Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leno ke lefelo le re obamelang Jehofa mo go lone

Leno ke lefelo le re obamelang Jehofa mo go lone

“Tlhoafalo ya ntlo ya gago e tla nja e mphetsa.”—JOHANE 2:17.

PINA: 127, 118

1, 2. (a) Mo nakong e e fetileng, batho ba ga Jehofa ba ne ba mo obamela kae? (b) Jesu o ne a ikutlwa jang ka tempele ya ga Jehofa e e neng e le kwa Jerusalema? (c) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

BATLHANKA ba Modimo ba mo motlheng wa rona le ba nako e e fetileng ga ba bolo go nna le mafelo a ba obamelang Modimo mo go one. Ka sekai, Abele a ka tswa a ile a aga sebeso fa a ne a ntshetsa Jehofa setlhabelo. (Genesise 4:3, 4) Noa, Aborahame, Isake, Jakobe mmogo le Moshe ba ne ba aga dibeso. (Genesise 8:20; 12:7; 26:25; 35:1; Ekesodo 17:15) Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba age motlaagana. (Ekesodo 25:8) Moragonyana o ne a ba laela gore ba age tempele. (1 Dikgosi 8:27, 29) Fa batho ba Modimo ba ne ba tswa botshwarwa kwa Babelona, ba ne ba kopana ka metlha mo disinagogeng. (Mareko 6:2; Johane 18:20; Ditiro 15:21) Mme Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba kopanela mo matlong. (Ditiro 12:12; 1 Bakorintha 16:19) Gompieno batho ba ga Jehofa go ralala lefatshe ba kopanela mo Diholong Tsa Bogosi kwa ba ithutang gone ka Jehofa le go mo obamela.

2 Jesu o ne a tlotla tempele ya ga Jehofa e e kwa Jerusalema fela thata. Tsela e Jesu a neng a rata tempele ka yone e ne ya gakolola barutwa ba gagwe ka mafoko ano a mopesalema: “Tlhoafalo ya ntlo ya gago e njele.” (Pesalema 69:9; Johane 2:17) Le fa gone Holo ya Bogosi e le “ntlo ya ga Jehofa,” ga e tshwane le tempele e e neng e le kwa Jerusalema. (2 Ditiragalo 5:13; 33:4) Mme gone, re tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng thata ka mafelo a rona a kobamelo. Mo setlhogong seno, re tla sekaseka melaometheo ya Baebele e e tla re thusang go itse kafa re tshwanetseng go itshwara ka gone fa re le kwa Diholong tsa rona tsa Bogosi, kafa re tshwanetseng go di tlhokomela ka gone le kafa re ka di tshegetsang ka gone ka meneelo. *—Bala ntlha e e kwa tlase.

KAFA RE BONTSHANG KA GONE GORE RE TLOTLA DIPOKANO TSA RONA

3-5. Holo ya Bogosi ke eng, mme re tshwanetse go ikutlwa jang ka dipokano tsa rona?

3 Holo ya Bogosi ke lefelo la konokono le batho ba kopanelang mmogo mo go lone go tla go obamela Jehofa. Dipokano ke mpho e e tswang kwa Modimong mme di re thusa gore re nonotshe kamano ya rona le Ene. Phuthego ya Modimo e a re kgothatsa e bile e a re kaela. Ke tlotla e e seng kana ka sepe go lalediwa ke Jehofa le Morwawe gore re tle go ja mo “tafoleng ya ga Jehofa” beke le beke. (1 Bakorintha 10:21) Le ka motlha re se ka ra lebala gore taletso eno e kgethegile go le kana kang.

4 Jehofa o batla gore re nne gone kwa dipokanong e le gore re mo obamele le go kgothatsana. (Bala Bahebera 10:24, 25.) E re ka re rata Jehofa, ga re kitla re tlolwa ke dipokano ntle le fa go na le lebaka le le utlwalang tota la go dira jalo. Fa re baakanyetsa dipokano e bile re nna le seabe mo go tsone, re bontsha gore re a di anaanela.—Pesalema 22:22.

5 Re bontsha gore re tlotla Jehofa ka tsela e re itshwarang ka yone fa re le kwa dipokanong le kafa re tlhokomelang Holo ya Bogosi ka gone. Re batla gore boitshwaro jwa rona bo galaletse leina la ga Jehofa le le kwadilweng fa pele ga Holo ya Bogosi.—Bapisa 1 Dikgosi 8:17.

6. Batho ba ile ba reng ka Diholo tsa rona tsa Bogosi le tsela e re itshwarang ka yone fa re le kwa dipokanong? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

6 Batho ba bangwe ba a lemoga gore re tlotla Holo ya rona ya Bogosi. Ka sekai, monna mongwe kwa Turkey o ne a re: “Ke ne ka kgatlhiwa ke bophepa le tsela e dilo di rulagantsweng ka yone kwa Holong ya Bogosi. Batho ba ne ba apere sentle, ba nyenya e bile ba ntumedisa ka lorato. Ga nkitla ke lebala seo.” Monna yoo o ne a nna gone kwa dipokanong tsotlhe mme go ise go ye kae o ile a kolobediwa. Mo toropong nngwe kwa Indonesia, bakaulengwe ba ne ba laletsa baagelani ba bone, ratoropo le badiredipuso bangwe gore ba tle go bona Holo ya bone e ntšha. Ratoropo o ne a jesitswe kgakge ke boleng, bontle, tsela e kago eno e neng e agilwe ka yone mmogo le tshingwana ya yone e ntle. O ne a re: “Tsela e holo eno e leng phepa ka yone e bontsha gore lo baobamedi ba boammaaruri.”

