Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 24

PINA 24 Tlang mo Thabeng ya ga Jehofa

Nnela Ruri mo Tenteng ya ga Jehofa!

Nnela Ruri mo Tenteng ya ga Jehofa!

“Jehofa, ke mang yo o ka lalediwang mo tenteng ya gago?”​—PES. 15:1.

SE GO BUIWANG KA SONE

Setlhogo seno se tlile go re thusa go tlhaloganya gore re tshwanetse go dira eng gore re tswelele re atamalane le Jehofa, le gore o batla gore re dirisane jang le ditsala tsa gagwe.

1. Pesalema 15:1-5 e re thusa jang?

 MO SETLHOGONG se se fetileng, re ithutile gore Jehofa o laletsa batho ba ba ineetseng mo go ene e bile ba tswelela e le ditsala tsa gagwe gore ba tsene mo tenteng ya gagwe. Mme gone, re tshwanetse go dira eng gore Jehofa a re amogele? Pesalema 15 e re bolelela se re tshwanetseng go se dira gore re nne ditsala tsa ga Jehofa.​—Bala Pesalema 15:1-5.

2. Dafide a ka tswa a ne a akantse ka eng fa a ne a bua ka tente ya ga Jehofa?

2 Pesalema 15 e simolola ka mafoko a a reng: “Jehofa, ke mang yo o ka lalediwang mo tenteng ya gago? Ke mang yo o ka nnang mo thabeng ya gago e e boitshepo.” (Pes. 15:1) Fa Dafide a ne a bua ka ‘tente,’ a ka tswa a ne a akantse ka motlaagana o o neng o le kwa Gibeone ka nakwana. Gape fa Dafide a ne a bua ka ‘thaba e e boitshepo,’ a ka tswa a ne a bua ka Thaba ya Siona e e kwa Jerusalema. Thaba eo e ne e le dikilometara di le mmalwa go tswa kwa Gibeone. Dafide o ne a tlhoma tente a bo a tsenya letlole la kgolagano mo go yone, mme le ne la nna koo go fitlha ka nako ya fa tempele e agiwa.​—2 Sam. 6:17.

3. Goreng re tshwanetse go tlhaloganya Pesalema 15? (Bona le setshwantsho.)

3 Gone ke boammaaruri gore Baiseraele ba le bantsi ba ne ba sa direle kwa motlaaganeng, e bile ke ba le mmalwa fela ba ba neng ba tsena kwa tenteng kwa go neng go beilwe letlole la kgolagano gone. Le fa go ntse jalo, batlhanka botlhe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ka tswelela e le ditsala tsa gagwe. Tota re batla go dira jalo. Pesalema 15 e re bolelela se re tshwanetseng go se dira gore re tswelele re le ditsala tsa ga Jehofa.

Go ne go le motlhofo gore Baiseraele ba ba neng ba tshela mo motlheng wa ga Dafide ba akanye ka motho yo o lalediwang mo tenteng ya ga Jehofa (Bona serapa 3)


TSHELA O SE NA MOLATO, O DIRA SE SE SIAMENG

4. Re itse jang gore go kolobediwa ga se gone fela go dirang gore Jehofa a re amogele? (Isaia 48:1)

4 Mo go Pesalema 15:2, tsala ya ga Jehofa e tlhalosiwa e le motho “yo o tshelang a se na molato, yo o dirang se se siameng.” Seo ke se re tshwanetseng go tswelela re se dira. Mme gone, a tota re ka kgona go ‘tshela re se na molato’? Ee, re ka kgona. Le fa re na le boleo, Jehofa o re tsaya re ‘tshela re se na molato’ fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go mo ikobela. Fa re ineela mo go ene re bo re kolobediwa, re simolola go tshela ka melao ya ga Jehofa. Ka sekai, mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele, motho o ne a sa amogelwe mo tenteng ya ga Jehofa fela ka gonne e le Moiseraele. Bangwe ba ne ba goela kwa go Jehofa mme “e se ka boammaaruri le ka tshiamo.” (Bala Isaia 48:1.) Ka jalo, fa Baiseraele ba ne ba batla gore Jehofa a ba amogele mo tenteng ya gagwe, ba ne ba tshwanetse go ithuta melao ya gagwe le go e ikobela. Ka tsela e e tshwanang, fa re batla gore Jehofa a re amogele, ga re a tshwanela go kgotsofalela fela gore re kolobeditswe le gore re Basupi ba ga Jehofa. Gape re tshwanetse go ‘dira se se siameng.’ Re ka dira seo jang?

