Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

Loeto lo lo Kgatlhang go Ralala Hisitori

Loeto lo lo Kgatlhang go Ralala Hisitori

Ka Diphalane 2012 kwa Brooklyn, New York, go ne ga bulwa lefelo le lesha la dipontsho le batho ba itsamaisang mo go lone le le bontshang hisitori ya Basupi ba ga Jehofa. Lefelo leno le bontsha kafa batho ba ba neng ba leka go tshela ka tsela ya Bokeresete jaaka Jesu a rutile, ba neng ba boga ka gone le dikotsi tse ba neng ba lebana le tsone.

Mo bekeng ya ntlha fela, baeng ba feta 4 200 le maloko a lelapa la Bethele ba ne ba etela lefelo leno go tla go le bona. Naomi, Mosupi mongwe yo o nnang gaufi le foo o ne a etela lefelo leno fela fa le sena go bulwa. O ne a re: “Tsela e dilo di beilweng ka yone ka tatelano ya ditiragalo e nthusitse gore ke tlhaloganye gore dilo di diragetse leng le gore ke ka ntlha yang di diragetse ka tsela e di ileng tsa diragala ka yone. Ke ithutile go le gontsi ka phuthego ya rona le hisitori ya yone ya motlha wa gompieno.”

Loeto lo simolola ka ditiragalo tsa mo motlheng wa Bokeresete ka 33 C.E. go fitlha mo motlheng wa rona. Lefelo leno la dipontsho le rulagantswe ka dikarolo di le nnè. Karolo nngwe le nngwe e na le setlhogo se se theilweng mo Dikwalong e bile e simolola ka bidio e khutshwane e e ka tshamekiwang ka Seesemane mme kwa tlase e bontsha mafoko a a tlhalosang se se buiwang ka dipuo di le supa.

Karolo ya ntlha, “Batho ba Ratile Lefifi,” e theile setlhogo sa yone mo mafokong a ga Jesu a a mo go Johane 3:19. Baebele e ne ya bolelela pele gore fa baaposetoloi ba sena go tlhokafala, banna ba ba boikepo ba ne ba tla ‘tsoga mme ba bue dilo tse di sokameng.’ (Dit. 20:30) Ba ba neng ba le pelokgale go ganetsa kgopolo e e neng e aname ka nako eo, ba ne ba otlhaiwa botlhoko.

Go farologana le seo, karolo e e latelang ya “A Lesedi le Phatsime,” e e theilweng mo go 2 Bakorintha 4:6, e simolola kgang ya tatelano ya ditiragalo mo bowelong jwa dingwaga tsa bo1800 fa baithuti ba ba peloephepa ba Baebele ba ne ba simolola go ithuta Dikwalo sesha. Ba ne ba latlha ditumelo tse ba neng ba sa bolo go nna le tsone tse di seyong mo Baebeleng mme ba rera boammaaruri jo bo nayang lesedi ka bopelokgale. Karolo eno e bontsha kafa ba neng ba gola ka teng mo kitsong ba bo ba oketsega ka palo pele ga Ntwa ya Lefatshe ya I.

Loeto lo tswelela ka phaposi e e bontshang sengwe se se fitlheletsweng se se kgatlhang Basupi ba ga Jehofa go fitlha le gompieno. Ka 1914 Baithuti ba Baebele (jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo) ba ne ba simolola go bontsha “Photo-Drama of Creation.” Batho ba le dimilionemilione ba ne ba bona thulaganyo eno e e neng e kopanya ditshwantsho tse di tsamayang le tse di sa tsamayeng le medumo e e rekotilweng. Dingwe tsa dilo tse di bontshiwang, ke ditshwantsho tsa yone tsa ntlhantlha, bidio e khutshwane e e bontshang matseno a thulaganyo eno le diselaete tsa mebala di feta 500.

Karolo ya boraro ya setlhogo se se reng “Kgogela ya Galefa” e bua ka go bogisiwa ga balatedi ba ga Keresete mo go tlhalosiwang mo go Tshenolo 12:17. Fano go tlhalosiwa ka boitlhaodi jwa Bakeresete ka nako ya ntwa. Kwantle ga dilwana le ditshwantsho tse di bontshitsweng, go na le dibidio tse dikhutshwane tse di bontshang kafa go neng go lekwa ka teng go pateletsa batho ba ba neng ba gana bosole ka ntlha ya segakolodi, ba ba jaaka Remigio Cuminetti wa kwa Italy, yo o neng a gana go apara diaparo tsa sesole kgotsa go lwa ka Ntwa ya Lefatshe ya I. Bidio e nngwe e khutshwane e tlhalosa ka Alois Moser wa kwa Austria. O ne a gana go re “Heil Hitler” mme ka ntlha ya seo a lelekwa mo tirong mme morago a isiwa kwa kampeng ya pogisetso ya Dachau. Sele e e lefitshwana e e itiretsweng e na le ditshwantsho tse di tlhalosang go tsenngwa ga Basupi ba ga Jehofa mo kgolegelong ka ntlha ya go tshela go ya ka se ba se dumelang kwa Gerika, kwa Japane, kwa Poland, kwa nageng e pele e neng e le Yugoslavia le kwa dinageng tse dingwe.

Karolo ya bofelo, “Dikgang Tse di Molemo go Ditšhaba Tsotlhe,” e e theilweng mo go Tshenolo 14:6, e tlhalosa tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo dingwageng tsa bosheng. Ditshwantsho tse di mo leboteng di bontsha kafa ba neng ba oketsega ka bofefo ka teng, ba rera ba sa kgaotse le kafa ba neng ba ratana ka teng. Kwa bofelong, go na le disekirini tsa khomputara tse batho ba kgonang go di dirisa go bona Bible House le Brooklyn Tabernacle, tse e leng mafelo a a neng a dirisiwa ke Basupi ba ga Jehofa dingwaga di feta 100 tse di fetileng.

Lefelo leno la dipontsho le kwa 25 Columbia Heights kwa Brooklyn, New York. Le bulwa go tloga ka Mantaga go fitlha ka Labotlhano, 8:00 a.m. go fitlha ka 5:00 p.m., mme go tsenwa mahala. Fa o le mo New York City, ke eng fa o sa tle go tsaya loeto lo lo kgatlhang go ralala hisitori?