Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SIERRA LEONE LE GUINEA

Re ne Ra Falola Masole a Batsuolodi

Andrew Baun

Re ne Ra Falola Masole a Batsuolodi
  • O TSHOTSWE KA 1961

  • O KOLOBEDITSWE KA 1988

  • DINTLHA KA GA GAGWE E ne e le mmulatsela wa ka metlha kwa Pendembu, Eastern Province, Sierra Leone, fa ntwa e ne e runya ka 1991.

LETSATSI lengwe mo tshokologong batsuolodi ba ne ba tsena mo toropong ya rona, ba thuntshetsa ditlhobolo mo phefong ka lobaka lwa diura di ka nna pedi. Bangwe e ne e le basha mme dibetsa tsa bone di ne di ba imela. Ba ne ba le leswe fela thata, meriri ya bone e tlhatlhabetse mme go lebega ba tagilwe ke diokobatsi.

Letsatsi le le latelang dipolao di ne tsa simolola. Batho ba ne ba kgaolwa ditokololo kgotsa ba bolawa setlhogo. Basadi ba ne ba betelelwa. E ne e le tlhakatlhakano fela. Mokaulengwe Amara Babawo le lelapa la gagwe le batho ba le banè ba ba neng ba kgatlhega ba ne ba tshabela mo ntlong ya me. Re ne re tshwere mala ka letsogo.

Go ise go ye kae molaodi wa batsuolodi o ne a tla mme a re laela gore re tle ikatisong ya sesole mo mosong o o latelang. Re ne re ititeile sehuba gore re tla nna re sa tseye letlhakore, le fa seo se ne se kaya gore re tlile go bolawa. Re ne ra fetsa nako e ntsi re rapela bosigo joo. Re ne ra tsoga go sa le makuku mme ra sekaseka temana ya letsatsi re bo re emela batsuolodi gore ba tle. Ga ba a ka ba tlhola ba tla.

“Lo bala temana ya letsatsi. Lo tshwanetse lwa bo lo le Basupi ba ga Jehofa”

Moragonyana, motlhankedi mongwe wa sesole le banna ba gagwe ba le banè ba ne ba gapa ntlo ya rona gore ba e dirisetse ditiro tsa bone tsa bosole. Ba ne ba re laela gore re se ka ra tsamaya, ka jalo, re ne ra tswelela go tshwara dipokano le go tlotla ka temana ya letsatsi ka metlha mo lapeng. Masole mangwe a ne a re: “Lo bala temana ya letsatsi. Lo tshwanetse lwa bo lo le Basupi ba ga Jehofa.” Ba ne ba sa kgatlhegele Baebele mme gone ba ne ba re tlotla.

Letsatsi lengwe molaodimogolo o ne a tla go tlhatlhoba masole a a neng a laetswe gore a nne mo legaeng la rona. O ne a dumedisa Mokaulengwe Babawo ka tumediso ya sesole a bo a mo dumedisa ka letsogo. Molaodi o ne a laela masole jaana ka bogale: “Monna yo ke mong wa me e bile ke mong wa lona. Fa ene kgotsa ba ba nnang le ene ba ka kgongwa le ke ntshinyana fela, lo tla di gama lo sa di tlhapela. A lo a nkutlwa?” Ba ne ba araba jaana: “Ee, motlotlegi!” Go tswa foo molaodi o ne a re naya lekwalo le le neng le laela masole a Revolutionary United Front gore a se ka a re gobatsa ka gonne re le baagi ba ba kagiso.

Dikgwedi di le mmalwa moragonyana digongwana tsa batsuolodi di ne tsa simolola go lwantshana, ka jalo re ne ra tshabela kwa nageng e e fa gaufi ya Liberia. Fa re fitlha koo, re ne ra tshosediwa ke setlhopha se sengwe sa batsuolodi. Re ne ra ba raya ra re: “Re Basupi ba ga Jehofa.” Mme lesole lengwe le ne la re botsa jaana: “Fa go le jalo, Johane 3:16 ya reng?” Fa re sena go bua temana eo ka tlhogo, o ne a re tlogela re tsamaya.

Moragonyana, re ne ra kopana le molaodi yo mongwe gape wa masole yo o neng a laela Mokaulengwe Babawo le nna gore re tsamaye le ene. Re ne re tshogile gore re tlile go bolawa. Mme molaodi yoo o ne a re bolelela gore o ne a kile a ithuta le Basupi pele ga ntwa. O ne a re fa madi mme a tsaya lekwalo le re neng ra le mo naya a ya go le neela phuthego nngwe e e fa gaufi. Moragonyana fela ga moo, go ne ga fitlha bakaulengwe ba babedi ba tshotse dilwana tsa namolo mme ba re isa kwa lefelong le le babalesegileng.