Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 23

LUMBO 28 Go Nna Tsala ya ga Jehofa

Ku Kokiwa na Jehova ku Kulu ku be Bezi Babe

Ku Kokiwa na Jehova ku Kulu ku be Bezi Babe

“Bugalo gwangu gowobe nabo, ndowobe Ndzimu wabo.”​—EZE. 37:27.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Setlhogo seno se tla re thusa go tlhaloganya gore go lalediwa mo tenteng ya ga Jehofa go kaya eng le gore o re tlhokomela jang fa re mo etetse.

1-2. Jehova u no kokelani balanda babe ba no thembeka?

 FA MONGWE a ne a ka go kopa gore o mo tlhalosetse gore o atamalane le Jehofa go le kana kang, o ne o ka mo raya wa reng? Gongwe o ne o ka mo raya wa re: “Jehofa ke Rre, Modimo wa me le Tsala ya me.” Gape o ne o ka dirisa mafoko a mangwe go tlhalosa botsala jwa lona. Mme gone, a o ne o itse gore Jehofa o tshwana le motho yo o go laletsang?

2 Kgosi Dafide o tshwantsha Jehofa le motho yo o laletsang mongwe, mme o tshwantsha batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang le batho ba ba laleditsweng. A re: “Jehofa, ke mang yo o ka lalediwang mo tenteng ya gago? Ke mang yo o ka nnang mo thabeng ya gago e e boitshepo?” (Pes. 15:1) Temana eno e re bontsha gore re ka kgona go nna baeng mo tenteng ya ga Jehofa kgotsa ra nna ditsala tsa gagwe. Eno ke tshiamelo e e seng kana ka sepe!

JEHOVA U NO SHAKA KUTI TI BE BEZI BABE

3. Ndi yani wa ka be mwezi wa Jehova we kutanga, ngono Jehova ne mwezi uwe ba ka be be shingidzana chini?

3 Pele ga Jehofa a bopa dilo tsotlhe, o ne a nna a le nosi fela. Mme fa nako e ntse e tsamaya, o ile a bopa Morwawe. Ke ene moeng wa ntlha yo Jehofa a neng a mo laletsa mo tenteng ya gagwe. Baebele e a re Jehofa o ne a rata Morwawe thata. Jesu le ene o ne a “itumela fa pele ga [ga Jehofa] ka dinako tsotlhe.”​—Diane 8:30.

4. Jehova wa ka dwilila e paphidza migathu ye nshasha uwe chini?

4 Go tswa foo, Jehofa o ne a bopa baengele. Le bone o ne a ba laletsa gore e nne baeng ba gagwe. Baebele e bitsa baengele bao e re ke “bomorwa Modimo,” e bile e a re ba itumetse ka gonne ba na le Jehofa. (Jobe 38:7; Dan. 7:10) Go fetile dingwaga di le dintsi ba ba nnang kwa legodimong, e le bone fela ditsala tsa ga Jehofa. Moragonyana, Jehofa o ile a bopa batho gore le bone e nne baeng ba gagwe. Bangwe ba batho bao e ne e le Enoke, Noa, Aborahame le Jobe. Baebele e a re e ne e le ditsala tsa ga Jehofa ka gonne ba ne ba mo ikobela.​—Gen. 5:24; 6:9; Jobe 29:4; Isa. 41:8.

5. Ti nga zwidiyani mu buporofiti gu mu na Ezekieli 37:26, 27?

5 Fa e sa le ka nako eo, Jehofa o ntse a laletsa ditsala tsa gagwe gore e nne baeng mo tenteng ya gagwe. (Bala Esekiele 37:26, 27.) Ka sekai, boporofeti jwa ga Esekiele bo re ruta gore Jehofa o batla gore batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba atamalane le ene. O solofetsa gore o tla dira “kgolagano ya kagiso le bone.” Seo se a direga gone jaanong, ka gonne Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong le ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng, ba dira mmogo mo tenteng ya ga Jehofa e le “letsomane le le lengwe.”​—Joh. 10:16.

