Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SIERRA LEONE LE GUINEA

1991-2001 ‘Leubelo la Pogisego’—Isa. 48:10 (Karolo 2)

1991-2001 ‘Leubelo la Pogisego’—Isa. 48:10 (Karolo 2)

Bethele e a Tlhaselwa!

Ka Tlhakole 1998, masole a puso le a Economic Community of West African States Monitoring Group (ECOMOG) a ne a simolola tlhaselo e kgolo ya go leleka masole a batsuolodi mo Freetown. Se se utlwisang botlhoko ke gore mokaulengwe mongwe o ne a bolawa ke dikarolo tse dinnye tse di tswang mo bomong e e neng e sa mo lebagana fa e ne e thunya ka nako ya ntwa eo e e matlhomahibidu.

Baboledi ba ka nna 150 ba ne ba tshabela kwa magaeng a barongwa kwa Kissy le Cockerill. Laddie Sandy, mongwe wa bakaulengwe ba babedi ba ba disang Bethele bosigo o tlhalosa jaana: “Mo bosigong bongwe fa nna le Philip Turay re ne re disitse, batsuolodi ba babedi ba ba neng ba tlhometse ba RUF ba ne ba tla mo Bethele mme ba re laela gore re bule dikgoro tsa galase tsa lefelo la go amogela baeng. Fa nna le Philip re tlola gore re tswe mo kotsing, ba ne ba nnela go thuntsha lloko ya setswalo. Se se gakgamatsang ke gore ga e a ka ya bulega mme ga ba a ka ba akanya go thuntsha digalase tsa setswalo. Ba ne ba betwa ke pelo mme ba tsamaya.

“Masigo a le mabedi morago ga moo, batsuolodi bao ba ne ba boa ba na le ba bangwe ba le 20, ba ikemiseditse e bile ba tlhometse sentle. Re ne ra tlhagisa lelapa la Bethele ka bonako mme ra tabogela kwa lefelong la botshabelo le le neng le baakantswe go sa le gale kwa tlase ga moago. Re ne ra iphitlha re le supa mo lefifing ka fa morago ga difaki tse dikgolo tse pedi, re roroma ke letshogo. Masole a batsuolodi a ne a kgona go tsena mo kagong ka go thuntsha lloko ya setswalo go fitlha e nyerologa. Mongwe wa batsuolodi o ne a buela kwa godimo a re, ‘Batlang Basupi bao ba ga Jehofa mme lo ba kgaole dikgokgotsho.’ Re ne ra batalala ka tshisibalo fa ba ntse ba phuruphutsha kago ka lobaka lwa diura di le supa. Fa ba sena go senyakaka dilo, ba ne ba tsaya dilo tse ba neng ba di batla mme ba tsamaya.

“Re ne ra tsaya dilwana tsa rona re bo re tshabela kwa legaeng la barongwa la Cockerill—legae la bogologolo la Bethele—le le neng le se kgakala le foo. Fa re le mo tseleng re ne ra kgothosiwa ke setlhopha se sengwe gape sa batsuolodi. Re ne ra fitlha kwa legaeng la barongwa re tshogile thata mme re itumeletse go bo re tshela. Morago ga go ikhutsa malatsi a le mmalwa re ne ra boela kwa Bethele go ya go phepafatsa.”

Dikgwedi di le pedi moragonyana fa masole a ECOMOG a ne a laola toropo, barongwa ba ne ba simolola go boela kwa Guinea. Mme gone ba ne ba sa itse gore ba ka se nne lobaka lo loleele koo.

Letsholo la go Bolaya Sengwe le Sengwe

Dikgwedi di le robedi moragonyana, ka Sedimonthole 1998, batlakopanong ba le makgolokgolo kwa National Stadium kwa Freetown ba ne ba nna le Kopano ya Kgaolo ya setlhogo se se reng, “Tsela ya Modimo ya Botshelo.” Ka tshoganyetso ba ne ba utlwa modumo o o kwa tlase wa go thunya mme ga biloga mosi kwa dithabeng. Masole a batsuolodi a ne a boile!

