Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO RERA LE GO RUTA MO LEFATSHENG LOTLHE

Asia le Botlhabagare

Asia le Botlhabagare
  • DINAGA 47

  • PALO YA BAAGI 4 282 178 221

  • BABOLEDI 674 011

  • DITHUTO TSA BAEBELE 672 318

Go Thusa Monna yo o Foufetseng, Yo o Sa Utlweng mo Ditsebeng e Bile a sa Kgone go Bua

Ka 1999, phuthego ya puo ya diatla ya kwa Kobe, Japane, e ne ya utlwalela ka monna mongwe yo o sa utlweng mo ditsebeng e bong Hirofumi. Fa mokaulengwe mongwe a ne a leka go etela Hirofumi, mmaagwe o ne a gana gore a mmone. Mokaulengwe yono o ne a tla kgapetsakgapetsa a ntse a rapela mmaagwe Hirofumi gore a mo tlise mme kgabagare o ne a mo tlisa. Moriri le ditedu tsa gagwe di ne di le ditelele e bile di tlhakatlhakane. O ne a lebega jaaka motho yo o sa bolong go gaelelwa a le esi kwa setlhaketlhakeng sengwe ka dingwagangwaga. Sefatlhego sa gagwe se ne se sa bontshe maikutlo ape. Hirofumi o ne a sa utlwe mo ditsebeng mme gape a foufetse. Mokaulengwe yono o ne a gamaregile mme o ne a tsaya diatla tsa ga Hirofumi mme a simolola go dirisa puo ya diatla e e dirisiwang ke batho ba ba foufetseng e bile ba sa utlwe mo ditsebeng. Ga a ka a tsiboga ka tsela epe fela. Hirofumi o ne a ntse a sa kopane le batho mme o ne a ise a ke a buisane le ope fa e sa le a foufala dingwaga di le lesome pele ga foo, a na le dingwaga di le 31.

Mokaulengwe yoo o ne a boa malatsi a le mabedi morago ga foo. Mmaagwe Hirofumi o ne a gakgametse e re ka a ne a akantse gore mokaulengwe yono o tla itlhoboga fa a sena go bona boemo jwa morwawe. Mokaulengwe o ne a rapela mmaagwe Hirofumi gape gore a mo letle gore a mmone, ka jalo mmaagwe o ne a mo tlisa. Morago ga go fetsa kgwedi a ntse a eta mme Hirofumi a sa tsiboge ka tsela epe, mmaagwe o ne a raya mokaulengwe a re a se tlhole a itshwenya ka go tla. Le fa go ntse jalo, mokaulengwe o ne a tswelela a tla. O ne a isa dikuku kwa legaeng leno e bile a dira sotlhe se a ka se kgonang go bontsha gore o amega ka ene. Fa go sena go feta dikgwedi tse dingwe tse pedi Hirofumi a ntse a sa dire sepe, mokaulengwe o ne a akanya gore ga go nko e tswang lemina.

Mokaulengwe o ne a swetsa ka gore a ete lekgetlo la bofelo. Pele a ya kwa ntlong eo, o ne a rapela Jehofa gore a mo thuse go itse gore a ke ka a tswelele a tla mo go Hirofumi. Fa mokaulengwe a goroga kwa ntlong eo, o ne a tsaya diatla tsa ga Hirofumi mme a mo direla matshwao a a bontshang gore go na le Modimo yo leina la gagwe e leng Jehofa yo o nnang a mo lebeletse a le kwa legodimong e bile a tlhaloganya go boga ga gagwe go feta motho ope o sele. Jehofa o amega ka ene e bile o batla go mo ntsha mo matshwenyegong a gagwe. Ke gone ka moo mongwe wa Basupi ba gagwe a neng a tlile kwa go ene. Kwa tshimologong Hirofumi o ne a sa bontshe maikutlo ape; mme go tswa foo o ne a tiisa thata fa a tshwara seatla sa mokaulengwe a bo a rothisa keledi. Seno se ne sa ama mokaulengwe maikutlo mme o ne a lela le ene. Ba ne ba simolola thuto ya Baebele.

