: “E kete Jehofa, yo e leng Lefika la me, a ka bakwa.” (Pes. 144:1) Jehofa a ka se tsoge a re latlhile. Le fa re ka tsofala, re a itse gore o tla tswelela a re thusa gore re nne re atamalane le ene. Tota e bile, re ka bua re sa kgale mathe ganong re re: “Jehofa . . . ke Lefika la me.”​—Pes. 92:14, 15.

PINA 150 Batlang Jehofa Gore lo Bolokwe

a TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kgaitsadi o kwa Holong ya Bogosi, mme o bua le bagolwane ba le babedi a phuthologile.