Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SIERRA LEONE LE GUINEA

Jehofa O ne A Nkakatlolola

Jay Campbell

Jehofa O ne A Nkakatlolola
  • O TSHOTSWE KA 1966

  • O KOLOBEDITSWE KA 1986

  • DINTLHA KA GA GAGWE O kile a tshwarwa ke pholio mme o ne a nna mmulatsela wa ka metlha.

KE GODILE ke golafetse go tswa mo lothekeng go ya kwa tlase, mme ke ne ke nna mo jarateng nngwe kwa Freetown le Mmè mmogo le malapa a mangwe a a humanegileng. E re ka ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong e bile ke boifa gore batho ba ba sa nkitseng ba tla nteba jang, ke dule mo jarateng gangwe fela mo dingwageng di le 18.

Fa ke ne ke na le dingwaga di le 18, Mosupi mongwe wa morongwa e bong Pauline Landis o ne a tla kwa lapeng a bo a re o tla nthuta Baebele. Fa ke bolelela Pauline gore ga ke itse go bala le go kwala, o ne a re le gone o tla go nthuta. Ka jalo, ke ne ka dumela.

Ke ne ke itumelela se ke neng ke se ithuta mo Baebeleng. Letsatsi lengwe ke ne ka botsa Pauline gore a nka ya pokanong ya phuthego e e neng e tsenela mo legaeng le le neng le se kgakala le kwa lapeng. Ke ne ka re, “Ke tla ya teng ka dipolanka tsa me tse ke di dirisang go tsamaya.”

Fa Pauline a ne a tla go ntsaya, Mmè le baagelani ba rona ba ne ba ntebelela ba tshogile. Ke ne ka tsaya dipolanka tse ke tsamayang ka tsone mme ka ikgoromeletsa kwa pele gore ke di tlhome fa fatshe. Go tswa foo ke ne ka ikgoletsa ke fetela kwa pele ga dipolanka tseo. Fa ke ntse ke tsamaya go ralala jarata, baagelani ba rona ba ne ba goa Pauline ba re: “O a mo pateletsa. O kile a leka go tsamaya a bo a palelwa.”

Pauline o ne a mpotsa ka bonolo a re: “Jay, a o batla go tla?”

Ke ne ka re, “Ee! Ke nna ke batlang go tsamaya.”

Baagelani ba ne ba ntebelela ka tshisibalo fa ke ntse ke atamela heke. Mme fa ke tswela ka kwa ntle ga jarata ba ne ba goa ka boitumelo.

Ruri ke ile ka itumelela dipokano tseo! Go tswa foo, ke ne ka ititaya sehuba gore ke tla fitlha kwa Holong ya Bogosi. Seo se ne se kaya gore ke ye kwa mmila o felelang teng ke tsamaya ka dipolanka, ke bo ke palama thekisi, go tswa foo bakaulengwe ba bo ba mpelega go tlhatloga thota e e mokgokolosa. Gantsi ke ne ke goroga ke kolobile e bile ke le dithetse mme ke tshwanelwa ke go apara diaparo tse dingwe kwa holong. Moragonyana, kgaitsadi mongwe wa kwa Switzerland o ne a nthomelela setulo sa maotwana ka bopelontle, mme se ne sa nthusa gore ke tsamaye ka seriti.

Go bala ka maitemogelo a Basupi ba bangwe ba ba golafetseng go ne ga ntlhotlheletsa gore ke direle Jehofa le go feta pele. Ka 1988, ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha. Ke ne ka rapela Jehofa gore a nthuse gore ke fitlhelele mokgele wa me, o e neng e le go thusa mongwe mo lelapeng la gaetsho le mongwe mo tshimong ya rona gore a nne motlhanka wa ga Jehofa. Dithapelo tsa me di ne tsa arabiwa fa ke ne ke kgona go thusa bana ba le babedi ba ga nkgonne le mosadi mongwe yo ke kopaneng le ene fa ke ne ke le mo bodireding jwa mmila gore ba itse boammaaruri.

Gone jaanong matsogo a me ga a tlhole a nonofile mme ke ikaega ka batho ba bangwe gore ba nkgorometse. Gape ke na le ditlhabi tse di sa foleng. Mme ke lemogile gore sengwe se se nthusang ka ditlhabi ke go ruta ba bangwe ka Jehofa. Boitumelo jo ke bo bonang bo okobatsa ditlhabi tsa me e bile bo a nkgomotsa ka gonne Jehofa o ne a nkakatlolola mme jaanong ke tshela botshelo jo bo nang le bokao.