NDZIMU U NO TI THOKOMELA PANGWE NE PANGWE PA TI LI PO

6. Nthu u nga be mwezi mu nshasha wa Jehova chini, ngono nshasha Uwe u no bongwa ngayi?

6 Ka motlha wa go kwalwa ga Baebele, tente e ne e le lefelo le motho a neng a ka ikhutsa mo go lone le go iphitlhela maemo a bosa a a sa jeseng diwelang. Fa motho a ne a laleditswe mo tenteng eo, o ne a itse gore o tlile go tlhokomelwa a bo a newa se a se tlhokang. Fa re ineela mo go Jehofa, re tsena mo tenteng ya gagwe. (Pes. 61:4) Fa re le moo, re newa sengwe le sengwe se re se tlhokang gore botsala jwa rona le Jehofa bo nne bo nonofile. Mo godimo ga moo, re itumelela go tsalana le batho ba bangwe ba Jehofa a ba laleditseng. Tente eno ga e mo lefelong le le lengwe fela. Gongwe o kile wa ya kwa kopanong e e kgethegileng kwa nageng e nngwe. Ga go pelaelo gore o ile wa kopana le batho ba bangwe ba ba itumelelang go nna mo tenteng ya ga Jehofa. Ka jalo, tente ya ga Jehofa e ka fitlhelwa gongwe le gongwe kwa batho ba ga Jehofa ba leng gone.​—Tshen. 21:3.

7. Ini ku ngayi bathu ba ka fa be thembeka ba chi bezi mu nshasha wa Jehova? (Bona itshwantsho.)

7 Mme go tweng ka batlhanka ba ga Jehofa ba ba tlhokafetseng? A ba sa ntse ba le mo tenteng ya ga Jehofa? Ee. Goreng re rialo? Ka gonne Jehofa o sa ntse a ba gakologelwa. Jesu o ne a re: “Mo pegong ya setlhatshana se se mmitlwa, Moshe le ene o ne a bua ka kgang ya gore baswi ba tla tsosiwa fa a ne a bitsa Jehofa a re ke ‘Modimo wa ga Aborahame le Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe.’ Ga se Modimo wa baswi mme ke wa batshedi, ka gonne botlhe ba a tshela mo go ene.”​—Luke 20:37, 38.

Tota le batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba tlhokafetseng, ba sa ntse ba le mo tenteng ya gagwe (Bona serapa 7)


TI NA CHI NGA TI BATSHA NE KU ZWIDABILILA

8. Bezi ba Jehova ba no batshiwa chini ne ku be mu nshasha Uwe?

8 Fela jaaka tente e le lefelo le motho a ka ikhutsang mo go lone kgotsa a iphitlhela maemo a bosa a a maswe, tente ya ga Jehofa le yone e sireletsa batho ba Jehofa a ba laleditseng. E ba sireletsa mo go sengwe le sengwe se se ka senyang botsala jwa bone le ene e bile e ba naya tsholofelo e e itumedisang ka bokamoso. Fa re nna re atamalane le Jehofa, Satane ga a ka ke a re utlwisa botlhoko go ya go ile. (Pes. 31:23; 1 Joh. 3:8) Kwa lefatsheng le lesha, Jehofa o tla tswelela a sireletsa ditsala tsa gagwe tse di ikanyegang gore go se ka ga nna le sepe se se senyang botsala jwa gagwe le bone, e bile ga ba kitla ba swa.​—Tshen. 21:4.

