Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

Pego ya Tsa Molao

Pego ya Tsa Molao

Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete jaana: “Nnang lo gopotse ba ba mo dikgoleng tsa kgolegelo jaaka e kete lo golegilwe le bone.” (Baheb. 13:3) Rona batlhanka ba ga Jehofa, re nna re gopola bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba ikanyegang le go rapela malebana le “botlhe ba ba mo maemong a a kwa godimo; gore re tle re tswelele re tshela botshelo jo bo sisibetseng le jo bo didimetseng ka boineelo jo bo tletseng jwa bomodimo le bomasisi.”—1 Tim. 2:1, 2, ntlha e e kwa tlase go NW; Baef. 6:18.

Tseno ke dingwe tsa dikgang tsa semolao tse Basupi ba ga Jehofa ba ntseng ba lebane le tsone mo ngwageng o o fetileng:

Bakaulengwe ba rona kwa Russia ba ntse ba “tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo” le fa Kereke ya Orthodox ya Russia le balaodi bangwe ba puso ba ntse ba leka go emisa tiro ya rona. (Dit. 5:42) Balaodi ba Russia ba tsweletse ka go dirisa e se ka tshwanelo—mo dikgatisong tsa rona le mo bakaulengweng ba rona—molao o o kgatlhanong le dilo tse di kotsi mo setšhabeng o kwa tshimologong o neng o diretswe go lwantsha borukhutlhi. Ka ntlha ya seo, dikgotlatshekelo tsa Russia di boletse gore dikgatiso tsa rona di ka nna 70 di na le mafoko “a a kotsi” mme balaodi ba puso ba tsentse dikgatiso tseno mo lenaaneng la setšhaba la dikgatiso tse di kotsi tse di thibetsweng. Ka ntlha ya seno se go tweng se kotsi, balaodi bangwe ba dikgaolo ba phuruputsha Diholo Tsa Bogosi le magae a bakaulengwe ba rona ba batla dikgatiso tseo. Mapodise a tshwara Basupi ba le bantsi, a ba tsaya ditshwantsho le go ba gatisa menwana ka gonne ba le mo bodireding. Gantsi ba leka go ba tshosetsa fa ba ntse ba ba tswaletse kwa seteisheneng sa mapodise.

Go simolola ka Motsheganong 2013, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 16 kwa toropong ya Taganrog ba ne ba sekisediwa go rulaganya dipokano tsa Bokeresete, go nna gone mo go tsone le go nna le seabe mo go tsone mmogo le go dira tiro ya go rera. Leno ke lekgetlo la ntlha fa e sa le puso ya Soviet Union e wa Basupi ba latofadiwa ka gore ba dira ditiro tsa bokebekwa fela ka gonne ba dira dilo tsa bodumedi jwa bone. Balaodi mo mafelong a mangwe a Russia ba leka go tlhotlheletsa dikgotlatshekelo gore di bolele fa dikgatiso tsa rona di le “kotsi” le gore di atlhole bakaulengwe ba rona e le dikebekwa tse di nang le letlhoo la bodumedi.

Maemo a bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona kwa Eritrea ga a ise a tokafale. Fa e sa le ka Phukwi 2013, go ne go na le ba le 52 mo kgolegelong, go akaretsa bakaulengwe ba le robedi ba ba nang le dingwaga di le 70 kgotsa go feta, mmogo le bokgaitsadi ba le barataro. Bakaulengwe ba le bararo, Paulos Eyassu, Isaac Mogos le Negede Teklemariam, ba ntse ba le mo kgolegelong fa e sa le ka Lwetse 24, 1994, ka ntlha ya go se tseye letlhakore mo tirelong ya bosole.

Palo e e fetang halofo ya botlhe ba ba mo dikgolegelong ba kwa kampeng ya kgolegelo ya Meiter, e e kwa karolong e e sekaka e e kwa bokone jwa motsemogolo, Asmara. Go tloga ka Diphalane 2011 go fitlha ka Phatwe 2012, balaodi ba ne ba otlhaya bakaulengwe ba rona ba le 25 ka go ba tsenya mo kagong ya disenke e bontlhanngwe jwa yone bo epetsweng fa fatshe. Ka dikgwedi tsa selemo, badisa ba ntsha magolegwa motshegare gore ba falole mogote o mogolo wa kago eno. Le fa go ntse jalo, ga ba newe dijo tse di lekaneng le metsi a a lekaneng, ka jalo bakaulengwe ba rona ba a boga. Ka maswabi, Yohannes Haile, mokaulengwe wa dingwaga tse 68, o ne a tlhokafala ka Phatwe 2012 ka ntlha ya go tshwarwa makgwakgwa, fela jaaka Mokaulengwe Misghina Gebretinsae yo o tlhokafetseng ka 2011.