Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Kgona go Lwantsha Satane—Mme o mo Fenye!

O ka Kgona go Lwantsha Satane—Mme o mo Fenye!

“Ganetsanang le [Satane], lo nonofile mo tumelong.” —1 PETERE 5:9.

1. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore gone jaanong re lwantshane le Satane? (b) Re itse jang gore re ka kgona go mo fenya?

SATANE o lwantsha batlodiwa ba ba setseng mo lefatsheng mmogo le ba “dinku tse dingwe.” (Johane 10:16) Diabolo o batla go dirisa nako e khutshwane e e mo saletseng go dira gore batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba felelwe ke tumelo. (Bala Tshenolo 12:9, 12.) Mme re ka kgona go fenya Satane. Baebele ya re: “Ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.”—Jakobe 4:7.

2, 3. (a) Ke ka ntlha yang fa Satane a batla gore batho ba dumele gore ga a yo? (b) O itse jang gore Satane o teng?

2 Batho ba le bantsi ga ba dumele gore Satane o teng. Ba tsaya gore Satane le madimona a gagwe ke batho fela ba go buiwang ka bone mo dibukeng, mo difiliming tse di tshosang le mo metshamekong ya dibidio. Ba tsaya gore go dumela gore Satane le madimona a gagwe ba teng, ke boeleele fela. A ruri Satane o a kgathala fa batho ba sa dumele gore ene le madimona a gagwe ba teng? Le e seng. Seo se dira gore go nne motlhofo gore a ba raele ka gonne ba dumela gore ga a yo. (2 Bakorintha 4:4) Tota Satane o anamisa dikgopolo tseno ka gonne seo se dira gore a kgone go tsietsa batho.

3 Rona batlhanka ba ga Jehofa ga re a tsiediwa ka gonne re a itse gore Satane o gone. Re itse jang? Ka gonne Baebele ya re Satane o ne a bua le Efa a dirisa noga. (Genesise 3:1-5) O ne a bua le Jehofa mme a latofatsa Jobe gore o direla Modimo ka maitlhomo a a sa siamang. (Jobe 1:9-12) Satane o ne a leka go raela Jesu. (Mathaio 4:1-10) Mme fa Jesu a sena go dirwa Kgosi ka 1914, Satane o ne a “tlhabana” le batlodiwa ba ba setseng mo lefatsheng. (Tshenolo 12:17) Satane o sa ntse a lwantsha batlodiwa le ba dinku tse dingwe. Fa re batla go fenya ntwa eno, re tshwanetse go lwa le Satane mme re nonotshe tumelo ya rona. Mo setlhogong seno, re tla sekaseka ditsela di le tharo tse re ka dirang seno ka teng.

TILA BOIKGOGOMOSO

4. Satane ke sekao sa boikgogomoso jang?

4 Satane o ikgogomosa mo go maswe. Moengele yono yo o boikepo o ne a nna pelokgale jaana mo a neng a gwetlha tshwanelo ya Modimo ya go busa mme a leka go dira gore batho ba mo obamele go na le go obamela Jehofa. Ka jalo, ke ene sekao se segolo sa boikgogomoso le go ipelafatsa. Tsela nngwe e re ka fenyang Satane ka yone ke ka go tila go ikgogomosa mme re ikokobetse. (Bala 1 Petere 5:5.) Boikgogomoso ke eng? A go phoso go ikgogomosa?

5, 6. (a) A boikgogomoso bo phoso? Tlhalosa. (b) Ke mofuta ofe wa boikgogomoso o o leng phoso mme ke dikai dife tsa Baebele tse di bontshang seno?

5 Dikishinare nngwe ya re boikgogomoso ke boikutlo jwa go itshepa le go itlotla. Gape ke “boikutlo jwa go kgotsofalela sengwe se wena kgotsa batho bangwe ba ba atamalaneng le wena ba se fitlheletseng kgotsa sengwe se sentle se o nang le sone.” Ga go phoso go ikutlwa jalo. Moaposetoloi Paulo o ne a raya bakaulengwe ba kwa Thesalonika a re: “Re ipela ka lona mo diphuthegong tsa Modimo ka ntlha ya boitshoko jwa lona le tumelo mo dipogisong tsotlhe tsa lona le dipitlagano tse lo di itshokelang.” (2 Bathesalonika 1:4) Ka jalo, ga go phoso go itumelela ditiro tse ba bangwe ba di dirileng kgotsa go ikutlwa o le motlotlo ka se o se fitlheletseng e bile ga re tlhoke go tlhabisiwa ditlhong ke ba malapa a rona, setso kgotsa lefelo le re goletseng kwa go lone.—Ditiro 21:39.

