Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SIERRA LEONE LE GUINEA

“E Tla re Ngwaga o Wela O bo O Tlhokafetse”

Zachaeus Martyn

“E Tla re Ngwaga o Wela O bo O Tlhokafetse”
  • O TSHOTSWE KA 1880

  • O KOLOBEDITSWE KA 1942

  • DINTLHA KA GA GAGWE O simolotse bobulatsela a na le dingwaga di le 72

ZACHAEUS ga a ise a ke a ithute Baebele le ope. Mme morago ga gore a bale buka ya Salvation le ya The Harp of God, o ne a itse gore o bone boammaaruri.

Ka makuku a moso mongwe wa Sontaga ka 1941, Zachaeus o ne a ya pokanong ya Basupi lekgetlo la ntlha mme e ne e le sekgala sa dikilometara di le robedi e bile a tshwanelwa ke go tsamaya mo mokgokoloseng wa thaba. E re ka a ne a sa itse gore dipokano di tla simolola nako mang, o ne a goroga diura di le mmalwa pele ga nako. Zachaeus o ne a nna mme a letela bakaulengwe gore ba goroge. Fa a sena go tla dipokanong tsa Sontaga gararo kwa Holong ya Bogosi, o ne a bolelela ba Kereke ya Anglican gore ba mo phimole mo lenaaneng la maloko a yone.

Tsala nngwe ya gagwe e e neng e tsena kereke eo, e ne ya mo kgalema e re, “Monnamogolo, fa o ka tswelela o tsamaya dikilometara tse robedi tseno o tlhatloga le go fologa thaba o ya kwa holong ya batho bale, e tla re ngwaga o wela o bo o tlhokafetse.” O ne a lebelela Zachaeus a ntse a tlhatloga le go fologa thaba gabedi ka beke ka dingwaga di le tlhano. Mme tsala eo e ne ya tlhokafala! Go ne ga feta dingwaga di le 25 mme Zachaeus o ne a sa ntse a ikutlwa a na le maatla.

Zachaeus o ne a direla Jehofa ka boikanyegi go fitlha a tlhokafala a na le dingwaga di le 97.