Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SIERRA LEONE LE GUINEA

1945-1990 ‘Go Tlisa Bontsi Kwa Tshiamong’—Dan.12:3. (Karolo 4)

1945-1990 ‘Go Tlisa Bontsi Kwa Tshiamong’—Dan.12:3. (Karolo 4)

Go Lwantsha Bothata Jwa go sa Itse go Bala le go Kwala

Mo masimologong a 1963 fa Milton Henschel a ne a etetse Sierra Leone lekgetlo la bobedi, o ne a bua ka sengwe se lekala le neng le na le nako le leka go se rarabolola. O ne a rotloetsa bakaulengwe gore ba dire maiteko a a oketsegileng a go lwantsha bothata jwa go sa itse go bala le go kwala.

Diphuthego dingwe di ne di tshwara ditlelase tsa go ithuta go bala le go kwala ka Seesemane. Mme morago ga gore Mokaulengwe Henschel a ba etele, bakaulengwe ba ne ba simolola go ruta baithuti go bala le go kwala ka puo e ba e antseng. Diphuthego dingwe di ne di tshwara ditlelase ka dipuo di le pedi kgotsa di le tharo. Ditlelase tseno di ne di ratega thata jaana mo e leng gore mmoledi a le mongwe mo go ba le bararo ba naga eo o ne a ikwadisa mo go tsone.

Ka 1966, bakaulengwe ba kwa Liberia ba ne ba dira bukana e e nang le ditshwantsho ya go ithuta go bala ka Se-Kisi. Fa ba bontsha badiredibagolo ba puso ya Liberia bukana eno, ba ne ba kgatlhega thata jaana mo ba neng ba swetsa ka gore ba e gatise mahala ba bo ba e phasalatse ntle le tuelo epe. Bukana eno e ne ya anamisiwa kwa Guinea, Liberia le Sierra Leone, mme e ne ya thusa batho ba ba buang Se-Kisi ba le makgolokgolo gore ba ithute go bala le go kwala. Moragonyana, dibukana tseno di ne tsa dirwa ka dipuo tse dingwe mme tsa thusa batho ba ba oketsegileng gore ba itse go bala le go kwala.

Sia o ne a dirisa mogala o montsho le o mohibidu go boloka rekoto ya tirelo ya gagwe ya tshimo

Ditlelase tseno ga di a ka tsa ruta batho go bala le go kwala fela mme gape di ne tsa ba thusa gore ba gatele pele semoyeng. Akanya ka Sia Ngallah, mmoledi yo o sa kolobediwang wa dingwaga di le 50 yo o neng a sa itse go bala le go kwala. Sia o ne a dirisa mogala o montsho le o mohibidu go boloka rekoto ya tirelo ya gagwe ya tshimo. Morago ga gore a rere lobaka lwa ura o ne a bofa lefuto mo mogaleng o montsho. Fa a sena go dira loeto lwa go boela o ne a le bofa mo go o mohibidu. Sia o ne a tsena ditlelase tsa go bala le go kwala mme di ne tsa mo thusa gore a boloke rekoto ya tirelo ya gagwe ya tshimo sentle. Gape o ne a gatela pele go fitlha a kolobediwa mme a nna moreri le morutisi yo o nang le bokgoni.

Gompieno diphuthego di le dintsi mo Sierra Leone le Guinea di sa ntse di tshwara ditlelase tsa go ithuta go bala le go kwala. Modiredimogolo mongwe wa puso ya Sierra Leone o ne a bolelela bakaulengwe ba ofisi ya lekala a re: “Mo godimo ga tiro ya lona ya go ruta batho Baebele, lo dira tiro e e duleng diatla ka go thusa batho ba setšhaba seno gore ba itse go bala le go kwala.”

“Maje” A ne A Goa

Fa batho ba ba oketsegileng go tswa mo merafeng e e farologaneng ba ntse ba ithuta go bala, thanolo e ne ya simolola go tlhokega thata. Bontsi jwa batho ba merafe ya mono ba ne ba na le dikgatiso di se kae fela tse e seng tsa Baebele ka dipuo tsa tsone, fa di le teng. Batho ba ba rutegileng ba kwa Sierra Leone ba ne ba bala Seesemane fa ba kwa Guinea bone ba ne ba bala Sefora. Go ne go ka dirwang gore ba nne le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka puo e ba e antseng?