6 Le fa go ntse jalo, go na le mofuta mongwe wa boikgogomoso o o ka senyang kamano ya rona le batho ba bangwe mme segolobogolo jang kamano ya rona le Jehofa. Boikgogomoso jono bo ka dira gore re galefe fa re gakololwa. Gape bo ka dira gore re gane kgakololo go na le gore re ikokobetse mme re e amogele. (Pesalema 141:5) Boikgogomoso jono bo tlhalosiwa e le go itseela kwa godimo thata kgotsa “boikutlo jo batho bangwe ba nang le jone jwa go akanya gore ka tsela nngwe ba botoka thata go gaisa ba bangwe.” Jehofa o tlhoile boikgogomoso le mabela. (Esekiele 33:28; Amose 6:8) Mme Satane o a itumela fa batho ba etsa mokgwa ono wa gagwe. Akanya fela kafa a neng a itumetse ka gone fa Nimerode, Faro le Abesalome ba ne ba ikgogomosa ka tsela e e sa siamang! (Genesise 10:8, 9; Ekesodo 5:1, 2; 2 Samuele 15:4-6) Boikgogomoso ke jone bo dirileng gore Kaine a se ka a amogelwa ke Modimo. Jehofa o ile a mo kgalemela mme boikgogomoso bo ne jwa dira gore Kaine a se ka a reetsa. O ne a le tlhogoethata, a itlhokomolosa tlhagiso ya Modimo mme a se ka a okaoka go leofela Jehofa.—Genesise 4:6-8.

7, 8. (a) Tlhaolele ke eng mme e amana jang le boikgogomoso? (b) Tlhalosa kafa boikgogomoso bo ka senyang kagiso ya phuthego ka gone.

7 Gompieno batho ba bontsha boikgogomoso ka ditsela tse di sa siamang. Ka dinako tse dingwe, boikgogomoso bo ka amanngwa le tlhaolele. Dikishinare nngwe ya re tlhaolele ke go tlhaola batho ba ditso tse dingwe. Gape ya re tlhaolele “ke go akanya gore batho ba ditso tse di farologaneng ba na le dinonofo le bokgoni jo bo sa tshwaneng le gore ditso dingwe di botlhokwa go gaisa tse dingwe kgotsa gore ga di botlhokwa go le kalo.” Tlhaolele e ile ya baka dikgotlhang, dintwa le go dira gore batho ba le bantsi ba bolawe.

Boikgogomoso bo ka senya kagiso ya phuthego

8 Ke boammaaruri gore dilo tse di ntseng jalo ga di a tshwanela go nna gone mo phuthegong ya Bokeresete. Mme gone, boikgogomoso bo ka dira gore go nne le dikganetsano fa gare ga Bakeresete mme seo se dire gore dilo di tswe mo taolong. Seo se ile sa diragalela Bakeresete ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ke ka moo Jakobe a neng a botsa potso eno e e fatang maikutlo: “Ke go tswa motsweding ofe go nang le dintwa gape ke go tswa motsweding ofe go nang le ditlhabano gareng ga lona?” (Jakobe 4:1) Fa re tlhoile batho ba bangwe mme re akanya gore re botoka go ba gaisa, seo se ka felela ka gore re dire kgotsa re bue sengwe se se tla ba utlwisang botlhoko fela thata. (Diane 12:18) Boammaaruri ke gore, boikgogomoso bo ka senya kagiso ya phuthego.

9. Baebele e re thusa jang go lwantsha tlhaolele le mofuta ope fela wa boikgogomoso jo bo sa siamang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

9 Fa re akanya gore re botoka go gaisa batho ba bangwe, re tshwanetse go gopola gore Jehofa o tlhoile “mongwe le mongwe yo o pelo e ikgogomosang.” (Diane 16:5) Gape re tshwanetse go itshekatsheka le go ipotsa go re: ‘A ke akanya gore ke botoka go gaisa batho ba lotso kgotsa setšhaba se sengwe?’ Fa re akanya jalo, re tla bo re lebala gore Modimo o “dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe.” (Ditiro 17:26) Ka jalo, rotlhe re lotso lo lo longwe ka gonne rotlhe re tswa mo go Adame. Ke boeleele go akanya gore Modimo o tsaya lotso lo longwe lo le botlhokwa go gaisa lo longwe. Fa re akanya jalo, re a bo re letla Satane gore a senye lorato le kutlwano e e mo phuthegong. (Johane 13:35) Fa re batla go fenya Satane, re tshwanetse go tila mofuta ope fela wa boikgogomoso jo bo sa siamang.—Diane 16:18.

TILA GO RATA DIKHUMO LE GO RATA LEFATSHE

10, 11. (a) Ke eng fa go le motlhofo gore motho a rate lefatshe? (b) Go rata lefatshe ga ga Demase go ile ga felela ka eng?

