Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

JW.ORG—“Bosupi mo Ditšhabeng Tsotlhe”

JW.ORG—“Bosupi mo Ditšhabeng Tsotlhe”

Jesu o ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Math. 24:14) Eleruri Web site ya jw.org ke sedirisiwa se se thusang thata go fitlhelela ‘ditšhaba tsotlhe’ mo nakong e khutshwane e e setseng pele bokhutlo bo tla.

Banyalani bangwe ba barongwa kwa Solomon Islands ba ne ba rera mo motseng o o fa losing lwa lewatle o go tshwarwang ditlhapi mo go one fa ba kopana le borre ba ba godileng ba le banè. Ba ne ba lemoga gore banna bano ba na le difouno tsa selula ka jalo barongwa ba ne ba ba botsa gore a ba itse go dirisa Internet. Ba ne ba re ba a itse. Go tswa foo banyalani ba ne ba ba bontsha gore ba ka tsena jang mo jw.org, ba ka bona jang puo ya bone, ba ka itseela jang dimakasine le Baebele le gore ba ka dirisa jang karolo ya malapa le ya bana. Fa barongwa bano ba le mo tirong ya go rera, ba rata go bontsha bana bidio ya Rapela ka Metlha. Fa setlhopha sengwe sa bana ba ba itumetseng ba sena go bona bidio eo, ba ne ba tabogela mo sekgweng ba ntse ba opela ba re, “Ke rapela ka metlha yotlhe . . . ”

Ulaanbaatar, Mongolia

Makwalo a a latelang a a bontshang kanaanelo ke a se kae fela mo go a mantsi a a amogetsweng ke ntlokgolo ya rona kwa New York:

“Nna le monna wa me re fudugetse mo Mexico mme re leka go bua Se-Spain gore re kgone go rerela batho botlhe ba re kopanang le bone. Nako le nako fa ke tsena mo jw.org, ke leboga Jehofa ka gonne e nthutile go reetsa le go ithuta. Go na le dilo tse dintsi—dimakasine, dibuka, mmino le diterama—ka dipuo tse dintsi. Ke a lo leboga e bile ke a lo rata ka ntlha ya tiro yotlhe ya lona ya bonatla.”—D.H., Mexico.

“Ke a foufala mme ke rata Web site ya lona fela thata ka gonne e na le tshedimosetso e ntsi e e rekotilweng e ke kgonang go e reetsa. Ke kwala jaana go lo kgothatsa gore lo tswelele lo tsenya dibuka tsa lona, diboroutšhara le dikgatiso tse dingwe tsa MP3 (difaele tse di reediwang) ka gonne ke kgona go tlhola ke di reeditse letsatsi lotlhe.”—K.G., United States.

“Ke rata jw.org! E motlhofo go e dirisa mme e ntlhotlheleditse gore ke tlhoafalele go ithuta ke le nosi le gore ke tlhagafale mo bodireding. Ke na le dingwaga di le 72 e bile ke na le dingwaga di le 47 ke kolobeditswe mme ke ntse ke le mmulatsela ka dingwaga di feta 30. Ke na le bana ba le 9 ba ba kolobeditsweng, mme ke na le ditlogolwana di le 16 le ditlogotlogolwana di le 3. Jaanong re na le dikokomana di le nnè tsa babulatsela ba ka metlha mo lelapeng la rona. Ke leboga Jehofa ka dijo tseno tsa semoya tse di tlileng ka nako e e tshwanetseng.”—M.T., United States.

“Ke kwala lekwalo leno nako e le 4:00 a.m. Gantsi ke fetsa diura tse dintsi ke se na boroko bosigo ka gonne ke tshwerwe ke multiple sclerosis le malwetse a mangwe, fela jaaka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe. Jehofa o ntse a tsweletse ka go re tlhokomela semoyeng mme ke batla go lo leboga malebana le seno. Gantsi fa ke akanya, ke leba dilo ka leitlho la mogopolo, mme seo se dira gore tsela e Web site eno e dirilweng ka yone e ntsholegele molemo. Ke anaanela thata di-graph, dibidio tse dikhutshwane le ditshwantsho—tsotlhe di na le ditlhaloso tse di maleba, tse di utlwalang sentle.”—B.B., New Zealand.

“Ke kwala jaana go lo leboga. Ke dira tiro ya bongaka mo kgaolong e e kwa thoko ya Sri Lanka, mme ga ke amogele dimakasine mono ka puo ya gaetsho. Mme ka ntlha ya Web site ya lona, ke kgona go di itseela le go di bala ka segaetsho. Web site ya lona ke nngwe ya dimpho tse di molemolemo tse Jehofa a di neileng batho ba ba tshwanang le nna.”—N.F., Sri Lanka.

“Ke kwala lekwalo leno ke lo lebogela tiro yotlhe ya bonatla e lo e dirang go thusa batho go ithuta ka Jehofa. Tsweetswee nnang lo dire dibidio tse di tsenang mo jw.org. Dibidio tseo di thusitse nna le lelapa la gaetsho go lebana le mathata. Bidio e e nthusitseng thata ke ya Fenya Mokgerisi Kwantle ga go Lwa le Ene. Ke lo leboga gape ka ntlha ya tiro ya lona ya bonatla.”—Y.S., wa dingwaga di le 9, kwa United States.

“Ke batla go lo leboga le go leboga Jehofa ka dijo tsa semoya tse re nang le tsone. Web site ya jw.org e nthusitse fela thata, segolobogolo karolo ya ‘Basha.’ Gape ke rata motseletsele wa Nna Tsala ya ga Jehofa. Ke na le bonnake ba bararo ba basetsana, mme ke kgona go bona kafa tshedimosetso eno e ba solegelang molemo ka teng. Le fa re le kgakala le lona, re bakaulengwe ba ba seoposengwe ka ntlha ya lorato lo rotlhe re ratang Jehofa ka lone. Ke a leboga.”—A. B., Peru.