Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

Tiro e Gatetse Pele Kwa Warwick

Tiro e Gatetse Pele Kwa Warwick

GO A tlhanasela e bile go rena boitumelo kwa setsheng sa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa e e tla nnang kwa Warwick, New York. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ithontshitse dilo di le dintsi gore ba nne le seabe mo porojekeng eno. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa re: “Ga go na sepe se se itumedisang jaaka go direla kwano.” Mma re bone gore go diragalang kwa Warwick.