Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Kgololo ya Lona e a Atamela”!

“Kgololo ya Lona e a Atamela”!

“Emang lo tlhamaletse lo bo lo tsholetse ditlhogo tsa lona, ka gonne kgololo ya lona e a atamela.”—LUKE 21:28.

PINA: 133, 43

1. Go ne ga direga eng ka ngwaga wa 66? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

A RE tseye gore o mongwe wa Bakeresete ba ba neng ba tshela kwa Jerusalema ka ngwaga wa 66. Go diragala dilo di le dintsi. Modiredi wa puso ya Roma e bong Florus o utswile ditalenta di le 17 mo letloleng la tempele. Seo se galefisa Bajuda mo ba bolayang masole a Roma le go tlhanogela puso ya bone. Roma ga e senye nako. Mo dikgweding di le tharo fela, masole a le 30 000 a a eteletsweng pele ke Cestius Gallus a dikaganyetsa Jerusalema. Batsuolodi ba Bajuda ba iphitlha mo kagong ya phemelo ya tempele mme kgabagare masole a Roma a leka go thuba lobota la tempele gore a kgone go tsena. Batho botlhe mo motseng ba tsenwe ke tsebetsebe. O ne o tla ikutlwa jang fa o ne o le koo?

2. Bakeresete ba ne ba tshwanetse go dira eng fa ba bona masole a Roma a dikaganyeditse motse wa bone, mme seno se ne sa kgonega jang?

2 Dingwaga pelenyana, Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe ka tiragalo eo mme a ba laela a re: “Fa lo bona Jerusalema a dikologilwe ke masole a a thibeletseng, itseng gore go kgakgabadiwa ga gagwe go atametse. A ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng, mme a ba ba mo gare ga gagwe ba tloge, le ba ba mo mafelong a selegae a ba se ka ba tsena mo go ene.” (Luke 21:20, 21) E re ka masole a Roma a ne a dikaganyeditse Jerusalema, ba ne ba tla kgona jang go ikobela ditaelo tsa ga Jesu? Go ne ga diragala sengwe se se gakgamatsang. Ka tshoganyetso fela, masole a Roma a ne a boela morago! Fela jaaka Jesu a ile a bua, tlhaselo e ne ya “khutshwafadiwa.” (Mathaio 24:22) Fa masole a sena go tsamaya, jaanong e ne e le nako ya gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba ikobele ditaelo tsa ga Jesu ka go tshabela ka bonako kwa dithabeng. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) Moragonyana ka ngwaga wa 70, masole a mangwe a Roma a ne a boela kwa Jerusalema. Mo lekgetlong leno, a ne a senya Jerusalema. Mme mongwe le mongwe yo o neng a ikobela ditaelo tsa ga Jesu, o ne a bolokwa.

3. Ke seemo sefe se se tshwanang le sa lekgolo la ntlha la dingwaga se Bakeresete ba tla lebanang le sone, mme re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

3 Le rona re tshwanetse go ikobela tlhagiso le ditaelo tseo tsa ga Jesu. Go ise go ye kae, le rona re tla bo re le mo seemong se se tshwanang. Jesu o ne a dirisa ditiragalo tsa lekgolo la ntlha la dingwaga go tlhalosa se se tla diregang fa “pitlagano e kgolo” e simologa ka tshoganyetso. (Mathaio 24:3, 21, 29) Fela jaaka go ne go na le Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba ileng ba falola fa Jerusalema e senngwa, go tla nna le “boidiidi jo bogolo” jo bo tla falolang masetlapelo a a tla welang lefatshe lotlhe. (Bala Tshenolo 7:9, 13, 14.) Go botlhokwa thata gore re tlhaloganye se Baebele e re rutang sone malebana le ditiragalo tseo tsa mo isagweng. Ka ntlha yang? Ka gonne ke kgang ya botshelo le loso. Ka jalo, a re sekasekeng kafa ditiragalo tseno di tla re amang ka gone.