9. Jehova u no shaka kuti bezi babe ba zwibate chini?

9 Ke tshiamelo e kgolo tota go nna mo tenteng ya ga Jehofa, e bile re ka itumelela go nna tsala ya gagwe go ya go ile. Mme gone, re tshwanetse go dira eng gore re tswelele re le mo go yone? E re ka re itse gore moeng o naka di maripa, fa mongwe a ne a ka go laletsa kwa ntlong ya gagwe ga go pelaelo gore o ne o tla itshwara sentle. Ka sekai, a re re o go kopa gore o role ditlhako pele ga o tsena mo ntlong. O ne o tla dira eng? Nnete ke gore o ne o tla di rola. Ka tsela e e tshwanang, re batla go dira sengwe le sengwe se Jehofa a batlang gore re se dire gore re tswelele re le baeng ba gagwe. Tsela e re ratang Jehofa ka yone e re tlhotlheletsa gore re dire sotlhe se re ka se kgonang gore re mo ‘itumedise.’ (Bakol. 1:10) Re tshwanetse go nna re gopotse gore le fa Jehofa e le Tsala ya rona, gape ke Modimo wa rona e bile ke Rraarona, ka jalo re tshwanetse go mo tlotla. (Pes. 25:14) Go dira jalo go tla re thusa gore re se ka ra dira dilo tse di sa mo itumediseng. Re batla go ‘tsamaya le Modimo wa rona re le boingotlo.’​—Mik. 6:8.

KU LIZALIZANYA ZWITHU KWA JEHOVA PAKATI KWE SHANGO

10-11. Ku shingidzana kwa Jehova ne Baiziraele pakati kwe shango ye Sinai kwa ka lakidza chini kuti u no lizalizanya zwithu?

10 Jehofa o tshwara baeng ba gagwe ka go lekana. (Bar. 2:11) Re bona seo mo tseleng e a ileng a dirisana le Baiseraele ka yone kwa nageng ya Sinai.

11 Fa Jehofa a sena go golola batho ba gagwe kwa Egepeto, o ile a tlhoma baperesiti gore ba direle kwa motlaaganeng. Gape o ile a naya Balefi dikabelo tse dingwe mo motlaaganeng. A Jehofa o ne a tlhokomela fela ba ba neng ba direla mo motlaaganeng kgotsa ba ba neng ba nna gaufi le one? Nnyaa. Jehofa o tshwara batho ka go lekana.

12. Jehova wa ka lizalizanya zwithu chini mu chibaka cha a ka be e amuchila ichaba che Iziraele? (Ekezodo 40:38) (Bona itshwantsho.)

12 Moiseraele mongwe le mongwe o ne a ka kgona go atamalana le Jehofa, a ka tswa a ne a direla mo motlaaganeng, a nna gaufi le one kgotsa kgakala le one. Ka sekai, Jehofa o ne a netefatsa gore mongwe le mongwe wa bone o kgona go bona pilara ya leru le pilara ya molelo e e neng e le fa godimo ga motlaagana. (Bala Ekesodo 40:38.) Fa leru le simolola go suta, ba ba neng ba le kgakala le motlaagana le bone ba ne ba kgona go le bona ba bo ba simolola go phutha dithoto tsa bone le go tlhatlhamolola ditente gore ba kgone go tsamaya le batho ba bangwe. (Dipa. 9:15-23) Batho botlhe ba ne ba kgona go utlwa modumo wa diterompeta tse pedi tse di neng di ba tsibosa gore ke nako ya go tsamaya. (Dipa. 10:2) Ka jalo, go nna gaufi le motlaagana go ne go sa reye gore motho o atamalane thata le Jehofa go gaisa batho ba ba neng ba nna kgakala le one. Go na le moo, Moiseraele mongwe le mongwe o ne a ka nna tsala ya ga Jehofa a bo a tlhatswega pelo gore o ne a tla mo kaela le go mo sireletsa. Le rona gompieno, re a itse gore Jehofa o a re rata, o a re tlhokomela e bile o a re sireletsa.