5. Go ikobela Jehofa mo go sengwe le sengwe se re se dirang go kaya eng?

5 Fa re ya dipokanong ka metlha kwa Holong ya Bogosi, Jehofa o re tsaya re ‘tshela re se na molato’ e bile ‘re dira se se siameng.’ (1 Sam. 15:22) Mme gape re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go ikobela Modimo mo go sengwe le sengwe se re se dirang le fa re sa bonwe. (Diane 3:6; Mor. 12:13, 14) Re tshwanetse go dira jalo tota le mo dilong tse go lebegang di sa re sepe. Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore re rata Jehofa, mme le ene o tla re rata fela thata.​—Joh. 14:23; 1 Joh. 5:3.

6. Go ya ka Bahebera 6:10-12, ke eng se se botlhokwa thata go feta dilo tse dintle tse re di dirileng mo nakong e e fetileng?

6 Jehofa o itumelela dilo tse dintle tse re mo diretseng tsone mo nakong e e fetileng. Mme gone, dilo tseo ga se tsone fela tse di ka dirang gore re tswelele re le mo tenteng ya ga Jehofa. Re kgona go bona seo mo go Bahebera 6:10-12. (E bale.) Ditemana tseo di re bolelela gore Jehofa ga a lebale dilo tse dintle tse re mo diretseng tsone mo nakong e e fetileng. Le fa go ntse jalo, o batla gore re tswelele re mo direla ka pelo yotlhe “go fitlha fela kwa bokhutlong.” O tla tswelela e le tsala ya rona “fa re sa lape.”​—Bagal. 6:9.

BUA BOAMMAARURI MO PELONG YA GAGO

7. Go bua boammaaruri mo pelong go kaya eng?

7 Motho yo o batlang gore Jehofa a mo amogele, o tshwanetse go “bua boammaaruri mo pelong ya gagwe.” (Pes. 15:2) Seno ga se reye fela gore ga re kitla re bua maaka. Gape Jehofa o batla gore re ikanyege mo go sengwe le sengwe se re se buang le se re se dirang. (Baheb. 13:18) Seo se botlhokwa ka “gonne Jehofa o tlhoile motho yo o tsietsang, mme ke tsala e kgolo ya batho ba ba siameng.”​—Diane 3:32.

8. Ke eng se re sa batleng go se dira?

8 Batho ba ba ‘buang boammaaruri mo dipelong tsa bone’ ga ba ikobele Modimo fela fa batho ba bangwe ba ba bona, mme ba bo ba dira dilo tse di sa siamang fa ba sa bonwe. (Isa. 29:13) Ga ba tsietse, ka gonne motho yo o tsietsang o akanya gore melao ya ga Jehofa ga e re tswele mosola ka metlha. (Jak. 1:5-8) A ka nna a se ka a ikobela melao ya ga Jehofa mo dilong tse a akanyang gore ga di botlhokwa thata. Fa go se na sepe se se bosula se se mo diragalelang ka gonne a sa ikobele melao ya ga Jehofa, a ka nna a dira dilo tse di bosula go feta tseo. Le fa a ka tswa a akanya gore o direla Jehofa, Jehofa ga a kitla a amogela kobamelo eo ya gagwe. (Mor. 8:11) Mme rona re batla go ikanyega mo dilong tsotlhe.

9. Go ne ga direga eng fa Jesu a kopana le Nathanaele lekgetlo la ntlha, mme re ithuta eng? (Bona le setshwantsho.)

9 Go botlhokwa thata gore re bue boammaaruri mo dipelong tsa rona. Re bona seo mo go se se ileng sa direga fa Filipo a ne a kopanya tsala ya gagwe e bong Nathanaele le Jesu. Le fa gone e ne e le lekgetlo la ntlha Jesu a kopana le Nathanaele, o ile a re: “Bona Moiseraele tota, yo go se nang boferefere bope mo go ene.” (Joh. 1:47) Jesu o ne a itse gore barutwa ba bangwe ba gagwe ba a ikanyega, mme gone o ile a re Nathanaele o ne a ikanyega tota. Fela jaaka Nathanaele, le rona re na le boleo. Mme se se kgatlhang ke gore Nathanaele o ne a sa itire se a seng sone. Go na le moo, o ne a ikanyega mo dilong tsotlhe. Seo se ne sa dira gore Jesu a mo rate a bo a mo akgole. Boammaaruri ke gore le rona re ka batla gore Jesu a re akgole.