Morago ga go ithuta ka dingwaga di le 11, Hirofumi o ne a simolola go kopanela le phuthego ya lefelo leo mo boemong jwa go tsamaya sekgala se seleele a ya kwa phuthegong ya puo ya diatla jaaka a ne a ntse a dira. Go ne go se na ope yo o itseng puo ya diatla mo phuthegong ya lefelo leo, mme mo dikgweding tse 18 tse di latelang, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 22 mo phuthegong ba ne ba ithuta puo ya diatla gore ba tle ba thuse Hirofumi. Ka Ferikgong 2012, Hirofumi o ne a dira kabelo ya gagwe ya ntlha mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, mongwe a toloka matshwao a gagwe. Ka Diphalane wa one ngwaga oo, o ne a nna mmoledi yo o sa kolobediwang.

O Ithuta le Batlhokomedi ba Tshireletso

Floren, mokaulengwe yo e leng mmulatsela kwa Philippines, o ithuta Baebele le batho ba ka nna 25 mme bontsi jwa bone ke batlhokomedi ba tshireletso. Gantsi banna bano ba bereka mo maitseboeng—bangwe ba bone ba bereka bosigo jotlhe. Ka ntlha ya seo, Floren o tshwanelwa ke go fetofetoga le maemo. O ya kwa lefelong le batlhokomedi ba tshireletso ba berekang kwa go lone a bo a ithuta le bone fa ba itapolositse kgotsa ka dinako tse dingwe tse di tshwanelegang tse a ka se ba iteyeng tsebe mo tirong ka tsone. O ithuta le bangwe ba bone fa gare ga ura ya bosupa le ya bosomenngwe bosigo, mme ba bangwe fa gare ga ura ya botlhano le ya borobongwe mo mosong. Ka dinako tse dingwe o rulaganya go tla ka nako ya fa go tloga go bereka ba bangwe. Ka tsela eno, a ka ithuta le motlhokomedi yo o tlogang a simolola tiro go tswa foo a bo a ithuta le yo o sa tswang go wetsa tiro ya gagwe. Floren a re, “Go nna le dithuto tse dintsi jaana tsa Baebele go dirile gore ke nne le boitumelo jo ke iseng ke ko ke tsamaye ke bo bone.” Bangwe ba batlhokomedi ba tshireletso jaanong ba nna gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Mongwe wa batho ba ba kileng ba ithuta le Floren jaanong o kolobeditswe e bile ke mmulatsela wa ka metlha.

Philippines: Floren o tshwere thuto ya Baebele go sa le mo mosong

Ba ne Ba Iketleeditse go Tsaya Matsapa A go Ba Iponela

Letsatsi lengwe fa bokgaitsadi ba rona ba babedi kwa Armenia ba ne ba le mo bodireding pula e na, ba ne ba bona mmè mongwe le morwadie mo mmileng mme ba ba naya pampitshana. Bokgaitsadi bano ba ne ba gakgamala fa mmè yono, yo leina la gagwe e leng Marusya a re ene le morwadie e bong Yeva ba ne ba na le diura di le pedi ba le kwa ntle mo puleng, ba solofetse go kopana le Basupi ba ga Jehofa. Ka ntlha yang? Kgaitsadia Marusya o ne a rutilwe boammaaruri kwa kgolegelong ke bakaulengwe ba ba neng ba le koo ka ntlha ya go sa tseye letlhakore. Marusya o ne a lebeletse gore kgaitsadie a tswe mo kgolegelong e le motho yo o kgwaraletseng pelo le yo o dikgoka. Go na le moo, o ne a tswa e le motho yo o tekatekano e bile a ritibetse. Fa kgaitsadia Marusya a ntse a kopanela le Basupi, o ne a tswelela go dira diphetogo tse di oketsegileng. Marusya le morwadie ba ne ba sa kgone go tlhaloganya gore seno se diregile jang ka gonne gangwe le gape ba ne ba bone tshedimosetso e e senyang Basupi ba ga Jehofa leina mo dipapetleng tsa phasalatso mo toropong le mo dithulaganyong tsa thelebishene. Yeva o ne a ipotsa jaana: ‘Malome ke motho yo o molemo tota. Jaanong ke eng fa go buiwa dilo tse dintsi jaana tse di bosula ka Basupi ba ga Jehofa?’ E re ka a ne a ikaeletse go tlhaloganya kgang eno, o ne a raya mmaagwe a re: “Re ka se tsamaye re itsile boammaaruri ka batho bano fa re sa tseye matsapa a go ba iponela. A re ye go batla Basupi ba ga Jehofa gone jaanong mme kgang eno e fele.” Mme ke sone se ba neng ba se dira ka letsatsi le bokgaitsadi bao ba kopaneng le bone ka lone. Malatsi a le mabedi moragonyana, mmè le morwadie ba ne ba simolola go ithuta Baebele. Ba ne ba simolola go nna gone kwa dipokanong mme ba gatetse pele mo ba setseng e le baboledi ba ba sa kolobediwang.