PITLAGANO E KGOLO E A SIMOLOGA

4. Pitlagano e kgolo e tla simologa jang?

4 Pitlagano e kgolo e tla simologa jang? Ka go nyelediwa ga madumedi otlhe a maaka. Baebele e bitsa madumedi a maaka e re ke “Babelona o Mogolo, mmadiaka.” (Tshenolo 17:5-7) Ke ka ntlha yang fa madumedi a maaka a bidiwa seaka? Ka gonne baruti ba one ba ntse ba sa ikanyege mo Modimong. Go na le gore ba tshegetse Jesu le Bogosi jwa gagwe, ba ntse ba tshegetsa dipuso tsa batho e bile ba itlhokomolosa dithuto tsa Baebele e re ka ba batla go tseelwa kwa godimo ke batho. Kobamelo ya bone ga e tshwane le kobamelo e e itshekileng ya Bakeresete ba ba tloditsweng. (2 Bakorintha 11:2; Jakobe 1:27; Tshenolo 14:4) Mme ke mang yo o tla senyang Babelona o Mogolo? Jehofa o tla dira gore “dinaka di le lesome” tsa ‘sebatana se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo’ di “diragatse kakanyo ya gagwe.” ‘Sebatana se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo’ se emela Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng mme “dinaka di le lesome” di emela dipuso tsotlhe tse di emang sebatana seno nokeng.—Bala Tshenolo 17:3, 16-18.

5, 6. Ke ka ntlha yang fa re re go senngwa ga Babelona o Mogolo ga go reye gore maloko otlhe a yone a tla bolawa?

5 A maloko otlhe a bodumedi jwa maaka a tla bolawa fa Babelona o Mogolo a senngwa? Nnyaa. Jehofa o ne a tlhotlheletsa moporofeti Sekarea go kwala ka se se tla tlogang se direga. Ka nako eo, mongwe yo e kileng ya bo e le leloko la bodumedi jwa maaka o tla re: “‘Ga ke moporofeti. Ke monna yo o lemang mmu, ka gonne motho wa mo lefatsheng o ne a ntsaya go tloga bosheng jwa me go ya pele.’ Mme motho o tla mo raya a re, ‘Dintho tse di mo go wena tseno fa gare ga diatla tsa gago ke tsa eng?’ Mme ene o tla re, ‘Ke tsa fa ke ne ke itewa mo ntlong ya ba ba nthatang thata.’” (Sekarea 13:4-6) Ka jalo, baeteledipele ba bodumedi ba tla itira e kete ga ba itse sepe le go ganela gore ba kile ba bo e le maloko a bodumedi jwa maaka.

6 Go tla direga eng ka batho ba Modimo ka nako eo? Jesu a re: “Tota e bile, fa malatsi ao a ne a sa khutshwafadiwa, go ka bo go se na nama epe e e tla bolokwang; mme ka ntlha ya ba ba tlhophilweng malatsi ao a tla khutshwafadiwa.” (Mathaio 24:22) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, pitlagano ya kwa Jerusalema e ne ya “khutshwafadiwa.” Seno se ne sa dira gore “ba ba tlhophilweng,” e leng Bakeresete ba ba tloditsweng, ba kgone go tshaba. Ka tsela e e tshwanang, karolo ya ntlha ya pitlagano e kgolo e tla “khutshwafadiwa” ka ntlha ya “ba ba tlhophilweng.” “Dinaka di le lesome” e leng dipuso tsa sepolotiki, di tla kganelwa gore di se ka tsa fedisa batho ba Modimo. Go na le moo, fa tlhaselo e sena go khutla, go tla nna le lobaka lo lokhutshwane lwa kagiso.

NAKO YA TEKO LE YA KATLHOLO

7, 8. Go tla nna le tshono ya go dira eng fa madumedi a maaka a sena go senngwa, mme ka nako eo batho ba Modimo ba tla farologana jang le batho ba bangwe botlhe?

