Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SIERRA LEONE LE GUINEA

Ba ne Ba Mmitsa “Bible” Brown

William R. Brown

Ba ne Ba Mmitsa “Bible” Brown
  • O TSHOTSWE KA 1879

  • O KOLOBEDITSWE KA 1908

  • DINTLHA KA GA GAGWE O ne a etelela tiro ya go rera pele fa e ne e simolola kwa Afrika Bophirima.

NAKO nngwe fa William a ntse a bereka mo kagong ya Panama Canal ka 1907, o ne a kopana le mongwe a neetse thero mo mmileng e bong Isaiah Richards, yo e neng e le Moithuti wa Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Puo ya ga Richards e ne e theilwe mo setshwantshong sa “Chart of the Ages” se se neng se dirisiwa go tlhalosa maikaelelo a Modimo. Ka bonako fela William o ne a amogela boammaaruri a bo a boela gae kwa Jamaica gore a ye go bolelela mmaagwe le kgaitsadie ka jone. Fa nako e ntse e ile, le bone ba ne ba nna Baithuti ba Baebele.

Mokaulengwe Brown o ne a direla ka lobakanyana kwa Panama City, Panama. Fa a le koo, o ne a kopana le Evander J. Coward, moemedi yo o etang wa Baithuti ba Baebele yo o neng a etetse Panama a le mo loetong lwa go tsamaya a neela dithero. Coward e ne e le sebui se se matlhagatlhaga e bile a bua monate mme batho ba ne ba tla ka bontsi ba tla go mo reetsa. Fa a lemoga gore William o ne a tlhagafaletse boammaaruri, o ne a mo laletsa gore a tsamaye le ene mo loetong lwa go rera kwa Trinidad.

Mo dingwageng di ka nna lesome morago ga foo, William o ne a tsamaya go ralala West Indies e le mmulatsela e bile a nonotsha ditlhopha tse dinnye. Ka 1920, o ne a nyala kgaitsadi yo o ikanyegang wa Mokeresete e bong Antonia. Malatsi a le mabedi morago ga lenyalo la bone, William le Antonia ba ne ba tsamaya ka sekepe go ya setlhaketlhakeng se sennye sa Montserrat kwa Leeward Islands, mme ba ne ba tshotse “Photo-Drama of Creation”—thulaganyo e e theilweng mo Baebeleng ya dikarolo tse nnè ya ditshwantsho tsa baesekopo le diselaete. Gape ba ne ba rera kwa ditlhaketlhakeng tsa Barbados, Dominica le Grenada. Ba ne ba itumelela go direla Jehofa mo malatsing a bone a ntlha morago ga lenyalo.

Morago ga dingwaga di le pedi William o ne a kwalela Joseph F. Rutherford, yo o neng a okametse tiro ya batho ba ga Jehofa ka nako eo, a re: “Jehofa o nthusitse gore ke rere le go dira barutwa mo bontsing jwa Ditlhaketlhake Tsa Caribbean. A ke di boeletse gape?” Morago ga malatsi a se kae Mokaulengwe Rutherford o ne a mo araba jaana: “Ya kwa Sierra Leone, Afrika Bophirima, wena le mosadi wa gago le ngwana.”

Mo dingwageng tse 27 tse Mokaulengwe Brown a di diretseng kwa Afrika Bophirima a na le lelapa la gagwe, o ne a sa rate go bereka mo ofising. O ne a rata go tswa a ya go rera. E re ka a ne a gatelela botlhokwa jwa Baebele, batho ba ne ba simolola go mmitsa “Bible” Brown.

Ka 1950, fa William Brown a ne a na le dingwaga di le 71, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba boela kwa Jamaica go ya go nna babulatsela teng. William o ne a tswelela e le mmulatsela go fitlha a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka 1967. Ruri o ne a rata bobulatsela! O ne a bo tsaya e le nngwe ya ditshiamelo tse dikgolo thata tse motho a ka nnang le tsone.