10 Satane ke “mmusi wa lefatshe leno.” (Johane 12:31; 1 Johane 5:19) Dilo tse dintsi tsa lefatshe leno di kgatlhanong le melao e e mo Baebeleng. Mme gone, ga se gore sengwe le sengwe se se mo lefatsheng leno ga se a siama. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore Satane o tla dirisa lefatshe la gagwe go re raela le go dira gore re leofe. Kgotsa o tla dira gore re rate lefatshe mme re itlhokomolose kobamelo ya rona.—Bala 1 Johane 2:15, 16.

11 Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba rata lefatshe. Ka sekai, Paulo o ne a kwala a re: “Demase o ntatlhile ka gonne a ne a rata tsamaiso ya jaanong ya dilo.” (2 Timotheo 4:10) Tota Baebele ga e tlhalose gore ke eng se Demase a neng a se rata se se neng sa dira gore a latlhe Paulo. Go ka direga gore o ne a rata dikhumo thata go gaisa tirelo e a neng a e direla Jehofa. Fa e le gore go ntse jalo, Demase o ne a latlhegelwa ke tshono ya go nna le ditshiamelo tse di itumedisang mo tirelong ya gagwe. A e ne e le tshwetso e e botlhale? Le e seng. Demase a ka bo a ile a tswelela e le mothusi wa ga Paulo. Lefatshe le ne le se kitla le mo naya sepe se Jehofa a neng a tla mo naya sone!—Diane 10:22.

A le ka motlha re se ka ra letla gore madi a nne botlhokwa thata jaana go gaisa kamano ya rona le Jehofa

12. Satane a ka dirisa jang “maatla a a tsietsang a dikhumo” go re raela?

12 Le rona re ka diragalelwa ke se se tshwanang. Go tlwaelegile gore rona Bakeresete re batle go itlamela le go tlamela ba malapa a rona. (1 Timotheo 5:8) Jehofa o batla gore re itumelele botshelo. Re itse seno ka gonne o ne a naya Adame le Efa tshimo e ntle ya paradaise. (Genesise 2:9) Mme gone, Satane a ka nna a dirisa keletso eo ka tsela e e sa siamang. A ka dira jalo a dirisa “maatla a a tsietsang a dikhumo.” (Mathaio 13:22) Batho ba le bantsi ba akanya gore madi le dikhumo di dira gore ba itumele kgotsa ba ikutlwe ba atlegile. Fa le rona re akanya ka tsela eo, re ka feleletsa re latlhegetswe ke sengwe se se tlhwatlhwakgolo go gaisa, e leng kamano ya rona le Jehofa. Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.” (Mathaio 6:24) Fa re nna makgoba a dikhumo ga re ka ke ra kgona go direla Jehofa. Ke sone se Satane a batlang gore re se dire. A le ka motlha re se ka ra letla gore madi a nne botlhokwa thata jaana go gaisa kamano ya rona le Jehofa. Fa re batla go fenya Satane, re tshwanetse go leba dikhumo ka tsela e e siameng.—Bala 1 Timotheo 6:6-10.

TILA BOITSHOLO JO BO SA SIAMANG JWA TLHAKANELODIKOBO

13. Lefatshe leno le na le pono efe e e sa siamang ka lenyalo le ka tlhakanelodikobo?

13 Boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo ke serai se sengwe se Satane a se dirisang. Batho ba le bantsi ba re go ikanyega mo molekaneng wa lenyalo ke selo se se feletsweng ke nako e bile go dira gore motho a se ka a gololesega. Ka sekai, mosadi mongwe yo o tumileng a re ga go kgonege gore motho a ikanyege mo mothong yo mongwe. A re: “Ga ke itse ope yo o ikanyegang kgotsa yo o batlang go dira jalo.” Monna mongwe yo o tumileng ene a re: “Ga ke dumele gore go tlwaelegile gore batho ba babedi ba batle go tshela botshelo jotlhe jwa bone ba sa kgaogane.” Satane o tshwanetse a bo a itumetse tota fa a utlwa batho bano ba ba tumileng ba tshwaya diphoso mpho ya lenyalo e e tswang kwa Modimong. Satane ga a rate thulaganyo eno ya lenyalo e bile ga a batle gore e atlege. Ka jalo, fa re batla go fenya Satane, re tshwanetse go leba lenyalo ka tsela e Modimo a le lebang ka yone.

14, 15. O ka dira eng fa o raelesega go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?