Mo malatsing a a neng a latela, maemo a ne a nna maswe le go feta kwa Freetown. Komiti ya Lekala e ne ya hira sefofane se sennye e bo e tshabisa barongwa ba le 12, badiredi ba Bethele ba ba tswang kwa dinageng di sele ba le 8 le baithaopi ba kago ba le 5 e ba isa kwa Conakry. Malatsi a le mararo moragonyana, ka Ferikgong 6, 1999, masole a batsuolodi a ne a simolola letsholo le le setlhogo la go bolaya le le bidiwang Letsholo la go Bolaya Sengwe le Sengwe. A ne a tlhasela Freetown ka thubakanyo e e setlhogo mme a bolaya batho ba ka nna 6 000 ba e seng masole. Batsuolodi ba ne ba tsamaya ba kgaola mongwe le mongwe fela matsogo kgotsa maoto, ba gapa bana ba le makgolokgolo ba bo ba senya dikago di le diketekete.

Mokaulengwe yo o neng a ratega thata e bong Edward Toby o ne a bolawa setlhogo. Baboledi ba feta 200 ba ba neng ba tshogile thata ba ne ba nna kwa Bethele kgotsa kwa legaeng la barongwa la Cockerill. Ba bangwe ba ne ba iphitlha mo matlong a bone. Basupi ba ba neng ba tshabetse kwa legaeng la barongwa la Kissy, le le neng le le ntlheng ya botlhaba go ela kwa bofelong jwa toropo, ba ne ba tlhoka melemo ka potlako. Mme go tsamaya o raletse toropo go ne go le kotsi fela thata. Ke bomang ba ba neng ba tla tsenya matshelo a bone mo kotsing jalo? Laddie Sandy le Philip Turay, banna ba digatlhamelamasisi ba ba disang legae la Bethele bosigo ba ne ba ithaopa ka gangwe fela.

Philip a re: “Toropo e ne e tlhakatlhakane. Masole a batsuolodi a ne a eme mo mafelong a go phuruphudiwang mo go one a sotlakaka batho ba ba fetang. Go ne go na le molao o o gagametseng wa gore batho ba se ka ba tsamaya kwa ntle go tloga thapama go fitlha mo mosong, ka jalo re ne re sa kgone go tsamaya ka kgololesego. Re ne ra fitlha kwa legaeng la barongwa la kwa Kissy malatsi a le mabedi fa re sena go simolola mosepele wa rona, mme ra fitlhela gore le ne le phuruphuditswe la ba la fisiwa.

“Fa re ntse re sekaseka lefelo le le fa gaufi, re ne ra bona mongwe wa bakaulengwe ba rona, Andrew Caulker yo o neng a na le dikgobalo tse di tsitsibanyang mmele mo tlhogong. Batsuolodi ba ne ba mmofile ba bo ba mo itaya gantsintsi ka selepe. Se se itumedisang ke gore o ne a falotse a bo a kgona go tshaba. Re ne ra mo potlakisetsa kwa kokelong, kwa a neng a kokotlegela gone ka iketlo. Moragonyana o ne a nna mmulatsela wa ka metlha.”

