Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dira ka Natla go Atolosa Paradaise ya Semoya

Dira ka Natla go Atolosa Paradaise ya Semoya

“Ke tla galaletsa lefelo la dinao tsa me.”—ISAIA 60:13.

PINA: 102, 75

1, 2. Mo Dikwalong Tsa Sehebera, lefoko “sebeo sa dinao” le kaya eng?

JEHOFA MODIMO o ne a re: “Magodimo ke setulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa me sa dinao.” (Isaia 66:1) Gape Modimo o ne a bua ka ‘sebeo sa gagwe sa dinao’ fa a ne a re: “Ke tla galaletsa lefelo la dinao tsa me.” (Isaia 60:13) Jehofa o galaletsa jang sebeo sa dinao tsa gagwe le go se dira gore se lebege bontle? Mme batho ba ba nnang mo sebeong seno, e leng lefatshe, ba tshwanetse go dira eng?

2 Mo Dikwalong Tsa Sehebera, lefoko “sebeo sa dinao” le dirisiwa go tlhalosa tempele ya bogologolo ya kwa Iseraele. (1 Ditiragalo 28:2; Pesalema 132:7) Jehofa o ne a leba tempele e le ntle thata ka gonne e ne e le lefelo la konokono la kobamelo ya boammaaruri. E ne e dirisediwa go galaletsa Jehofa mo lefatsheng.

3. Gompieno lefelo la konokono la kobamelo ya boammaaruri ke eng, mme le ne la simolola go nna gone leng?

3 Gompieno lefelo la konokono la kobamelo ya boammaaruri ke eng? Ga se kago e e jaaka tempele ya bogologolo go na le moo, ke tempele ya semoya e bile e galaletsa Jehofa go feta kago epe fela. Tempele ya semoya ke eng? Ke thulaganyo ya Modimo e e thusang batho gore ba nne ditsala tsa gagwe le gore ba mo obamele. Thekololo ya ga Jesu ke yone fela e dirang gore thulaganyo eno e nne gone. Thulaganyo eno e ne ya simolola ka ngwaga wa 29 fa Jesu a ne a kolobediwa le go tlodiwa go nna Moperesiti yo Mogolo wa tempele ya ga Jehofa ya semoya.—Bahebera 9:11, 12.

Batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go mo galaletsa mo lefatsheng e bile ba dira jalo gone jaanong

4, 5. (a) Go ya ka Pesalema 99, baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa ba tshwanetse go dira eng? (b) Re tshwanetse go ipotsa potso efe?

4 Re anaanela fela thata go bo Modimo a dirile thulaganyo eno ya kobamelo ya boammaaruri. Re bontsha seno ka go bolelela ba bangwe ka leina la Modimo le ka mpho ya gagwe e e molemolemo ya thekololo. Re itumela tota go bo go na le Bakeresete ba boammaaruri ba feta dimilione di roba bobedi ba ba galaletsang Jehofa letsatsi le letsatsi! Le fa batho ba dikereke ba akanya gore ba tla galaletsa Modimo fa ba fitlha kwa legodimong, batho ba ga Jehofa bone ba a itse gore go botlhokwa gore ba mo galaletse mo lefatsheng e bile ba dira jalo gone jaanong.

5 Fa re galaletsa Jehofa, re etsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo go Pesalema 99:1-3, 5. (E bale.) Mo nakong e e fetileng, banna ba ba ikanyegang ba ba jaaka Moshe, Arone le Samuele ba ne ba ema nokeng ka botlalo thulaganyo ya Modimo ya kobamelo ya boammaaruri. (Pesalema 99:6, 7) Pele ga Bakeresete ba ba tloditsweng ba ya legodimong go ya go nna baperesiti mmogo le Jesu, ba direla Jehofa ka boikanyegi mo tempeleng ya semoya e e mo lefatsheng. Ba dira jalo ba thusiwa ke dimilione tsa “dinku tse dingwe.” (Johane 10:16) Ditlhopha tseno tsoopedi di obamela Jehofa mmogo. Mme gone, re tshwanetse go ipotsa potso eno: ‘A ke ema nokeng ka botlalo thulaganyo ya ga Jehofa ya kobamelo ya boammaaruri?’

KE BOMANG BA BA DIRELANG MO TEMPELENG YA MODIMO YA SEMOYA?

6, 7. Ke bothata bofe jo bo ileng jwa simologa mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga, mme go ne ga direga eng ka ngwaga wa 1919?

6 Pele ga lekgolo la ntlha la dingwaga le wela, botlhanogi bo ne jwa simologa mo phuthegong ya Bokeresete fela jaaka go ile ga bolelelwa pele. (Ditiro 20:28-30; 2 Bathesalonika 2:3, 4) Go tloga ka nako eo, go ile ga nna thata le go feta gore batho ba lemoge gore baobamedi ba boammaaruri ba Modimo ke bomang. Go ile ga feta dingwaga di le makgolokgolo pele Jehofa a dirisa Jesu go thusa batho gore ba lemoge gore tota ke bomang ba ba direlang Modimo mo tempeleng ya Gagwe ya semoya.

