Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

Pego ya Tsa Molao

Pego ya Tsa Molao

ARMENIA E Dira Thulaganyo ya Tirelosetšhaba e e Tlotlang Boitlhaodi Jwa Basupi

Armenia: Bakaulengwe bangwe ba dira tirelosetšhaba kwa dikarolong tse di kgakalakgakala tsa naga. Le fa ba le koo, ba sa ntse ba rera ka tlhoafalo

Ka 2013, puso ya Armenia e ne ya letlelela Basupi ba ga Jehofa go dira tirelosetšhaba go na le go re ba isiwe kgolegelong ka ntlha ya go se tsenele bosole. Ka January 2014, lekala le ne la bega gore bakaulengwe ba le 71 ba simolotse tirelosetšhaba. Ka sekai, bakaulengwe ba bangwe ba direla kwa dikokelong mo phaposing ya boapeelo kgotsa ba thusa baoki. Ba ba okametseng thulaganyo eno ba itumeletse bonatla jwa bakaulengwe le tsela e ba itshwereng ka yone le fa gantsi ba dira tiro e e seng motlhofo. Bakaulengwe ba itumeletse thulaganyo eno ka gonne ba kgona go tswelela ba na le segakolodi se se phepa le fa ba dira tirelosetšhaba. * Mokaulengwe mongwe o ne a re: “Re leboga Jehofa go bo re kgona go dira tirelosetšhaba ka gonne e re thusa go boloka boitlhaodi jwa rona le gore re kgone go mo obamela ka kgololesego.”

DOMINICAN REPUBLIC E Naya Basupi Tetla ya go Nyadisa

Ka 1954, puso ya Dominican Republic e ne ya saena tumalano le Vatican gore Kereke ya Katoliki ke yone fela e nang le tetla ya go nyadisa batho semolao. Fa banyalani ba sa nyadisiwe ke Kereke ya Katoliki, ba ne ba ka nyadisiwa fela ke modiredi wa puso. Le fa go ntse jalo, ka 2010 puso e ne ya tlhoma molaotheo o o nayang baemedi ba madumedi a mangwe tetla eno. Puso e ne ya rulaganya gore ba ba batlang go nyadisa batho semolao ba thapisiwe. Ka jalo, ofisi ya lekala kwa Dominican Republic e ne ya tlhopha bagolwane ba le 30 gore ba thapisiwe. Puso e ne ya thapisa batho ba feta 2 000 mme ke ba le 32 fela ba ba neng ba newa lekwalo la go nyadisa semolao. Mme bakaulengwe botlhe ba le 30 ba ne ba newa lekwalo leno gore ba nyadise Basupi.

INDIA Ba Ikemiseditse go Rera ba sa Boife Sepe

Sundeep le Deepalakshmi Muniswamy

Ka June 28, 2011, Mokaulengwe Sundeep Muniswamy o ne a tlhaselwa ke segopa. Lepodise le le dirang kwa seteisheneng sa mapodise sa kwa Old Hubli kwa Karnataka ga le a ka la mo sireletsa. Ka ntlha ya seno, ka January 27, 2014, Khomishene ya Ditshwanelo Tsa Batho ya Kwa Karnataka e ne ya dira tshwetso ya gore lepodise leo le gatakile ditshwanelo tsa ga Mokaulengwe Sundeep. Khomishene e ne ya laela puso ya Karnataka gore e otlhaye lepodise leo le gore Mokaulengwe Muniswamy a tlhatswiwe seatla ka di-rupee di le 20 000 (R3 600). Khomishene e ne ya re lepodise leno le duele mokaulengwe ka madi a a a amogelang kgwedi le kgwedi.

Mokaulengwe Muniswamy a re ene le ba lelapa la gagwe ba leboga Jehofa ka tshwetso e e dirilweng le gore ba ikemiseditse go tswelela ba rera dikgang tse di molemo ba sa boife sepe. Tshwetso eno e nonotshitse tumelo ya bakaulengwe e bile e dirile gore ba ikanye tsela e Jehofa a sireletsang batho ba gagwe ka yone. Gape e gwetlha balaodi ba puso gore ba sireletse ditshwanelo tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Karnataka. Go sa ntse go na le kgetsi e nngwe kgatlhanong le Mokaulengwe Muniswamy le mokaulengwe yo mongwe e e malebana le tiragalo eno.