14 Le fa o ka tswa o nyetswe kgotsa o sa nyalwa, o tshwanetse go leka ka natla go lwantsha mofuta ope fela wa boitsholo jo bo sa siamang. A go dira jalo go motlhofo? Le e seng! Ka sekai, fa o le mosha, o ka tswa o ile wa utlwa fa baithuti ka wena ba ikgantsha gore bone ba kgona go tlhakanela dikobo le mongwe le mongwe fela yo ba mmatlang. Gape ba ka nna ba ikgantsha ka gore ba romelelana melaetsa kgotsa ditshwantsho tsa thobalano ka founo. Tota e bile kwa dinageng dingwe, seno se tshwana le go romelela motho tshedimosetso ya thobalano ya bana. Baebele ya re: “Yo o dirang kgokafalo o leofela mmele wa gagwe.” (1 Bakorintha 6:18) Malwetse a le mantsi a ile a anama ka ntlha ya tlhakanelodikobo. Mme basha ba le bantsi ba re ba ikwatlhaela go bo ba ile ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. Satane o dirile gore boitlosobodutu jwa lefatshe leno bo tlhotlheletse batho go akanya gore go tlola melao ya Modimo ga go phoso. Fa re dumela maaka ano, re ka nna ra tsiediwa ke “maatla a a tsietsang a boleo.”—Bahebera 3:13.

15 Fa o raelesega go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, o ka dira eng? Amogela gore o na le bokoa bongwe. (Baroma 7:22, 23) Rapela Jehofa gore a go neye maatla. (Bafilipi 4:6, 7, 13) Tila maemo a a ka dirang gore o wele mo boitsholong jo bo sa siamang. (Diane 22:3) Mme fa o hepisiwa, tlhanola direthe.—Genesise 39:12.

16. Jesu o ne a reng fa Satane a ne a leka go mo raela mme re ka ithuta eng mo sekaong seno?

16 Jesu o ile a re tlhomela sekao se se molemo tota. Satane o ne a mo solofetsa dilo di le dintsi mme Jesu ga a ka a itetla go tsiediwa. Jesu ga a ka a akanya ka tsone. Ga a ka a senya nako, go na le moo o ne a raya Satane a re: “Go kwadilwe ga twe.” (Bala Mathaio 4:4-10.) Jesu o ne a itse Dikwalo, ke ka moo a neng a kgona go nopola go tswa mo go tsone fa Satane a ne a leka go mo raela. Fa re batla go fenya Satane, ga re a tshwanela go itetla gore re raelwe go dira boitsholo jo bo sa siamang.—1 Bakorintha 6:9, 10.

BOITSHOKO BO RE THUSA GO FENYA SATANE

17, 18. (a) Ke dirai dife tse Satane a di dirisang, mme ke ka ntlha yang fa di sa re gakgamatse? (b) Go tla direga eng ka Satane mme seo se go tlhotlheletsa jang gore o itshoke?

17 Satane o na le dirai di le dintsi thata tse a di dirisang mme dingwe tsa tsone di akaretsa boikgogomoso, go rata dikhumo le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Ka sekai, Bakeresete bangwe ba bogisiwa ke ba malapa a bone kgotsa baithutimmogo le bone ba ba ja ditshego. Ba bangwe ba nna mo dinageng tse puso ya bone e lekang go emisa tiro ya bone ya go rera. Re ile ra bolelelwa gore re tla lebana le maemo ao, ka gonne Jesu o ne a re tlhagisa a re: “Lo tla nna ba ba tlhoilweng ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.”—Mathaio 10:22.

Satane o tla nyelediwa (Bona serapa 18)

18 Re ka fenya Satane jang? Jesu o ne a re: “Lo tla bona meya ya lona ka go itshoka ga lona.” (Luke 21:19) Mathata a batho ba re bakelang one ke a nakwana fela. Ga go na ope yo o tla re kgaoganyang le Jehofa ntle le fa e se rona re mo letlang go dira jalo. (Baroma 8:38, 39) Tota le fa batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba tlhokafala, seo ga se reye gore Satane o fentse ka gonne Jehofa o tla ba tsosa gape. (Johane 5:28, 29) Satane o lebanwe ke isagwe e e letobo. Fa lefatshe leno le le boikepo le sena go senngwa, Satane o tla latlhelwa mo moleteng ka dingwaga di le 1 000. (Tshenolo 20:1-3) Fa dingwaga tse di sekete tsa puso ya ga Keresete di sena go khutla, Satane o tla “gololwa gore a tswe mo kgolegelong ya gagwe,” mme a newe tshono ya bofelo ya go leka go raela batho ba ba itekanetseng. Morago ga moo, o tla nyelediwa. (Tshenolo 20:7-10) Le fa isagwe ya ga Satane e le letobo, ya gago yone e a phatsima! Tswelela pele o lwantsha Satane mme o boloke tumelo ya gago e nonofile. O ka kgona go lwantsha Satane mme o mo fenye!