Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO RERA LE GO RUTA MO LEFATSHENG LOTLHE

Oceania

Oceania
  • DINAGA 29

  • PALO YA BAAGI 39 508 267

  • BABOLEDI 96 088

  • DITHUTO TSA BAEBELE 63 333

“Jaanong ke a Tlhaloganya”

Freda, yo o sa utlweng mo ditsebeng, o ne a itumetse fela thata fa a utlwa gore ene le kgaitsadi yo o mo rutang Baebele ba tla kopanela le phuthego ya ntlha ya puo ya diatla kwa Papua New Guinea. Phuthego eo e ne ya tlhomiwa ka Mopitlwe 1, 2013. Freda o ne a lemoga gore o ne a tlhaloganya botoka thata kwa dipokanong fa a beela dikgatiso kwa thoko mme a bo a tlhoma mogopolo mo matshwaong a a dirwang ka diatla le mo dilong tse di dirisiwang go thusa go utlwa kwa seraleng. O ne a gakgamalela go bona gore ka tsela eno o ne a fenya go tlhabiwa ke ditlhong fa a batla go nna le seabe mme a simolola go akgela makgetlo a le mmalwa mo dipokanong. Ka Moranang 2013, o ne a tshwanelega go nna mmoledi yo o sa kolobediwang mme o atlega go kgothaletsa batho ba bangwe ba ba sa utlweng mo ditsebeng gore ba ye le ene kwa dipokanong. Fa a bodiwa gore ke eng fa gantsi matlho a gagwe a elela dikeledi mo dipokanong, o ne a araba a re, “Ke ka gonne jaanong ke a tlhaloganya.”

O ne A Tsena mo Koloing e Sele

Fa Barbara wa kwa Australia a ntse a tsamaya ka koloi a ya kwa setlhopheng sa tirelo ya tshimo, o ne a emisa koloi ya gagwe fa thoko ga tsela, go bona gore a o ne a tshotse buka ya gagwe ya maeto a go boela. Ka tshoganyetso, setswalo sa koloi se ne sa bulega mme mosadi mongwe a simolola go tsena mo koloing.

Barbara o ne a re: “Iketle pele mma, e kete o tsena mo koloing e sele.”

Mosadi yoo o ne a araba a re: “Intshwarele. Ke ne ke akanya gore ke wena mosadi yo o tlileng go ntsaya.” Fa mosadi yono a bona dimakasine tsa ga Barbara tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!, o ne a re, “Nkile ka bo ke fiwa dimakasine tseno ke basadi bangwe ba babedi ba ba neng ba nthuta Baebele dingwaga di le mmalwa tse di fetileng.” Barbara o ne a itumelela go naya mosadi yono dimakasine tseo mme moragonyana a simolola go ithuta Baebele le ene.

“Makwalo a a Tswang Kwa Modimong”

New Zealand: Violet o bolelela batho ba le bantsi boammaaruri ka makwalo a gagwe

Violet ke kgaitsadi yo o sekoa wa dingwaga di le 82 kwa Christchurch, New Zealand. Ka metlha o romela makwalo le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng kwa magaeng a a tlhokomelang batsofe le kwa mafelong a a tlhokomelang batho ba ba lwalang thata a a gaufi le fa a nnang teng. Baoki ba kwa magaeng ano ba ba isang makwalo ao ba ne ba re bagodi ba emela makwalo ao ka tlhoafalo ba re ke makwalo a bone a a tswang kwa Modimong. Bangwe ba bala makwalo le dikgatiso tsa bone ba bo ba di ananya le ba bangwe kgotsa ba di balela ba bangwe ba ba sa boneng sentle. Gape baoki bano ba ne ba tlhalosa gore bagodi ba ba nnang koo ba ba balang makwalo le dikgatiso, ba ritibetse maikutlo go feta ba ba sa di baleng, ba itumetse e bile ba kagiso go ba feta. Violet o tlhalosa jaana ka maiteko ao a a dirang go rera: “Ke akanya gore Jehofa o sa ntse a ntirisa go thusa ba bangwe. Ruri go abela ba bangwe boammaaruri ka tsela eno go a kgothatsa.”

O ne A Bala ka Dirouse

“Ke setse ke badile eo.” Karabo eno e Bernie a neng a sa e lebelela e ne ya mo gakgamatsa moso mongwe ka Matlhatso fa a ne a tsamaisa makasine wa bosheng wa Tora ya Tebelo mo setlhaketlhakeng sa Saipan. O ne a ipotsa gore go tlile jang gore Bernadette yo e neng e le moithuti wa kholetšhe yo o neng a bula kgoro fa a kokota a bo a setse a badile makasine oo. Bernie o ne a tsenya letsogo mo kgetsing ya gagwe mme a ntsha makasine o mongwe. Bernadette o ne a re: “Le oo ke o badile.” Bernie o ne a gakgamala mme a botsa a re: “O badile kae dimakasine tseno? A o Mosupi wa ga Jehofa o tlile malatsing a boikhutso mono?” Bernadette o ne a tlhalosa gore ga se Mosupi mme o ne a badile dimakasine tseno mo Internet. Letsatsi lengwe fa Bernadette a ne a batla tshedimosetso ka malomo mo Internet, o ne a tsenya lefoko “dirouse” mme a kgatlhiwa ke sengwe sa ditlhogo tse di neng tsa tlhaga: “Dirouse Tse di Kgatlhang Tsa mo Afrika,” e leng setlhogo sengwe se se mo makasineng wa Tsogang! se se neng se tlhaga mo Web site ya Basupi ba ga Jehofa. Bernadette o ne a bolelela Bernie gore o ne a itumeletse go bala setlhogo se se buang ka dirouse thata mo a neng a dirile tshwetso ya gore a lebe tshedimosetso e e oketsegileng ya Web site. La ntlha o ne a tlhoma mogopolo thata mo tshedimosetsong e e buang ka dimela le diphologolo mme go ise go ye kae a lemoga dilo tse di kgatlhang ka Baebele. Fa Bernie a lemoga gore Bernadette o a kgatlhega, o ne a ithaopa go ithuta Baebele le ene mo gae mahala mme moragonyana a boa a tshotse buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Fa Bernie a eta lekgetlo la boraro, ene le Bernadette ba ne ba tlotla ka kgaolo ya ntlha ya buka eo. Mo e ka nnang ngwaga moragonyana, ka Ngwanatsele 2012, Bernadette o ne a kolobediwa. O ne a gatela pele ka bofefo mo boammaaruring mo ditsala tsa gagwe di neng di rata go re Bernadette o “tabogetse” mo boammaaruring. Ruri Web site e ne e mo thusitse go bo bona ka bonako.