Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SIERRA LEONE LE GUINEA

Sengwe se se Botoka go Feta Diteemane

Tamba Josiah

Sengwe se se Botoka go Feta Diteemane
  • O TSHOTSWE KA 1948

  • O KOLOBEDITSWE KA 1972

  • DINTLHA KA GA GAGWE O ne a bereka kwa meepong ya teemane pele a amogela boammaaruri. Gone jaanong ke leloko la Komiti ya Lekala ya Sierra Leone.

KA 1970, ke ne ka bereka mo khampaning ya moepo ya Boritane kwa Tongo Fields, lefelo le le humileng diteemane kwa bokone jwa Kenema. Gape ke ne ke a tle ke ipatlele diteemane fa ke sa theogela. Nako le nako fa ke bone matlapa a a tlhwatlhwakgolo, ke ne ke apara bontle ke bo ke ya Kenema go ya go a rekisa teng le go ijesa monate.

Ka 1972, ke ne ka kopana le Basupi ba ga Jehofa ka ba ka simolola go ithuta Baebele. Morago ga dikgwedi di le tlhano ke ne ka tshwanelegela go kolobediwa. E re ka ke ne ke sa tlhole ke na le malatsi a boikhutso, ke ne ka kopa modirimmogo gore a bereke mo boemong jwa me gore ke kgone go ya kopanong ya kgaolo mme ke kolobediwe. O ne a dumela go dira jalo mme e le fela fa ke ne nka mo duela madi otlhe a ke a amogelang ka beke. Go kolobediwa go ne go le botlhokwa go feta madi, ka jalo ke ne ka dumela kakantsho ya gagwe ke sa okaoke. Fa ke boa kwa kopanong, o ne a nthaya a re ke se ka ka tlhola ke mo naya madi a me ka gonne go direla Modimo ke sone selo sa botlhokwa. Dikgwedi di le thataro moragonyana ke ne ka tlogela tiro ya me e e duelang madi a mantsi gore ke ipolokele matlotlo kwa legodimong ka go nna mmulatsela yo o kgethegileng.—Math. 6:19, 20.

Ke nnile mmulatsela yo o kgethegileng le molebedi yo o etang dingwaga di le 18 mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga. Mo go yone nako eo, ke ne ka nyalana le Christiana, molekane yo o ikanyegang le yo o nkemang nokeng mme re ne ra segofadiwa ka ngwana wa mosetsana e bong Lynette.

Nkile ka bo ke eletsa go bona diteemane tsa mmatota mme ke bone sengwe se se botoka go gaisa—dikhumo tsa semoya

Ka nako ya ntwa ya selegae ya Sierra Leone, nna le Christiana re ne ra direla re le babulatsela kwa Bo, e e kwa lefelong le lengwe le legolo la meepo ya diteemane. Mono re ne ra bona “diteemane” tse dintsi tsa semoya—barutwa ba mmatota ba Bakeresete. Mo dingwageng di le nnè, phuthego ya rona e ne ya gola ka diperesente tse di fetang 60. Gone jaanong go na le diphuthego tse tharo tse di golang sentle mo Bo.

Ka 2002, ke ne ka kopiwa gore ke nne leloko la Komiti ya Lekala ya Sierra Leone. Nna le Christiana re nna gaufi le Bethele. Letsatsi le letsatsi ke ya tirong ya me kwa Bethele, fa Christiana ene e le mmulatsela yo o kgethegileng. Lynette o direla kwa Bethele mo setlhopheng sa thanolo ya Se-Krio.

Nkile ka bo ke eletsa go bona diteemane tsa mmatota mme ke bone sengwe se se botoka go gaisa—dikhumo tsa semoya. Gape ke epolotse “diteemane” tsa semoya di le 18, kgotsa barutwa ba boammaaruri ba Bakeresete. Eleruri Jehofa o ntshegofaditse fela thata!