Bana Ba ne Ba Tlisa Dimakasine

Istanbul, Turkey: Mokaulengwe o dirisa boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo mo bodireding jwa mmila

Kwa Adana, Turkey, mosadi mongwe yo o neng a na le mathata a a masisi le mathata a lelapa e bile a ne a ntse a akanyetsa go ipolaya o ne a fitlhela dimakasine tsa rona tse pedi fa pele ga kgoro ya gagwe. Go bonala bana bangwe ba mo lefelong leo ba ne ba di setse ba bo ba di baya foo, ba akanya gore ke tsa gagwe. Mosadi yono o ne a kgatlhiwa thata ke dipego tsa matshelo a batho bangwe mo dimakasineng tseo, mme o ne a eletsa gore botshelo jwa gagwe le jone bo ka fetoga jalo. Mosadi yono o ne a leletsa nomoro ya mogala e e neng e kwadilwe mo go nngwe ya dimakasine tseo mme a ikgolaganya le kgaitsadi wa mmulatsela yo o neng a nna gaufi le ene. Ba ne ba simolola go ithuta Baebele. Mosadi yono o ne a rata se a neng a se ithuta mme a bolela gore a ka rata go ya dipokanong. Mme o ne a lemoga gore o nna gaufi le Holo ya Bogosi. Ka yone nako eo o ne a simolola go ya dipokanong mme o ntse a tsweletse go ya.

Malatsi a le Lesome Kwa Kgolegelong Ga a Ka a Mo Fetola Mogopolo

Kwa Nepal, Bam yo e neng e le lepodise e bile a tsena kereke o ne a kopana le banyalani ba babulatsela ba ba kgethegileng mo mmileng a ntse a le mo tirong. O ne a kgatlhiwa ke gore ba ne ba araba dipotso tsa gagwe tsotlhe ka Baebele. Bam o ne a dumela go ithuta Baebele mme go ise go ye kae a simolola go ya dipokanong. Fa a ntse a tsweletse go ithuta, segakolodi sa gagwe se ne sa simolola go mo tshwenya ka ntlha ya tiro ya gagwe, ka jalo o ne a kopa baokamedi ba gagwe gore ba mo neye tiro ya mo ofising e e neng e ka se mo tlhoke gore a tshole dibetsa. Baokamedi ba gagwe ba ne ba dumela. Le fa go ntse jalo, fa Bam a sena go ya kopanong ya kgaolo, segakolodi sa gagwe se ne sa simolola go mo tshwenya gape mme a swetsa ka gore a tlogele sepodise gotlhelele.