KYRGYZSTAN Lekgotla la Molaotheo la Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang le Buelela Tshwanelo Ya go Se Tsenele Bosole

November 19, 2013, ke letsatsi le le sa lebalesegeng mo go ba ba ganang go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi. Lekgotla la Molaotheo la Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang le ne la dira tshwetso mo dikgetsing di le 11 tsa Basupi ba ga Jehofa la bo la re thulaganyo ya tirelosetšhaba ya Kyrgyzstan ga e dumalane le molaotheo. Go ya ka molao, go ne go lebeletswe gore ba ba dirang tirelosetšhaba ba eme nokeng tirelo ya bosole ka madi le gore ba ikwadisetse sesole fa ba sena go wetsa tirelosetšhaba. Kgotlatshekelo e ne ya re go pateletsa batho go dira tirelosetšhaba mo maemong a a ntseng jalo ke go gataka tshwanelo ya bone ya go gololesega le ya go obamela. Ka ntlha ya seo, mo masimologong a 2014, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang kwa Kyrgyzstan e ne ya dirisa tshwetso ya Lekgotla la Molaotheo go tsholola dikgetsi tse di neng di le kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa ba le 14. Ditshwetso tseno di fedisitse kgang eno ya moruthutha e e tsereng dingwaga di le supa go rarabololwa. Tsela e makawana ano a ikemiseditseng go boloka boitlhaodi jwa bone ka yone e dira gore leina la ga Jehofa le bakwe le gore Basupi ba obamele ka kgololesego kwa Kyrgyzstan.

Kyrgyzstan: Bakaulengwe ba ba ileng ba seka kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya Kyrgyzstan

NIGERIA “Jehofa O ne A Ntuetse”

Kwa Abia State kwa Nigeria, gantsi Basupi ba ga Jehofa ba a tshosediwa e bile ba a kgethololwa ka gonne ba sa batle go tsenela mekgatlho ya mo motseng. * Ditiro tsa mekgatlho eno gantsi di akaretsa thubakanyo le tirisabadimo. Mo mosong mongwe ka November 2005, Mokaulengwe Emmanuel Ogwo le mosadi wa gagwe ba ne ba tlhaselwa ke maloko a mokgatlho wa motse wa Asaga Ohafia. Ba ne ba tseelwa dithoto ka gonne ba sa batle go ntsha madi a go tsenela mokgatlho oo. Ba ne ba sala fela ka diaparo tse ba neng ba di apere. Ka 2006, Mokaulengwe Ogwo le mosadi wa gagwe ba ne ba kobiwa mo motseng. Ba ne ba tshabela kwa ntlong ya mokaulengwe kwa motseng mongwe mme ba bona tlhokomelo gone. Ngwaga o o latelang, Mokaulengwe Ogwo o ne a boela kwa ntlong ya gagwe mme a tswelela ka go itshokela go gatelelwa ke maloko a mokgatlho ono a gape a neng a gana go busa dithoto tsa gagwe.

Kgabagare ka April 15, 2014, Kgotlatshekelokgolo ya Abia State e ne ya dira tshwetso ya gore Mokaulengwe Ogwo o na le tshwanelo ya go itlhophela gore o ikamanya le bomang e bile o na le kgololesego ya bodumedi. Mokaulengwe Ogwo o ne a busediwa dithoto tsa gagwe. Gone jaanong Basupi ga ba tlhole ba kgethololwa jaaka pele e bile bakaulengwe kwa Asaga Ohafia ba kgona go rera ba gololesegile.

E rile Mokaulengwe Ogwo a utlwa ka tshwetso eno, o ne a re: “Ke ne ke itumetse tota. Ke ne ka ipela. E ne e kete Jehofa ke ene a fentseng le gore baengele ba ne ba nkeme nokeng. Jehofa o ne a ntuetse.”

RUSSIA Tshwetso e e Neng ya Ema jw.org Nokeng

Bakaulengwe ba rona ba kwa Russia ba lebane le dikgwetlho tse dintsi mme dilo “di diragetse ka tsela e e dirang gore dikgang tse di molemo di tswelele pele” mo nageng eno. (Bafil. 1:12) Le fa badiredi ba puso le baeteledipele ba bodumedi ba le kgatlhanong le kobamelo ya rona, bakaulengwe ba rona kwa Russia ba boloka bothokgami jwa bone e bile Jehofa o a ba segofatsa.

Seno se ne sa bonala sentle mo kgetsing nngwe ya kwa Tver. Ka 2013, mosekisi wa kwa Tver o ne a dira kopo ya gore jw.org e thibelwe kwa Russia. Kgotlatshekelo e ne ya thibela website ya jw.org e sa itsise baemedi ba Basupi ba ga Jehofa ka tsheko eo. Bakaulengwe ba rona ba ile ba utlwa ka tshwetso ya go thibela website mme ba ne ba ikuela kwa kgotlatshekelong. Ka January 22, 2014, kgotlatshekelo eno e ne ya phimola tshwetso e e neng e dirilwe ke kgotlatshekelo e potlana mme ya letla Basupi gore ba dirise website ya bone. Gone jaanong bakaulengwe ba rona kwa Russia ba kgona go itumelela go dirisa jw.org. Re leboga Jehofa le bakaulengwe ka dithapelo tsa bone.