7 Ka ngwaga wa 1919, go ne ga bonala sentle gore ke bomang ba Modimo a ba amogetseng mme ba direla mo tempeleng ya gagwe ya semoya. Ba ile ba dira diphetogo gore kobamelo ya bone e amogelwe ke Jehofa. (Isaia 4:2, 3; Malaki 3:1-4) Ka jalo, ponatshegelo e moaposetoloi Paulo a neng a e bona dingwaga di le makgolokgolo pelenyana, e ne ya simolola go diragadiwa.

8, 9. “Paradaise” e Paulo a e boneng mo ponatshegelong ke eng?

8 Ponatshegelo ya ga Paulo e umakiwa mo go 2 Bakorintha 12:1-4. (E bale.) Mo go yone, Jehofa o ne a bontsha Paulo sengwe se se neng se tla nna gone mo isagweng. “Paradaise” e Paulo a neng a e bona ke eng? Sa ntlha, e ka kaya Paradaise ya mmatota e re solofetseng go e bona mo nakong e e sa fediseng pelo. (Luke 23:43) Sa bobedi, e ka kaya paradaise ya semoya e e tla nnang gone mo lefatsheng le lesha. Mme sa boraro, e ka kaya maemo a a itumedisang kwa legodimong a a mo “paradaiseng ya Modimo.”—Tshenolo 2:7.

9 Mme gone, ke ka ntlha yang fa Paulo a re o ‘utlwile mafoko a a sa buegeng a go seng kafa molaong gore motho a a bue’? Ka gonne e ne e se nako ya gore a tlhalose dintlha tse di oketsegileng malebana le dilo tse di itumedisang tse a di boneng mo ponatshegelong. Mme gompieno, Jehofa o re letla gore re bolelele ba bangwe ka masego a batho ba gagwe ba itumelelang one gone jaanong!

10. Ke eng fa paradaise ya semoya le tempele ya semoya di sa tshwane?

10 Gantsi re bua ka paradaise ya semoya, mme gone ke eng? Ke kagiso e e kgethegileng e Modimo a e nayang batho ba gagwe. Ka jalo, paradaise ya semoya le tempele ya semoya ga di tshwane. Tempele ya semoya ke thulaganyo ya Modimo ya kobamelo ya boammaaruri. Paradaise ya semoya e senola sentle gore ke bomang ba Modimo a ba amogelang le gore ke bomang ba ba direlang mo tempeleng ya gagwe ya semoya.—Malaki 3:18.

11. Ke tshiamelo efe e re nang le yone gompieno?

11 Go a itumedisa go itse gore fa e sa le ka 1919, Jehofa o letlile batho ba ba sa itekanelang gore ba dire ka natla go nonotsha le go atolosa paradaise ya semoya. A o thusa go dira tiro eno e e molemolemo? A o anaanela tshiamelo ya go dira mmogo le Jehofa go mo tlisetsa kgalalelo mo lefatsheng?

JEHOFA O DIRA GORE PHUTHEGO YA GAGWE E NNE NTLE LE GO FETA

12. Re itse jang gore Isaia 60:17 e diragaditswe? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

12 Moporofeti Isaia o ne a bolelela pele gore go tla nna le diphetogo di le dintsi tse di itumedisang tse di tla dirwang mo phuthegong ya Modimo mo lefatsheng. (Bala Isaia 60:17.) Basha ba Bakeresete kgotsa batho ba ba sa tswang go kolobediwa ba ile ba bala kgotsa ba utlwalela fela ka diphetogo tseno. Mme go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba ileng ba nna le tshiamelo ya go iponela diphetogo tseo tse di itumedisang! Batlhanka bano ba ba ikanyegang ba tlhatswegile pelo gore Modimo o dirisa Kgosi Jesu go kaela phuthego ya Gagwe! Fa re reetsa maitemogelo a Bakeresete bano ba ba rategang, tumelo ya rona e nonofa fela thata e bile re ikanya Jehofa le go feta.

Paradaise ya semoya e emela kagiso e e kgethegileng e Bakeresete ba boammaaruri ba nang le yone

13. Go ya ka Pesalema 48:12-14, re tshwanetse go dira eng?

13 Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba tshwanetse go bolelela batho ba bangwe ka phuthego ya ga Jehofa. Ruri go a gakgamatsa gore le fa re tshela mo lefatsheng le le boikepo la ga Satane, re na le kagiso e bile re a utlwana! Re tshwanetse go bolelela “kokomana ya isagwe” ka phuthego ya ga Jehofa le ka paradaise ya semoya!—Bala Pesalema 48:12-14.

14, 15. Ke diphetogo dife tse di neng tsa dirwa morago ga 1970, mme phuthego ya Modimo e ne ya solegelwa molemo jang?