Mosadi wa ga Bam ga a ka a itumedisiwa ke tshwetso eno e re ka tiro ya sepodise e ne e sa dire fela gore a nne le maemo mo setšhabeng mme gape e ne e duela sentle, e bile e na le dithuso dingwe tse di rileng le madi a mantsi a phenshene. O ne a leka go mo fetola mogopolo ka go mo raya a re: “Fa o sa tlogele sepodise ke tla ithuta Baebele le Basupi.” Fa leano leo le retela, o ne a tlhotlheletsa mokapotene wa mapodise gore a tsenye Bam mo kgolegelong, ka tsholofelo ya gore o tla fetola mogopolo. Morago ga go nna malatsi a le lesome kwa kgolegelong, Bam o ne a gololwa mme o ne a sa ntse a ikemiseditse go batla tiro e sele. O ne a simolola go dira tiro ya go kgweetsa baesekele e e tsamaisang batho, mme seo se ne se dira gore a bereke diura tse dintsi mo letsatsing le le fisang. Le fa tiro eno e ne e na le dikgwetlho, o ne a itumetse. O ne a tswelela a gatela pele semoyeng go fitlha a nna mmoledi. Fa nako e ntse e ile, mosadi wa gagwe o ne a fokotsa go mo ganetsa. E re ka bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ba ne ba mmontsha bopelontle, le ene o ne a simolola go ithuta. Bam o ntse a tsweletse ka go tlamela lelapa la gagwe, mme o amogela madi a mantsi ka go kgweetsa baesekele e e tsamaisang batho go feta fa e ne e le lepodise. O ne a kolobediwa kwa kopanong ka Tlhakole 2013, mme jaanong mosadi wa gagwe le morwawe ba ya dipokanong le ene.

Nepal: Fa Bam a sena go bona tiro e sele, ene le lelapa la gagwe ba ne ba kgona go gatela pele semoyeng

O ne A Batla go Nna Mmulatsela yo o Thusang

Kgaitsadi mongwe yo o nnang kwa Korea e bong Myeong-hee, o na le bothata ka leoto le lengwe la gagwe ka gonne o ne a swa ditokololo fa a ne a le dingwaga di le pedi. O lapa ka bonako mme ka dinako tse dingwe o a wa. Mo godimo ga moo, o tlhaselwa gangwe le gape ke di-panic attack le matshwao a a sa itumediseng a a bakiwang ke melemo e a e nwang. Myeong-hee o hema ka bokete, mme go gagamala ditokololo le go tlhobaela go dira gore a nne le ditlhabi. Le fa Myeong-hee a na le mathata ano, o ne a batla go tsaya bobulatsela jo bo thusang mme o ne a dira jalo mo e ka nnang kgwedi le kgwedi mo dingwageng tse pedi tse di fetileng. O leboga Jehofa go bo a mo file maatla gore a dire bodiredi jwa gagwe.

“Ke na Le Dingwaga di le 30 ke e Batla!”

Agnes, yo e leng morongwa kwa Indonesia, o ne a tle a rerele mosadi mongwe wa dingwaga tsa bogare yo o neng a imile. Mosadi yono o ne a rekisa merogo mo mmarakeng wa lefelo leo. O ne a rata go bala dimakasine tsa rona e bile o ne a itumelela go tlotla ka Baebele fa a sa tshwarega thata. Letsatsi lengwe fa Agnes a ya mmarakeng go etela mosadi yono, o ne a fitlhela a seyo. Monna wa mosadi yono o ne a bolelela Agnes gore mosadi wa gagwe o sa tswa go belega. Agnes o ne a swetsa ka gore a mo etele. O ne a mo tsamaela le Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele e phuthetswe jaaka mpho. Mosadi yono o ne a gakgametse e bile a itumeletse gore Agnes o ne a tlile go mmona le ngwana mme o ne a gakgametse le go feta fa Agnes a ne a mo fa mpho. Mosadi yono o ne a phutholola buka, a e leba a sa dumele se a se bonang mme a re: “O tsaya kae buka e? Ke na le dingwaga di le 30 ke e batla! Ke e batlile mo mabenkeleng otlhe a dibuka ka ba ka botsa mongwe le mongwe. Go ne go se na ope yo o nang le yone, go se na ope yo o e itseng e bile go se na buka epe e e tshwanang le yone.” Se se diregileng ke gore fa mosadi yono a sa le ngwana, o ne a rata go bala buka ya Dipolelo Tsa Baebele e malomaagwe a neng a na le yone. Jaanong mosadi yono o bala buka eno gape, mme morwadie yo mogolwane le ene o rata go e bala. Ba ne ba simolola go ithuta Baebele ka bobedi jwa bone.

Indonesia: Agnes a tshwere buka e a e abileng e le mpho