Motlaagana o o neng o le fa gare ga kampa o bontsha gore Jehofa o tshwara batho ka go lekana (Bona serapa 12)


BAYEDZI BA NGWENU BA NO LIZALIZANYA ZWITHU SA JEHOVA

13. Zila ingwe Jehova ya a no lizalizanya zwithu nayo ngwenu ndi ipi?

13 Bangwe ba batlhanka ba ga Jehofa ba nna gaufi le ntlokgolo ya lefatshe lotlhe kgotsa gaufi le ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa. Ba bangwe ba direla mo mafelong ano. Ka jalo, ba kgona go thusa mo ditirong tse dintsi tse di dirwang mo go one e bile ba kopana le ba ba eteletseng pele. Ba bangwe bone ke balebedi ba ba etang kgotsa ba mo tirelong nngwe e e kgethegileng ya nako e e tletseng. Fa e le gore ga o na tshiamelo epe ya tse re tlotlileng ka tsone, itse gore Jehofa o a go rata, o go tsaya o le tsala ya gagwe e bile o tla go tlhokomela. (1 Pet. 5:7) Jehofa o kaela batlhanka ba gagwe botlhe, o ba naya dilo tse di ka ba thusang gore ba tswelele ba atamalane le ene e bile o a ba sireletsa.

14. I zila ingwe ipi Jehova ya a no lizalizanya zwithu ha e Amuchila bathu?

14 Sengwe gape se se re bontshang gore Jehofa o tshwara batho ka go lekana ke gore o dirile gore batho botlhe mo lefatsheng ba kgone go bala Baebele. Dipuo tsa ntlha tse tharo tse Baebele e kwadilweng ka tsone ke Sehebera, Searamaika le Segerika. A seno se raya gore batho ba ba kgonang go bala Baebele ka dipuo tseno ba atamalane le Jehofa go gaisa ba ba sa kgoneng go e bala ka tsone? Nnyaa, ga go a nna jalo.​—Math. 11:25.

15. I busupi gupi gu no lakidza kuti Jehova u no lizalizanya zwithu? (Bona itshwantsho.)

15 Jehofa ga a laletse fela batho ba ba rutegileng kgotsa ba ba itseng go bala Baebele ka dipuo tse e neng e kwadilwe ka tsone la ntlha gore e nne ditsala tsa gagwe. Go na le moo, o naya mongwe le mongwe mo lefatsheng botlhale jwa gagwe. O dirile gore Baebele e ranolwe ka dipuo di le dintsi. Ka jalo, e ka tswela batho botlhe mo lefatsheng mosola ka gonne ba ka kgona go e bala le go ithuta gore ba tshwanetse go dira eng gore ba atamalane le Jehofa.​—2 Tim. 3:16, 17.

Baebele e ranotswe ka dipuo di le dintsi. Goreng seno se bontsha gore Jehofa o tshwara batho ka go lekana? (Bona serapa 15)


IBE NTHU U NO “AMUCHIGWA” NA JEHOVA

16. Ku yenda na Mishingo 10:34, 35, ti nga dwilila ti amuchigwa na Jehova chini?

16 Go lalediwa ke Jehofa ke tshiamelo e e seng kana ka sepe. Ga go na ope yo o pelonomi, yo o lorato le yo o amogelang baeng jaaka ene. Mo godimo ga moo, Jehofa o tshwara batho botlhe ka go lekana. O amogela batho botlhe mo tenteng ya gagwe go sa kgathalesege gore ba nna kae, ba godisitswe jang, ba rutegile kgotsa ga ba a rutega, ke ba lotso lofe le ba morafe ofe, ba na le dingwaga di le kae le gore a ke banna kgotsa basadi. Mme gone, Jehofa o amogela fela batho ba ba mo ikobelang.​—Bala Ditiro 10:34, 35.

17. Ti nga bona ngayi zibiso ya ka paphidzika ne kwe ku be mwezi mu nshasha wa Jehova?

17 Mo go Pesalema 15:1, Dafide o ne a botsa jaana: “Jehofa, ke mang yo o ka lalediwang mo tenteng ya gago? Ke mang yo o ka nnang mo thabeng ya gago e e boitshepo?” Jehofa o ile a dirisa Dafide go araba dipotso tseo. Mo setlhogong se se latelang, re tla tlotla ka dingwe tsa dilo tse re tshwanetseng go di dira gore re itumedise Jehofa le gore re tswelele re le ditsala tsa gagwe.

LUMBO 32 Nna ka fa Letlhakoreng la ga Jehofa!