TURKEY E Tswelela ka go Itlhokomolosa Tshwanelo Ya ba Ba sa Tseneleng Bosole ka Ntlha ya Segakolodi

Bariş Görmez yo e leng Mosupi wa ga Jehofa kwa Turkey, o ntse dingwaga di le nnè kwa kgolegelong ka ntlha ya go gana go tsenela bosole. Mapodise a ne a mo tshwara makgwakgwa fa a le kwa kgolegelong ka go mo raga le go mmetsa ka dithobane. Gape o ne a boga fa a le mo seleng. E re ka Mokaulengwe Görmez a ne a le moleele thata, o ne a sa kgone go robala sentle mo bolaong, ka jalo o ne a patelesega go robala mo malaong a mabedi a a bapisitsweng. Kgabagare balaodi ba kgolegelo ba ne ba letla phuthego gore e mo neye materase a a tla mo lekanang.

Ka 2008, Mokaulengwe Görmez le Basupi ba bangwe ba bararo, ba ne ba ikuela kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho ba re Turkey e gatakile tshwanelo ya bone ya kgololesego ya go obamela. Ka June 3, 2014, Kgotlatshekelo e ne ya swetsa ka gore puso ya Turkey e gatakile ditshwanelo tsa Basupi bano * le gore ba tshwanetse go duelwa. Ke lekgetlo la boraro Kgotlatshekelo ya Yuropa e buelela Basupi ba ga Jehofa kgatlhanong le Turkey ka kgang eno. Le fa gone jaanong go se na Basupi mo dikgolegelong tsa kwa Turkey, kgang eno ga e na go rarabololwa go fitlha Turkey e amogela gore batho ba na le tshwanelo ya go gana go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi.

Dikgang Tsa Bosheng ka Dipego Tsa Nako e e Fetileng

Azerbaijan: Bakaulengwe mo nageng eno ba sa ntse ba boga. Mapodisi a a ba kgoreletsa fa ba tshwere dipokano, dikgatiso tsa bone di a thibelwa, ba a tshwarwa fa ba ntse ba rera e bile ditshwanelo tsa bone di gatakwa ka ditsela tse dingwe. Go ntse go le jalo, puso e sa ntse e gana go kwadisa Mokgatlho wa Bodumedi wa Basupi ba ga Jehofa. Go isitswe makwalokopo a le 19 a a kgatlhanong le Azerbaijan kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho. Le fa maemo a le thata, masego a ga Jehofa a bonala mo koketsegong ya baboledi le go gololwa ga Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka Se-Azerbaijan.

Eritrea: Bakaulengwe ba rona ba tsweletse ka go direla Jehofa ka boikanyegi le fa ba bogisiwa setlhogo. Bakaulengwe ba bararo e bong, Paulos Eyassu, Isaac Mogos le Negede Teklemariam ba na le dingwaga di le 20 ba le mo kgolegelong fa e sa le ka September 24, 1994. Kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka April 14, 2014, balaodi ba Eritrea ba ne ba tshwara Basupi ba ka nna 150 le batho ba ba neng ba laleditswe. Yo o monnye thata mo go bone o ne a na le dikgwedi di le 16 mme yo o mogolo a na le dingwaga di le 85. Ka April 27, 2014, balaodi ba ne ba tshwara Basupi ba bangwe ba ka nna 30 kwa puong e e kgethegileng le ba ba neng ba laleditswe. Bontsi bo ne jwa gololwa.

Kazakhstan: Kemedi ya Mokgatlho wa Dikgang Tsa Bodumedi e thibetse dikgatiso tsa Basupi di le 14 gore di se ka tsa tsena kgotsa tsa anamisiwa kwa Kazakhstan. Gape bakaulengwe ba letleletswe go rera fela mo mafelong a kobamelo e bile bakaulengwe ba ka nna 50 ba atlholetswe tiro ya borongwa e go tweng ga e kafa molaong. Go femela kgololesego ya bone ya go rera, bakaulengwe ba isitse makwalokopo a boikuelo a le 26 kwa Komiting ya Ditshwanelo Tsa Batho ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.

^ ser. 1 Go dira tirelosetšhaba ke tshwetso e motho a tshwanetseng go e itirela go ya ka segakolodi sa gagwe.

^ ser. 1 Mekgatlho ya mo motseng gantsi ke wa banna ba motse ba ba lekanang ka dingwaga.

^ ser. 2 Buldu and Others v. Turkey, No. 14017/08, June 3, 2014.