Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SIERRA LEONE LE GUINEA

Ke ne Ke le Lesole Ke sa Le Ngwana, Jaanong ke Mmulatsela wa ka Metlha

Ke ne Ke le Lesole Ke sa Le Ngwana, Jaanong ke Mmulatsela wa ka Metlha

KE NE ke na le dingwaga di le 16 fa masole a batsuolodi a ne a mpateletsa gore ke nne lengwe la masole a bone. A ne a mpha diokobatsi le bojalwa mme gantsi ke ne ke lwa ke le mo maibing a diokobatsi. Ke lole mo dintweng di le dintsi e bile ke dirile ditiro tse di utlwisang botlhoko tsa bosetlhogo jo bo feteletseng. Ke ikotlhaela seno fela thata.

Letsatsi lengwe Mosupi mongwe yo o godileng o ne a tla go rera mo bonnong jwa rona jwa masole. Bontsi jwa batho ba ne ba re tshaba e bile ba re tlhoile ka gonne re le batsuolodi, mme ene o ne a kgaratlhela go re thusa semoyeng. Fa a ntaletsa gore ke tle pokanong nngwe, ke ne ka dumela. Ga ke gopole gore go ne go tweng kwa pokanong eo, mme ke gopola sentle tsela e e lorato e ke amogetsweng ka yone.

Fa ntwa e ne e faga, ke ne ka se ka ka tlhola ke kopana le Basupi. Go tswa foo, ke ne ka bona dikgobalo tse di masisi mme ka romelwa kwa lefelong le le laolwang ke batsuolodi gore ke ye go sidilega teng. Pele ntwa e fela, ke ne ka tshabela kwa lefelong le le neng le laolwa ke puso mme ka tsenela thulaganyo ya go thusa batlhabani gore ba latlhe dibetsa, ba tswe mo ntweng mme ba boele mo setšhabeng.

Ke ne ke tlhoka thuso ya semoya ka bonako. Ke ne ka ya dipokanong tsa Pentekosete, mme fa ke na le maloko a kereke eno a ne a mpitsa Satane. Ka jalo, ke ne ka simolola go batla Basupi ba ga Jehofa. Fa ke sena go ba bona, ke ne ka simolola go ithuta le bone le go ya dipokanong. Fa ke ne ke ipolela ditiro tsa me tse di boikepo, bakaulengwe ba ne ba mpalela mafoko ano a a kgothatsang a ga Jesu: “Batho ba ba tsogileng sentle ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba bobolang ba a e tlhoka. . . . Ke tletse go bitsa, e seng batho ba ba siameng, fa e se baleofi.”—Math. 9:12, 13.

A bo mafoko ao a ile a nkama pelo jang ne! Ke ne ka neela mokaulengwe yo a neng a nthuta Baebele thipa ya me e e bogale ke bo ke re: “Ke ne ke tshola sebetsa seno gore ke itshireletse mo bathong ba ba batlang go ipusolosetsa. Mme jaanong e re ka ke itse gore Jehofa le Jesu ba a nthata, ga ke tlhole ke se batla.”

Bakaulengwe ba ne ba nthuta go bala le go kwala. Kgabagare ke ne ka kolobediwa mme ka nna mmulatsela wa ka metlha. Gompieno fa ke rerela batho ba e neng e le batsuolodi, ba re ba ntlotla thata ka go bo ke fetotse botshelo jwa me. Ke ile ka ba ka ithuta le motsamaisi wa setlhotshwana se ke neng ke le mo go sone sa masole.

Ka nako ya fa ke ne ke le lesole, ke ne ka nna le bana ba basimane ba le bararo. Fa ke sena go ithuta boammaaruri, ke ne ka batla go ba thusa gore le bone ba bo itse. Se se intumedisang ke gore ba le babedi ba bone ba ne ba bo amogela! Mongwe wa bomorwaake ke mmoledi yo o sa kolobediwang mme morwaake yo mogolo jaanong ke mmulatsela yo o thusang.