Ka 1959, barongwa ba babedi ba Gileade ba ne ba ranolela pampitshana le bukana mo puong ya Se-Mende, mme go ne ga anamisiwa dikhopi di le mmalwa fela. Dingwaga di le lesome morago ga moo, bukana ya “Mahoko a a Molemō a, a Bogosi” le ya Living in Hope of a Righteous New World di ne tsa ranolelwa mo puong ya Se-Kisi. Dibukana tseno di ka nna 30 000 di ne tsa anamisiwa mme tsa dirisiwa go tshwara dithuto tsa Baebele.

Ka 1975, ofisi ya lekala e ne ya simolola go gatisa ditlhogo tse di ithutiwang tsa Tora ya Tebelo ka Se-Kisi. Baboledi ba Ba-Kisi ba ne ba itumela fela thata! Mokaulengwe mongwe o ne a kwala jaana: “Jehofa o re diretse kgakgamatso tota. Ga go na ope wa rona yo o kileng a tsena sekolo. Re ne re tshwana le maje—re sa kgone go bua. Ke kafa re neng re le ka teng, mme jaanong ka gonne re na le Tora ya Tebelo ka Se-Kisi, re kgona go bua ka ditiro tse dikgolo tsa ga Jehofa.” (Luke 19:40) Dikgatiso tse dingwe tse dintsi le tsone di ne tsa ranolelwa mo puong ya Se-Kisi.

Gompieno, bontsi jwa batho kwa Sierra Leone le Guinea ba sa ntse ba bala dikgatiso tsa rona ka Seesemane kgotsa Sefora, e leng dipuo tse di dirisiwang kwa dipokanong tsa phuthego. Mme bosheng jaana palo ya dikgatiso tsa dipuo tse di buiwang mo nageng eno e oketsegile fela thata. Jaanong dikgatiso tsa Baebele di gone ka Se-Guerze, Se-Kisi, Se-Krio, Se-Maninkakan, Se-Mende, Se-Pular le Se-Susu. Boroutšhara jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri le jwa Listen to God di gone ka dipuo tseno tsotlhe. Didirisiwa tseno tsa go ruta tse di motlhofo go dirisiwa, di thusa batho ba le bantsi ba ba sa kgoneng go bala sentle gore ba tlhaloganye molaetsa o o kgatlhang wa Baebele.

Go Aga Ofisi ya Lekala

Mo masimologong a bo1960, bakaulengwe ba kwa Freetown ba ne ba ntse ba batla setsha se ba ka agang ofisi e ntšha ya lekala mo go sone. Kgabagare, ka 1965 ba ne ba bona setsha mo Wilkinson Road. Setsha seno se ne se le fa thoko ga lewatle mo go nngwe ya dikarolo tse dintle go gaisa tsotlhe tsa toropo eo.

Polane ya bofelo e ne ya kopanya Holo ya Bogosi, legae la barongwa le diofisi tsa go bereka gore e nne kago e le nngwe e ntle. Fa go ntse go agiwa, gantsi dikoloi tse dintsintsi tse di tsamayang mo Wilkinson Road di ne di fokotsa lobelo thata, bakgweetsi le bapalami ba leka go bona sentle se se diregang. Kago eno e ne ya neelwa ka Phatwe 19, 1967. Batho ba ka nna 300 ba ne ba nna gone mo thulaganyong eno, go akaretsa batho ba maemo ba lefelo leno le batho ba le bantsi ba ba sa bolong go nna gone mo phuthegong ba ba neng ba kolobediwa ke “Bible” Brown ka 1923.

Ofisi ya lekala le legae la barongwa kwa Freetown (1965-1997)

Kago e ntšha ya lekala e ne ya dira gore batho ba le bantsi ba simolole go tsaya tiro ya Basupi ba ga Jehofa e le botlhokwa. Gape e ne ya tswala molomo batho bangwe ba bodumedi ba ba tshwayang diphoso ba ba neng ba re Basupi ba ka se nnele ruri mo Sierra Leone. Kago e ntšha e ne e bontsha sentle gore Basupi ba ga Jehofa ba tla nnela ruri.

Barongwa ba ba Tlhagafetseng ba Dira Gore go Nne le Koketsego

Setlhopha se se mo tirelong ya tshimo se ralala masimo a a dithetse a raese

Go tloga mo magareng a bo1970 go ya pele, go ologela ga barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade go ne ga dira gore tiro e oketsege mo Sierra Leone le Guinea. Bangwe ba bone ba ne ba kile ba rera kwa dinageng tse dingwe tsa Afrika mme ba ne ba tlwaela maemo a lefelo leo ka bonako. Ba bangwe e ne e le lekgetlo la ntlha ba tla mo Afrika. Ba ne ba tla lebana jang le se go neng go twe ke “lebitla la basweu”? Akanya ka dingwe tsa dikakgelo tsa bone.