(Go tswa Molemeng go ya Mojeng) Laddie Sandy, Andrew Caulker le Philip Turay

Basupi ba bangwe ga ba a ka ba bolawa kgotsa ba gobadiwa e re ka ba ne ba itsege ka go se tseye letlhakore mo dintweng ka gonne e le Bakeresete. Mokaulengwe mongwe a re: “Masole a batsuolodi a ne a re laela gore re ipofe ka matsela a masweu mo tlhogong mme re bine mo mmileng go bontsha gore re ema tiro ya bone nokeng. Ba ne ba re raya ba re, ‘Fa lo gana, re tlile go lo kgaola matsogo kgotsa maoto kgotsa re lo bolaye.’ E re ka re ne re tshogile, nna le mosadi wa me re ne ra emela fa thoko mme ra rapelela kwa tlase gore Jehofa a re thuse. Fa lekawana lengwe le e neng e le moagisani wa rona le le neng le dirisana le batsuolodi le bona seemo se re mo go sone, le ne la raya molaodi wa batsuolodi le re: ‘Motho yono ke “mogoloarona.” Ga a ikamanye le dipolotiki, ka jalo re tla bina mo boemong jwa gagwe.’ E re ka molaodi yoo a ne a kgotsofetse o ne a tsamaya, mme ra itlhaganelela kwa lapeng.”

Fa go simolola go sisibala mo toropong mme go tshosa, bakaulengwe ba ne ba simolola go ntsha matlho dinameng fa ba ya dipokanong le tirelong ya tshimo. Baboledi ba ne ba tsentse dibetšhe tsa kopano gore ba itshupe ka tsone fa ba fitlha mo mafelong a go phuruphudiwang batho mo go one. Bakaulengwe ba ba neng ba leta lobaka lo loleele mo meleng e meleele kwa mafelong a go phuruphudiwang mo go one ba ne ba nna le bokgoni jwa go simolola metlotlo ya Baebele.

Fa go ntse go nna le ditlhaelo tsa dilo tse di farologaneng mo toropong, lekala la Boritane le ne la romela mabokose a dilwana tsa namolo a le 200 ka sefofane. Billie Cowan le Alan Jones ba ne ba tla ka sefofane go tswa Conakry go tla Freetown gore ba tsamaye le dilwana fa di ntse di feta mo mafelong a mantsi a go phuruphudiwang dithoto mo go one. Dilwana tseno di ne tsa fitlha kwa Bethele pele fela ga nako e batho ba sa tshwanelang go tsamaya kwa ntle ka yone maitseboa. James Koroma o ne a tsaya mesepele go ya kwa Conakry mme a boa a tshotse dikgatiso le dilwana tse dingwe tsa botlhokwa. Dingwe tsa dikgatiso tseno di ne tsa romelwa kwa baboleding ba ba kwa mafelong a a kwa thoko kwa Bo le Kenema.

Thuso ya namolo e goroga mo Freetown

Ka Phatwe 9, 1999, barongwa kwa Conakry ba ne ba simolola go boela kwa Freetown. Mo ngwageng o o latelang, masole a a tlhometseng a a neng a rometswe go tswa Boritane a ne a leleka batsuolodi mo Freetown. Go ne ga tswelela go lowa fale le fale ka lobakanyana mme ka Ferikgong 2002 go ne ga bolelwa fa ntwa e fedile. Ntwa eno e e tsereng dingwaga di le 11 e ne ya felela ka gore go bolawe batho ba le 50 000, go golafadiwe ba le 20 000, go senngwe matlo a le 300 000 le gore batho ba le dimilione di le 1,2 ba ntshiwe kwa mafelong a bone.

Phuthego ya ga Jehofa e ne e ntse e tswelela jang? Go ne go bonala sentle gore Jehofa o ne a e sireletsa le go e segofatsa. Ka nako ya ntwa go ne ga kolobediwa batho ba ka nna 700. Basupi ba le makgolokgolo ba ne ba tshabetse ntwa, mme palo ya baboledi kwa Sierra Leone e ne ya oketsega ka diperesente di le 50. Guinea e ne ya nna le koketsego ya diperesente di feta 300 tsa baboledi! Sa botlhokwa le go feta, batho ba Modimo ba ne ba bolokile bothokgami jwa bone. Le fa ba ne ba le mo ‘leubelong la pogisego,’ ba ne ba bontshitse kutlwano le lorato lwa Bokeresete tse di sa fetogeng mme ba ‘tsweletse ba sa kgaotse go ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo.’—Isa. 48:10; Dit. 5:42.