Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Temana ya Ngwaga ya 2014

“A Bogosi Jwa Gago bo Tle.”—Mathaio 6:10

Temana ya Ngwaga ya 2014

Dingwaga di ka nna lekgolo tse di fetileng, Jehofa o ne a tlhoma Jesu go nna Kgosi kwa magodimong a a sa bonaleng. Fa e sa le ka nako eo, batlhanka ba Modimo ba ntse ba itsise ka tlhagafalo ka masego a Bogosi jwa ga Keresete bo tla a tlisang. Akanya fela! Mo pusong e e lorato ya ga Jesu, lefatshe le tla nna paradaise, le tletse ka batho ba ba ratanang tota. Go tla bo go se na bokebekwa, ntwa, bolwetse, pogo le fa e le loso.

Go ise go ye kae, masego ao a tla diragala. Bogosi jwa Modimo ke puso ya mmatota mme bo tla tla bo diragatsa sotlhe se Jehofa a se ikaeletseng. Rapelela gore Bogosi jono bo tle, bolelela ba bangwe ka jone mme o nne o na le tsholofelo ka sotlhe se bo tla se go direlang.