7 Go tla direga eng fa bodumedi jwa maaka bo sena go senngwa? E tla bo e le nako ya go bontsha se tota se leng mo dipelong tsa rona. Ka nako eo, batho ba le bantsi ba tla leka go batla tshireletsego mo mekgatlhong ya batho e e leng ‘mafika a dithaba.’ (Tshenolo 6:15-17) Mme batho ba Modimo bone ba tla batla tshireletsego kwa go Ene. Fa tlhaselo ya mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e “khutshwafadiwa,” e ne e se nako ya gore jaanong Bajuda ba sokologele mo Bokereseteng. Go na le moo, e ne e le nako ya gore ba e neng e setse e le Bakeresete ba tswe mo Jerusalema fela jaaka Jesu a ne a laetse. Ka tsela e e tshwanang, fa tlhaselo ya Babelona o Mogolo e “khutshwafadiwa,” re ka se lebelele gore jaanong batho ba le bantsi ba sokologele mo Bokereseteng. Go na le moo, e tla bo e le nako ya gore baobamedi ba boammaaruri ba bontshe gore ba rata Jehofa e bile ba ema batlodiwa nokeng.—Mathaio 25:34-40.

E tla bo e le tshono ya go bontsha Jehofa gore re mo rata go le kana kang le go ema batlodiwa nokeng

8 Ga re itse ka botlalo gore go tla direga eng ka nako ya teko. Mme gone, re lebeletse gore botshelo bo tla nna thata le gore re tla tlhoka go intsha setlhabelo. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bakeresete ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela magae a bone le go itshokela maemo a a thata gore ba kgone go falola. (Mareko 13:15-18) Re tshwanetse go ipotsa go re: ‘A ke tla kgona go tlogela dithoto tsa me? A ke ikemiseditse go dira sepe fela se se tlhokegang gore ke kgone go nna ke ikanyega mo go Jehofa?’ Akanya ka seno: Ka nako eo, go sa kgathalesege se se tla bong se direga, e tla bo e le rona fela re obamelang Modimo, fela jaaka go ile ga direga ka Daniele.—Daniele 6:10, 11.

Nako ya “bokhutlo” e tla bo e gorogile!

9, 10. (a) Ka nako ya pitlagano e kgolo, batho ba Modimo ba tla rera molaetsa ofe? (b) Baba ba batho ba Modimo ba tla tsiboga jang?

9 Ka nako ya pitlagano e kgolo, e tla bo e se nako ya go rera ‘dikgang tse di molemo tsa Bogosi.’ Nako eo e tla bo e fetile. Nako ya “bokhutlo” e tla bo e gorogile! (Mathaio 24:14) Batho ba Modimo ba tla bo ba bua ka bopelokgale ka molaetsa wa katlholo e e tla amang batho botlhe. Gongwe molaetsa oo o tla bo o tlhalosa gore lefatshe le le boikepo la ga Satane le tloga le senngwa gotlhelele. Baebele e tshwantsha molaetsa ono le sefako fa e re: “Sefako se segolo se leje lengwe le lengwe la sone le leng mo e ka nnang bokete jwa talenta sa fologa kwa legodimong se tla mo bathong, mme batho ba tlhapatsa Modimo ka ntlha ya sebetso sa sefako, ka gonne sebetso sa sone se ne se le segolo mo go sa tlwaelegang.”—Tshenolo 16:21.

