Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

Dipego—Dikgang go Tswa mo Lefatsheng Lotlhe

Dipego—Dikgang go Tswa mo Lefatsheng Lotlhe

Mapodise A ne A Thusa go Folosa Ditena

Kwa Kutaisi, motse wa bobedi ka bogolo mo Republic of Georgia, go ne ga tshwarwa dikopano ka dingwaga di le 13 mo kagong e kgologolo e e onetseng ya madirelo a bojalwa jwa champagne. Go ne go pegwa dipolasetiki kwa godimo ga ditulo gore fa pula e na e se ka ya nela bareetsi. Jaanong bakaulengwe ba na le Holo e ntšha ya Bogosi e e tshwanelegang e e kgonang go atolosiwa go tshwarela dikopano tse dinnye le tse dikgolo. Fa e ntse e agiwa, baithaopi ba le 50 ba ne ba folosa ditena tsa samente mo loring fa mapodise a ne a tla go bona gore go diragalang. E re ka mapodise a ne a kgatlhiwa ke boipelo le tlhoafalo ya badiri, a ne a ba akgola mme a ba thusa go folosa ditena tseo. A ne a kopa bakaulengwe gore ba a bitse fa motho ope fela a ka ba tshwenya. Mapodise a ne a solofetsa gore a tla tla kopanong ya ntlha e e tla tshwarelwang mo Holong ya Dikopano e ntšha.

O ne A Rekisa Baesekele ya Gagwe

Malachi, mogolwane yo o nnang kwa Burundi, o ne a itshedisa ka go lema le go tsamaisa merwalo ka baesekele ya gagwe. Malachi o ne a swetsa ka gore a thuse mo tirong ya go aga Holo ya bone ya Bogosi ka go ya kwa setsheng letsatsi le letsatsi. E le gore a dire jalo, o ne a tlhoka madi go tlhokomela lelapa la gagwe mo dikgweding tse pedi tsa fa kago e ntse e tsweletse. Ka jalo o ne a rekisa baesekele ya gagwe mme a naya mosadi wa gagwe mangwe a madi ao gore a tlhokomele lelapa, mme a a setseng o ne a a tsenya mo lebokosong la moneelo go thusa ka ditshenyegelo tsa kago. Matsapa ano a gagwe a ne a felela ka gore a newe thapiso e e molemo ke badiredi ba kago ya Holo ya Bogosi. Fa Holo ya Bogosi e sena go wediwa, Malachi o ne a kgona go bona tiro ya go aga ka gonne batho ba ne ba bona kafa e neng e le moagi yo o setswerere ka teng. Fa nako e ntse e ile, Malachi o ne a kgona go ithekela baesekele e nngwe!

Ba ne Ba Tlhotlheletsega go Thusa

Go aga Diholo Tsa Bogosi kwa mafelong a a kwa kgakala kwa Malawi go na le dikgwetlho tse di sa tlwaelegang. Mo ngwageng o o fetileng wa tirelo, holo nngwe ya bogosi e ne ya agiwa mo lefelong le ditsela tsa lone di leng maswe thata. Bakaulengwe ba ba tswang kwa lekaleng ba ne ba dirisa dikoloi tse di gogang ka maotwana a le manè go isa dilwana tsa kago kwa setsheng. Bakaulengwe ba ne ba re batho ba motse ba ne ba kgatlhegela tiro eno ya go aga holo fela thata. Batho ba le bantsi ba e seng Basupi mo lefelong leo ba ne ba ithaopela go thusa le go dira go fitlha go nna bosigo ba folosa motlhaba, maje a a tswang kwa dikwaring, dikgetsi tsa samente le disenke tse di rulelang. Tota e bile, go na le dinako tse ka tsone palo ya batho ba e seng Basupi e neng e feta ya Basupi! Batho ba mo motseng ba ne ba tlhotlheletsega go thusa ka gonne ba ne ba kgatlhiwa ke matsapa a Basupi ba ga Jehofa ba a tsayang go aga mafelo a kobamelo a a nang le seriti mo mafelong a a kgakala jaaka la bone.

Bana Ba ne Ba Rekisa Dimonamone

Banyalani ba babulatsela ba ba kgethegileng kwa Côte d’Ivoire ba ithuta Baebele ka Se-Bete, puo e e buiwang koo, le banyalani ba ba nang le bana ba le lesome. Ka Motsheganong 2013, go ne ga tshwarwa kopano ya ntlha ka Se-Bete kwa toropong ya Daloa mme botlhe mo lelapeng ba ne ba batla go ya. Le fa go ntse jalo, madi a go ya kopanong e ne e le 800 CFA (R16,00) motho a le mongwe, go ya le go boa, mme rre o ne a ka se kgone go duelela lelapa la gagwe le legolo madi a mosepele. E re ka a ne a ikemiseditse gore ba ye, o ne a tla ka leano. O ne a naya morwadie yo mogolo 300 CFA (R6,00) mme a mo akantsha gore a rekise dimonamone mme o ne a dira jalo. O ne a dira poelo e e lekaneng go ituelela mosepele. Rre o ne a dira se se tshwanang le ka bana ba bangwe—o ne a naya mongwe le mongwe wa bone 300 CFA gore a simolole kgwebo e nnye ya dimonamone go fitlha botlhe ba nna le madi a a lekaneng go ituelela mosepele wa go ya kopanong. Kgabagare bone le ba bangwe ba ne ba kgona go ya kopanong. Ba ile ba itumela fela thata go reetsa thulaganyo ka puo e ba e antseng!