14 Bakeresete ba le bantsi ba ba godileng ba ba mo diphuthegong tsa rona ba ile ba iponela diphetogo tse di ileng tsa dira gore phuthego ya ga Jehofa mo lefatsheng e nne ntle le go feta. Ba sa ntse ba gopola fa diphuthego di ne di na le motlhanka wa phuthego go na le go nna le setlhopha sa bagolwane, fa dinaga di ne di na le motlhanka wa lekala go na le go nna le Komiti ya Lekala kgotsa fa Watch Tower Society e ne e na le moporesidente go na le go nna le Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Le fa bakaulengwe bano ba ne ba na le bathusi ba ba ikanyegang, maikarabelo a go dira ditshwetso mo phuthegong, mo lekaleng le kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe, a ne a dirwa ke motho a le mongwe. Morago ga 1970, go ne ga dirwa diphetogo tsa gore setlhopha sa bagolwane e nne sone se dirang ditshwetso go na le gore di dirwe ke mokaulengwe a le mongwe.

15 Ke ka ntlha yang fa diphetogo tseno di ile tsa solegela molemo phuthego ya Modimo? Ka gonne di ne di dirwa go dumalana le Dikwalo. Go na le gore motho a le mongwe a dire ditshwetso tsotlhe, phuthego e solegelwa molemo ke dinonofo tse di molemo tsa bagolwane bano botlhe, ba e leng “dimpho [tse e leng] banna,” tse di tswang kwa go Jehofa.—Baefeso 4:8; Diane 24:6.

Jehofa o naya batho botlhe mo lefatsheng kaelo e ba e tlhokang mo botshelong (Bona serapa 16, 17)

16, 17. Ke diphetogo dife tsa bosheng tse di ileng tsa go kgatlha mme ka ntlha yang?

16 Akanya ka diphetogo tse di ileng tsa dirwa bosheng jaana mo dikgatisong tsa rona. Re itumelela go naya batho dikgatiso tse di ba thusang e bile di kgatlha. Gape akanya kafa re dirisang thekenoloji ka gone go rera dikgang tse di molemo. Ka sekai, website ya jw.org e thusa batho ba le bantsi gore ba kgone go bona thuso e ba e tlhokang. Diphetogo tseno tsotlhe di re thusa go bona kafa Jehofa a kgatlhegelang batho ka gone le kafa a ba ratang ka gone.

Re lebogela thapiso e re e newang kwa dikolong tse dintsi tsa Baebele

17 Gape re anaanela phetogo e e ileng ya dirwa mo dipokanong tsa rona gore re tle re nne le nako e e oketsegileng ya kobamelo ya lelapa kgotsa ya go ithuta re le rosi e bile re anaanela le diphetogo tse di dirwang mo dithulaganyong tsa dikopano tse dinnye le tse dikgolo. Go bonala di nna di ntse di tokafala ngwaga le ngwaga! Gape re lebogela thapiso e re e newang kwa dikolong tse dintsi tsa Baebele. Diphetogo tseno tsotlhe di re thusa go bona sentle gore Jehofa ke ene a kaelang phuthego ya gagwe e bile o ntse a tsweletse pele go dira gore paradaise ya semoya e nne ntle le go feta.

KAFA RE THUSANG KA GONE GORE PARADAISE YA SEMOYA E NNE NTLE LE GO FETA

18, 19. Re ka thusa jang gore paradaise ya semoya e nne ntle le go feta?

18 Jehofa o re neile tlotla ya go dira gore paradaise ya rona ya semoya e nne ntle le go feta. Mme gone, re ka dira seo jang? Ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka tlhoafalo le ka go dira barutwa ba ba oketsegileng. Nako le nako fa re thusa mongwe go nna motlhanka wa Modimo, re thusa go atolosa paradaise ya semoya.—Isaia 26:15; 54:2.

19 Gape fa re dira ka natla go tokafatsa botho jwa rona jwa Bokeresete, re dira gore paradaise ya semoya e nne ntle le go feta. Seno se dira gore batho ba bangwe ba kgatlhegele paradaise ya semoya le go feta. Gantsi kitso ya rona ya Baebele ga se yone fela e ngokelang batho mo phuthegong, mo go Jehofa le mo go Jesu, go na le moo, go nna phepa ga rona le go rata kagiso ke gone go ngokang batho.

O ka thusa gore paradaise ya semoya e gole (Bona serapa 18, 19)

20. Go ya ka Diane 14:35, re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

20 Jehofa le Jesu ba tshwanetse ba bo ba itumetse thata fa ba bona paradaise ya semoya e le ntle. Boipelo jo re nang le jone gone jaanong fa re ntse re dira gore paradaise ya semoya e nne ntle le go feta ke maoko fela a kafa re tla bong re itumetse ka gone fa re tla bo re dira lefatshe lotlhe gore e nne paradaise ya mmatota. Re tshwanetse go nna re gopotse Diane 14:35 e e reng: “Kgosi e ipedisiwa ke motlhanka yo o dirang ka temogo.” A re nneng botlhale fa re ntse re bereka ka thata go dira gore paradaise ya semoya e nne ntle!