10 Baba ba rona ba tla utlwa molaetsa ono o o maatla. Jehofa o ne a tlhotlheletsa moporofeti Esekiele go tlhalosa kafa setlhopha sa ditšhaba se se tlhalosiwang mo Baebeleng e le Gogo wa Magogo, se tla tsibogang ka teng: “Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana, ‘Mme go tla diragala mo letsatsing leo gore dilo di tla tla mo pelong ya gago, mme ruri o tla akanya leano le le utlwisang botlhoko; mme o tla re: “Ke tla tsogologela lefatshe la naga e e bulegileng ya selegae. Ke tla tsena mo go ba ba se nang matshwenyego, ba ba ntseng ka polokesego, botlhe ba ntse ba se na lobota, mme ga ba na le fa e le mophakalego le ditswalo.” E tla bo e le gore ke bone thopo e kgolo le gore ke gape mo gogolo, gore ke busetse seatla sa gago mo mafelong a a swafetseng a a nniwang gape le mo bathong ba ba phuthilweng mmogo go tswa mo ditšhabeng, ba ba kokoanyang khumo le thoto, ba ba nnang fa gare ga lefatshe.’” (Esekiele 38:10-12) Batho ba Modimo ba tla bo ba sa tshwane le batho ba bangwe ka gonne ba tla lebega e kete ke batho “ba ba nnang fa gare ga lefatshe.” Ditšhaba di tla bo di sa tlhole di kgona go itshwara. Di tla itlhaganelela go tlhasela batlodiwa ba ga Jehofa le batho ba ba ba emang nokeng.

11. (a) Re tshwanetse go gopola eng malebana le tatelano ya ditiragalo tse di tla diregang ka nako ya pitlagano e kgolo? (b) Batho ba tla tsiboga jang fa ba bona ditshupo?

11 Go tswa foo, go tla direga eng? Baebele ga e tlhalose tatelano ya ditiragalo mme ditiragalo dingwe di ka nna tsa diragala ka nako e le nngwe. Fa Jesu a ne a bolelela pele ka bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, o ne a re: “Go tla nna le ditshupo mo letsatsing le mo ngweding le mo dinaleding, mme mo lefatsheng tlalelo e e mahehe ya ditšhaba, e sa itse kgoro ya botso ka ntlha ya go suma ga lewatle le khuduego ya lone, fa batho ba ntse ba tepelela ka ntlha ya poifo le tebelelo ya dilo tse di tlelang lefatshe le le nang le banni; gonne maatla a magodimo a tla reketlisiwa. Go tswa foo ba tla bona Morwa motho a tla mo lerung ka maatla le kgalalelo e kgolo.” (Luke 21:25-27; Bala Mareko 13:24-26.) A go diragadiwa ga boporofeti jono go tla akaretsa ditshupo le ditiragalo tse di tshosang mo loaping? Re tla nama re letile. Mme gone, re a itse gore fa baba ba Modimo ba bona ditshupo tseno ba tla tshoga fela thata e bile ba tla tlalelwa.

Re tlhomamisegile gore re tla bolokwa! (Bona serapa 12, 13)

12, 13. (a) Go tla direga eng fa Jesu a tla ka “maatla le kgalalelo e kgolo”? (b) Batlhanka ba Modimo ba tla tsiboga jang ka nako eo?

12 Go tla direga eng fa Jesu a tla ka “maatla le kgalalelo e kgolo”? O tla duela ba ba ikanyegang mme o tla otlhaya ba ba sa ikanyegeng. (Mathaio 24:46, 47, 50, 51; 25:19, 28-30) Jesu o ne a dirisa setshwantsho sengwe go tlhalosa ntlha eno ka tsela e e tseneletseng. O ne a re: “Fa Morwa motho a goroga a le mo kgalalelong ya gagwe, le baengele botlhe ba na le ene, ka nako eo o tla nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang. Mme ditšhaba tsotlhe di tla phuthelwa fa pele ga gagwe, mme o tla kgaoganya batho mongwe mo go yo mongwe, fela jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipodi. Mme o tla baya dinku ka fa seatleng sa gagwe sa moja, mme dipodi ka fa molemeng wa gagwe.” (Mathaio 25:31-33) Go tla direga eng ka dinku le dipodi? Di tla atlholwa. Dipodi kgotsa batho ba ba sa ikanyegeng, ba tla ‘kgaolwa ka bosakhutleng’ mme dinku kgotsa batho ba ba ikanyegang ba tla newa botshelo jo bo sa khutleng.—Mathaio 25:46.