Fa Jesu a bona Nathanaele lekgetlo la ntlha o ne a re: “Ga go na tsietso mo go ene.” A go ka buiwa se se tshwanang le ka rona? (Bona serapa 9)


10. Goreng re tshwanetse go nna kelotlhoko ka se re se buang? (Jakobe 1:26)

10 Bontsi jwa dilo tse Pesalema 15 e tlhalosang gore re tshwanetse go di dira, di amana le tsela e re dirisanang le ba bangwe ka yone. Ka sekai, Pesalema 15:3 e a re motho yo o mo tenteng ya ga Jehofa ga a “senye batho maina, ga a direle moagelani wa gagwe sepe se se bosula, e bile ga a bue maaka ka ditsala tsa gagwe.” Fa re senya batho ba bangwe maina, re ka ba utlwisa botlhoko thata e bile re ka nna ra se ka ra tlhola re amogelwa mo tenteng ya ga Jehofa.​—Bala Jakobe 1:26.

11. Go senya batho maina go kaya eng, mme go ka direga eng ka motho yo o senyang batho maina e bile a sa ikwatlhaye?

11 Mokwadi wa pesalema a re re se ka ra senya batho maina. Go senya batho maina go kaya eng? Go kaya go bua maaka ka motho yo mongwe, mme seo se bo se dira gore batho ba bangwe ba se ka ba tlhola ba mo tlotla. Fa motho a senya batho maina e bile a sa ikwatlhaye, a ka nna a se ka a tlhola a tshwanelega go nna Mosupi wa ga Jehofa.​—Jer. 17:10.

12-13. Ke maemo afe a a ka dirang gore re bue maaka ka ditsala tsa rona re sa ikaelela? (Bona le setshwantsho.)

12 Gape Pesalema 15:3 e re gopotsa gore motho yo o mo tenteng ya ga Jehofa, ga a direle moagelani wa gagwe sepe se se bosula e bile ga a bue maaka ka ditsala tsa gagwe. Re ka bua maaka jang ka ditsala tsa rona?

13 Re ka dira jalo fa re bua dilo tse di seng boammaaruri ka bone. Ka sekai: (1) kgaitsadi a ka nna a tlogela go nna mmulatsela, (2) banyalani ba ka tswa kwa Bethele, kgotsa (3) mokaulengwe a ka nna a se ka a tlhola a nna mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi. Go tla bo go sa siama go bolelela batho ba bangwe gore seno se diregile ka gonne bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba dirile sengwe se se sa siamang. Go ka tswa go na le mabaka mangwe a re sa a itseng. Mo godimo ga moo, motho yo o mo tenteng ya ga Jehofa, “ga a direle moagelani wa gagwe sepe se se bosula, e bile ga a bue maaka ka ditsala tsa gagwe.”

Go motlhofo go bua maaka ka batho ba bangwe, mme seo se ka ba senya maina (Bona serapa 12-13)


TLOTLA BA BA BOIFANG JEHOFA

14. A tsala ya ga Jehofa e ‘amogela ope fela yo o dirang dilo tse di bosula’? Tlhalosa.

14 Pesalema 15:4 e tlhalosa gore motho yo e leng tsala ya ga Jehofa ga “a amogele ope fela yo o dirang dilo tse di bosula.” Re ka itse jang gore motho o dira dilo tse di bosula? Ga re ka ke ra re motho o dira dilo tse di bosula re ikaegile ka se re se akanyang kgotsa se re se ratang. Goreng re rialo? Ka gonne re na le boleo. Ka jalo, re ka nna ra rata batho ba go leng motlhofo go tlwaelana le bone re bo re sa rate ba bangwe ka gonne ba re sera. Mme gone, ga re a tshwanela go amogela batho ba Jehofa a reng ba ‘dira dilo tse di bosula.’ (1 Bakor. 5:11) Bangwe ba batho bao ga ba ikwatlhaele dilo tse di bosula tse ba di dirang, ga ba tlotle se re se dumelang e bile ba batla go senya botsala jwa rona le Jehofa.​—Diane 13:20.

15. Re ka bontsha jang gore re tlotla “ba ba boifang Jehofa”?

15 Gape Pesalema 15:4 e a re re ‘tlotle ba ba boifang Jehofa.’ Ka jalo, re tshwanetse go batla ditsela tse re ka bontshang ka tsone gore re tlotla ditsala tsa ga Jehofa. (Bar. 12:10) Re ka dira seo jang? Pesalema 15:4 e a re motho yo o mo tenteng ya ga Jehofa “o diragatsa se a se solofeditseng, tota le fa seo se dira gore dilo di se ka tsa mo tsamaela sentle.” Fa motho a sa dire se a se solofeditseng, seo se ka utlwisa batho ba bangwe botlhoko. (Math. 5:37) Ka sekai, Jehofa o lebeletse gore banna le basadi ba dire se ba se solofeditseng fa ba ne ba nyalana, gape o batla gore batsadi ba dire se ba se solofetsang bana ba bone. E re ka re rata Jehofa le batho ba bangwe, re tla leka ka natla go dira se re se solofeditseng.

