Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

Lefapha la Lefatshe Lotlhe la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga

Lefapha la Lefatshe Lotlhe la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga

E RE ka phuthego ya Modimo e gola ka lobelo lo lo kwa godimo, seno se dira gore go tlhokege Diholo Tsa Bogosi, Diholo Tsa Dikopano, dikago tsa dikolo tsa puso ya Modimo, diofisi tsa thanolo le dikago tsa makala tse di oketsegileng. Ka jalo ka October 2013, Setlhopha se se Laolang se ne sa tlhoma lefapha le lesha gore tiro ya go tlhama dipolane, go aga, go tlhabolola le go tlhokomela dikago e dirwe ka bofefo le ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. Lefapha leno le bidiwa Lefapha la Lefatshe Lotlhe la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga. Lefapha leno le kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn, New York mme le okametswe ke Komiti ya Kgatiso ya Setlhopha se se Laolang.

Lefapha leno le okametse Mafapha a Kgaolo a go Tlhama Dipolane Le a Go Aga a a kwa diofising tsa makala tse di kwa Afrika Borwa, Australia, Jeremane le United States. Mafapha ano a rulaganya tiro ya go tlhama dipolane, go aga le go tlhokomela dikago tse di mo dikgaolong tsa tsone. Mokgele wa mafapha ano ke go akofisa tiro ya go aga Diholo Tsa Bogosi. Mo nakong e e fetileng, Diholo Tsa Bogosi di ne di agiwa ke Komiti ya Kago ya Kgaolo (RBC) kgotsa go dirisiwa thulaganyo ya go thusa dinaga tse di humanegileng. Dithulaganyo tseno tse pedi di ne tsa kopanngwa gore tiro ya go aga e dirwe ka bofefo.

E re ka go tlhokega Diholo Tsa Bogosi le Diholo Tsa Dikopano, lekala lengwe le lengwe le ne la tlhoma Lefapha la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga. Lefapha leno le okametswe ke Komiti ya Lekala. Se se itumedisang ka diphetogo tseno ke gore gone jaanong lekala le kgona go romela ditlhopha tsa go aga kwa mafelong a a farologaneng go ya go thusa bakaulengwe go aga Diholo Tsa Bogosi le Diholo Tsa Dikopano.

Ka April 2014, go ne go na le diporojeke tsa kago di feta 270, tse di akaretsang diofisi tsa thanolo di le 90, Diholo Tsa Dikopano di le 35 le diporojeke tsa makala di le 130. Mo godimo ga moo, Diholo Tsa Bogosi di feta 14 000 di tlhoka go agiwa kgotsa go tlhabololwa.

Le fa batho ba ga Jehofa ba farologana ka naga, lotso le puo, ba bereka ba le seoposengwe go aga dikago tse di leretseng leina la gagwe le le boitshepo pako le kgalalelo. A bo seno se nonotsha tumelo jang ne! Dan Molchan, wa Komiti ya Badiri mo ntlokgolong ya lefatshe lotlhe a re: “Go sa ntse go na le namane e tona ya tiro mme re anaanela dithapelo le meneelo ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Mme segolobogolo re leboga bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ithaopileng ka go rata mo diporojekeng tseno.”