13 Batho ba ba sa ikanyegeng ba tla tsiboga jang fa ba lemoga gore ba tlile go senngwa? Ba tla ‘ititaya ba lela selelo sa khutsafalo.’ (Mathaio 24:30) Mme Bakeresete ba ba tloditsweng le ba ba ba emang nokeng ba tla tsiboga jang? Ba tla dira se Jesu a neng a se bua fa a ne a re: “Fa dilo tseno di simolola go diragala, emang lo tlhamaletse lo bo lo tsholetse ditlhogo tsa lona, ka gonne kgololo ya lona e a atamela.”—Luke 21:28.

BA TLA PHATSIMA THATA MO BOGOSING

14, 15. Ke tiro efe ya go phutha e e tla dirwang fa Gogo wa Magogo a sena go simolola go tlhasela batho ba Modimo, mme seno se tla direga jang?

14 Go tla direga eng fa Gogo wa Magogo a simolola go tlhasela batho ba Modimo? Baebele ya re Morwa motho “o tla romela baengele mme ba tla phutha ba ba tlhophilweng ba gagwe go tswa kwa diphefong tse nnè, go tswa ntlheng ya lefatshe go ya ntlheng ya legodimo.” (Mareko 13:27; Mathaio 24:31) Tiro eno ya go phutha ga e kaye nako ya fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tlhophiwa la ntlha. Gape ga e kaye go tshwaiwa la bofelo ga batlodiwa ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng. (Mathaio 13:37, 38) Go tshwaiwa moo go tla diragala pelenyana fela ga pitlagano e kgolo e simologa. (Tshenolo 7:1-4) Ka jalo, tiro eno ya go phutha ke eng? Ke nako ya fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng ba tla bong ba amogela tuelo ya bone mme ba ya legodimong. (1 Bathesalonika 4:15-17; Tshenolo 14:1) Seno se tla direga nako nngwe fa Gogo wa Magogo a sena go simolola go tlhasela batho ba Modimo. (Esekiele 38:11) Go tswa foo, fela jaaka Jesu a ile a bolela, “basiami ba tla phatsima thata fela jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabone.”Mathaio 13:43. * (Bona ntlha e e kwa tlase.)

15 A seno se raya gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba tla phamolelwa ka mebele ya bone ya nama mme ba kopanngwe le Jesu mo lefaufaung? Madumedi a le mantsi a ruta thuto eo. Gape ba akanya gore ba tla bona Jesu fa a boa go tla go busa lefatshe. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa sentle gore go boa ga ga Jesu ke mo go sa bonaleng, ya re: “Sesupo sa Morwa motho se tla bonala kwa legodimong,” mme Jesu o tla tla a le mo “marung a legodimo.” (Mathaio 24:30) Gape Baebele ya re “nama le madi ga di ka ke tsa rua bogosi jwa Modimo.” Ka jalo, ba ba tla bong ba tseelwa kwa legodimong sa ntlha ba tla tshwanelwa ke go “fetolwa, ka nakwana, ka ponyo ya leitlho, mo nakong ya terompeta ya bofelo.” * (Bala ntlha e e kwa tlase.) (Bala 1 Bakorintha 15:50-53.) Ka jalo, thuto ya gore batlodiwa ba tla phamolwa ka mebele ya nama go ya go kopana le Jesu mo lefaufaung ga e dumalane le se Dikwalo di se rutang. Mme gone, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng ba tla phuthiwa botlhe ka ponyo ya leitlho.

16, 17. Go tshwanetse ga direga eng pele lenyalo la Kwana le simologa?