“Batho ba ne ba ikokobeditse mme ba tshwerwe ke tlala ya semoya. Go bona boammaaruri bo tokafatsa matshelo a bone go ne ga dira gore pelo ya me e nne tshweu.”—Hannelore Altmeyer.

“Go emelana le malwetse le maemo a bosa a a mogote e bile a le bongola e ne e le kgwetlho. Mme boitumelo jwa go thusa batho ba ba ikanyegang gore ba direle Jehofa bo ne bo dira gore re itshokele dilo tseno tsotlhe.”—Cheryl Ferguson.

“Ke ne ka ithuta go nna pelotelele. Fa ke ne ke botsa kgaitsadi mongwe gore baeng ba gagwe ba tla goroga leng, o ne a re: ‘Gongwe gompieno. Gongwe ka moso. Kgotsa le e leng ka moso o mongwe.’ Gongwe ke ne ke lebega ke gamaregile ka gonne o ne a gatelela a re, ‘Mme gone ba tla tla!’”—Christine Jones.

“Barongwa ba le 14 ba ba tswang mo merafeng le mo ditsong tse di farologaneng ba ne ba nna kwa legaeng la barongwa la kwa Freetown. Rotlhe re ne re dirisa matlwana a boithomelo a le mabedi, shawara e le nngwe, motšhine o o tlhatswang o le mongwe le phaposi ya boapeelo e le nngwe. Go ne go se na dijo tse dintsi e bile di se na dikotla. Motlakase o ne o tle o kgaoge go sa lebelelwa—ka dinako tse dingwe go feta malatsi o ntse o seyo. Bontsi jwa rona re ne ra tshwarwa ke malaria le malwetse a mangwe a dinaga tsa boboatsatsi. Le fa dilo tseno di ne di ka dira gore re retelelwe, re ne ra ithuta go nna mmogo, go itshwarelana le go bona sengwe se se tshegisang mo maemong a a thata. Go rera go ne go le monate, mme barongwa ba ne ba nna ditsala tse di kitlaneng.”—Robert le Pauline Landis.

Pauline Landis a tshwere thuto ya Baebele

“Nako e re e feditseng kwa Sierra Leone e ne e le nngwe ya tse di molemo thata mo botshelong jwa rona. Ga re ikwatlhaye e bile ga re ngongorege. Mme re e tlhologelelwa fela thata.”—Benjamin le Monica Martin.

“Re kile ra fiwa boroko ke mosadi mongwe yo o kgatlhegang yo o neng a re fa dijo tse di neng di lebega di sa tlwaelega. O ne a re: ‘Ke noga. Ke e ntshitse meno. Ke lo tsholele?’ Re ne ra gana ka botlhale, mme o ne a nna a re kgothatsa gore re e je. Le fa ditiragalo tse di tshwanang le eno di ne di le boima, re ne re anaanela moya o montle wa go tshola baeng wa batho ba ba neng ba re amogela mme ra ba rata thata.”—Frederick le Barbara Morrisey.

“Mo dingwageng di le 43 tse ke di feditseng ke le morongwa, ke ntse le barongwa ba bangwe ba feta 100. A bo e nnile tshiamelo jang ne go itse batho ba bantsi jalo, botlhe ba na le botho jo bo farologaneng mme botlhe ba dira ba na le maitlhomo a le mangwe fela! Mme a bo go itumedisa jang ne go nna modirimmogo le Modimo le go bona batho ba amogela boammaaruri jwa Baebele!”—Lynette Peters.

“A bo go itumedisa jang ne go nna modirimmogo le Modimo le go bona batho ba amogela boammaaruri jwa Baebele!”

Fa e sale ka 1947, go tlile barongwa ba le 154 kwa Sierra Leone le ba le 88 kwa Guinea. Basupi ba bangwe ba le bantsi ba ile ba tla go direla kwa go nang le tlhokego thata teng. Gompieno go na le barongwa ba le 44 kwa Sierra Leone le ba le 31 kwa Guinea. Maiteko a bone le go intsha setlhabelo ga bone go thusitse batho ba le bantsi. Alfred Gunn, yo o nang le lobaka lo loleele e le leloko la Komiti ya Lekala, a re, “Fa re akanya ka bone, dipelo tsa rona di phophoma ka boitumelo.”