16. Re ka bontsha jang gape gore re tlotla ditsala tsa ga Jehofa?

16 Gape re ka bontsha gore re tlotla ditsala tsa ga Jehofa ka go amogela baeng le go abela ba bangwe. (Bar. 12:13) Fa re fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi ka dinako tse dingwe, e seng kwa dipokanong le kwa bodireding fela, re tla atamalana le bone le Jehofa. Mo godimo ga moo, fa re amogela baeng re etsa Jehofa.

O SE KA WA RATA MADI

17. Goreng Pesalema 15 e bua ka madi?

17 Motho yo o mo tenteng ya ga Jehofa “ga a adimise madi a gagwe ka morokotso, e bile ga a tseye pipamolomo gore a latofatse batho ba ba se nang molato.” (Pes. 15:5) Goreng Pesalema eno e bua ka madi? Ka gonne fa re rata madi a ka nna botlhokwa thata mo go rona go feta batho le Modimo. (1 Tim. 6:10) Ka motlha wa go kwalwa ga Baebele, Baiseraele bangwe ba ne ba sa dirisane sentle le Baiseraele ba bangwe ba ba neng ba humanegile. Ba ne ba batla madi a a neng a feta a ba neng ba ba adimile one. Gape baatlhodi bangwe ba ne ba tsaya pipamolomo e bile ba ne ba atlhola batho ba bangwe ka tsela e e sa siamang. Mekgwa eo ga e itumedise Jehofa.​—Esek. 22:12.

18. Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife? (Bahebera 13:5)

18 Go botlhokwa thata gore re itshekatsheke gore a re rata madi. Ipotse go re: “A ke nna fela ke akanya ka madi le dilo tse ke batlang go di reka? Fa ke adimilwe madi, a ke tsaya nako e telele go a busa ke ipolelela gore motho yo o nkadimileng one ga a a tlhoke? A go nna le madi go dira gore ke itseye ke le botoka go gaisa batho ba bangwe? A go thata gore ke abele batho ba bangwe dilo? A ke akanya gore fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba na le madi a mantsi ba rata madi go feta Jehofa? A ke batla go itsalanya le batho ba ba humileng ke bo ke kgaphela ba ba humanegileng kwa thoko?” Go botlhokwa thata gore re ipotse dipotso tseno ka gonne re laleditswe mo tenteng ya ga Jehofa. Ka jalo, gore re tswelele re le mo go yone, ga re a tshwanela go rata madi. Boammaaruri ke gore fa re sa rate madi, Jehofa ga a kitla a re tlogela.​—Bala Bahebera 13:5.

JEHOFA O RATA DITSALA TSA GAGWE

19. Goreng Jehofa a batla gore re dire dilo tsotlhe tse re tlotlileng ka tsone mo go Pesalema 15?

19 Mafoko a bofelo a Pesalema 15 a re: “Ope fela yo o dirang dilo tseno ga a kitla a kgopiwa.” (Pes. 15:5) Temana eno e tlhalosa lebaka la go bo Jehofa a batla gore re dire dilo tsotlhe tse re tlotlileng ka tsone mo Pesalemeng eno. O batla gore re itumele. Ka jalo, fa re dira se Jehofa a batlang gore re se dire, re itumelela botshelo e bile o a re sireletsa.​—Isa. 48:17.

20. Batho ba Jehofa a ba laletsang mo tenteng ya gagwe ba tla itumelela eng?

20 Batho ba Jehofa a ba laletsang mo tenteng ya gagwe ba tla itumelela botshelo mo nakong e e tlang. Bakeresete ba ba tloditsweng ba tla ya kwa ‘mafelong a go nniwang mo go one a le mantsi’ a Jesu a ba baakanyeditseng one kwa legodimong. (Joh. 14:2) Ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, ba lebile pele go bona Tshenolo 21:3 e diragadiwa. Ruri ke tshiamelo e e seng kana ka sepe go bo re lalediwa go nnela ruri mo tenteng ya ga Jehofa!

PINA 39 Itirele Leina le le Molemo le Modimo