16 Fa Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba setse ba le kwa legodimong, jaanong dithulaganyo tsa bofelo tsa lenyalo la Kwana di ka simologa. (Tshenolo 19:9) Mme go na le sengwe se se tshwanetseng go direga pele ga tiragalo eo e e itumedisang. Se lebale gore fa go sa ntse go na le batlodiwa ba ba setseng mo lefatsheng, Gogo wa Magogo o tla tlhasela batho ba Modimo. (Esekiele 38:16) Batho ba Modimo ba tla tsiboga jang? Ba tla ikobela taelo eno: “Ga lo kitla lo tlhoka go lwa mo lekgetlong leno. Emang mo maemong a lona, emang fela mme lo bone poloko ya ga Jehofa mo boemong jwa lona. . . . Lo se ka lwa boifa kgotsa lwa tshoga.” (2 Ditiragalo 20:17) Nako nngwe fa Gogo a sena go simolola go tlhasela batho ba Modimo, batlodiwa botlhe ba ba setseng mo lefatsheng ba tla tseelwa kwa legodimong. Go tswa foo, Tshenolo 17:14 e re bolelela tsela e magodimo a tla tsibogelang ka yone tlhaselo ya ga Gogo. Baba ba batho ba Modimo ba “tla tlhabana le Kwana, mme, ka gonne ke Morena wa barena le Kgosi ya dikgosi, Kwana o tla di fenya. Gape, ba ba biditsweng e bile ba tlhophilwe mme ba ikanyega mo go ene ba tla dira jalo.” Ka jalo, Jesu mmogo le dikgosi tse di tloditsweng di le 144 000 kwa legodimong ba tla golola batho ba Modimo ba ba mo lefatsheng.

17 Kgololo eo e tla felela ka ntwa ya Haramagedona, e e tla galaletsang leina le le boitshepo la Modimo. (Tshenolo 16:16) Botlhe ba ba tla bong ba atlhotswe e le dipodi kgotsa ba ba sa ikanyegeng, ba tla nyelediwa. Batho ba ba boikepo ba tla bo ba sa tlhole ba le gone mo lefatsheng mme “boidiidi jo bogolo” bo tla falola Haramagedona. Kgabagare, konelo e e itumedisang ya buka ya Tshenolo e tla diragala, lenyalo la Kwana! (Tshenolo 21:1-4) * (Bala ntlha e e kwa tlase.) Botlhe ba ba tla bong ba falotse ba tla itumelela go amogelwa ke Modimo le go bona lorato le bopelotshweu jwa Gagwe jo bogolo. Re lebile pele! A mokete o o monate wa lenyalo!—Bala 2 Petere 3:13.

18. E re ka ditiragalo tse di itumedisang tse di boleletsweng pele di tloga di direga, re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

18 E re ka ditiragalo tseno tse di itumedisang di tloga di direga, ke eng se mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go se dira gone jaanong? Jehofa o ne a tlhotlheletsa moaposetoloi Petere go kwala a re: “E re ka dilo tseno tsotlhe di tshwanetse tsa nyerologa jalo, ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo, lo letetse e bile lo ntse lo akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa . . . Ka gone, baratwa, e re ka lo letetse dilo tseno, dirang bojotlhe jwa lona gore kwa bofelong a lo fitlhele lo se na selabe lo se na molato e bile lo le mo kagisong.” (2 Petere 3:11, 12, 14) Ka jalo, a re ikemisetseng gore re tla boloka kobamelo ya rona e itshekile, ga re kitla re dirisana le bodumedi jwa maaka ka gope mme re tla tshegetsa Kgosi ya Kagiso e bong Jesu Keresete.

^ ser. 15 Bakeresete ba ba tloditsweng ga ba kitla ba tseelwa kwa legodimong ka mebele ya nama. (1 Bakorintha 15:48, 49) Gongwe mebele ya bone e tla nyelela fela jaaka go ile ga direga ka mmele wa ga Jesu.

^ ser. 17 Pesalema 45 le yone e re naya dintlha tse dingwe malebana le tatelano ya ditiragalo tseo. Sa ntlha Kgosi e a lwa mme go tswa foo go latele lenyalo.