Tsela e re dirang dilo ka yone e ka bontsha gore re nyatsa Modimo (Bona serapa 7, 8)

7, 8. Re bontsha jang gore re tlotla Jehofa fa re le kwa Holong ya Bogosi?

7 Jehofa ke Ene a re laletsang kwa dipokanong, ka jalo, o etse tlhoko tsela e re lebegang ka yone le e re itshwarang ka yone fa re le koo. Ke ka moo re sa batleng go feteletsa dilo. Mme gone, ga re batle go baya melao e e gagametseng e bile ga re batle go tsaya dilo motlhofo. Ke boammaaruri gore Jehofa o batla gore rona mmogo le batho ba re ba laletsang re ikutlwe re phuthologile fa re le kwa Holong ya Bogosi. Mme ga re batle gore go bonale ka tsela nngwe gore re nyatsa dipokano. Ke ka lebaka leo re sa apareng diaparo tse di leswe, tse di sa lebegeng sentle kgotsa tse di malabulabu e bile re leng kelotlhoko thata gore re se ka ra romelelana melaetsa, ra tlotla kgotsa ra ja le go nwa ka nako ya dipokano. Batsadi ba tshwanetse go ruta bana ba bone gore ba se ka ba tabogakaka kgotsa go tshamekela mo Holong ya Bogosi.—Moreri 3:1.

8 Fa Jesu a ne a bona batho ba rekisa dilo mo tempeleng ya Modimo, o ne a galefa mme a ba ntshetsa kwa ntle. (Johane 2:13-17) Diholo tsa rona tsa Bogosi di dirisediwa go obamela Jehofa le go ithuta ka ene. Ka jalo, go tla bo go sa siama go bua ka dilo tsa kgwebo fa re le kwa Holong ya Bogosi.—Bapisa Nehemia 13:7, 8.

RE THUSA GO AGA DIHOLO TSA BOGOSI

9, 10. (a) Batho ba ga Jehofa ba aga jang Diholo Tsa Bogosi, mme go ile ga nna le diphelelo dife? (b) Phuthego ya ga Jehofa e thusa jang diphuthego tse di sa kgoneng go ikagela Holo ya Bogosi?

9 Batho ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba bereka ka thata go aga Diholo Tsa Bogosi. Baithaopi ba dira dipolane, ba a aga le go baakanya dikago tseno. Ka ntlha ya seo, mo dingwageng di le 15 tse di fetileng, go agilwe Diholo Tsa Bogosi di feta 28 000 mo lefatsheng lotlhe, kgotsa di ka nna tlhano ka letsatsi.

10 Phuthego ya ga Jehofa e rulaganya baithaopi e bile e dirisa meneelo go thusa gore go agiwe Diholo Tsa Bogosi gongwe le gongwe fela kwa di tlhokegang teng. Re latela molaometheo wa Baebele o o reng batho ba ba nang le mo go lekaneng ba thuse ba ba nang le mo gonnye. (Bala 2 Bakorintha 8:13-15.) Go ile ga nna le diphelelo dife ka ntlha ya seo? Diphuthego di le dintsi tse di neng di sa kgone go ikagela diholo di ile tsa agelwa Diholo Tsa Bogosi.

11. Bakaulengwe bangwe ba reng ka Holo ya bone e ntšha ya Bogosi, mme seo se dira gore o ikutlwe jang?

11 Bakaulengwe bangwe ba kwa phuthegong ya kwa Costa Rica ba re: “Fa re eme fa pele ga Holo ya Bogosi, go nna e kete re a lora! Ga re dumele se re se bonang. Holo ya rona ya Bogosi e ntle e ile ya agiwa yotlhe fela mo malatsing a roba bobedi! Fa e ne e se ka masego a a tswang kwa go Jehofa, dithulaganyo tsa phuthego ya gagwe mmogo le kemo nokeng ya bakaulengwe ba rona ba ba rategang, ga re itse gore re ka bo re le kae. Ruri lefelo leno la kobamelo ke mpho e e molemolemo, letlotlo le le tswang kwa go Jehofa. Dipelo tsa rona di phophoma ka boitumelo.” Re itumela thata fa re utlwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba leboga Jehofa ka ntlha ya se a ba diretseng sone. E bile re ipela fela thata fa diphuthego tsotlhe di kgona go nna le Diholo tsa tsone tsa Bogosi. Go bonala sentle gore Jehofa o segofatsa tiro eno ya go aga ka gonne fa fela Diholo Tsa Bogosi di sena go agiwa, batho ba le bantsi ba simolola go nna gone kwa dipokanong go tla go ithuta ka Jehofa.—Pesalema 127:1.

12. O ka thusa jang mo tirong ya go aga Diholo tsa Bogosi?

12 O ka tsenya letsogo jang mo tirong eno ya go aga Diholo Tsa Bogosi? Gongwe o ka ithaopa go ya go thusa. Mme rotlhe re ka ntsha madi go tshegetsa tiro eno. Fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go tshegetsa tiro eno, re a itumela ka gonne re a aba, mme sa botlhokwa thata, re galaletsa Jehofa. Re latela sekao sa batho ba Modimo ba bogologolo ba ba ileng ba ntsha meneelo ka go rata go thusa gore go agiwe mafelo a bone a kobamelo.—Ekesodo 25:2; 2 Bakorintha 9:7.

RE THUSA GORE HOLO YA RONA E NNE E LE PHEPA

13, 14. Re ithuta eng mo Baebeleng se se re thusang go lemoga botlhokwa jwa go phepafatsa Holo ya rona ya Bogosi?

13 Jehofa ke Modimo yo o phepa le yo o boitshepo. O dira dilo ka thulaganyo. Ke ka moo re tshwanetseng go thusa gore Holo ya rona ya Bogosi e nne e le phepa ka dinako tsotlhe. (Bala 1 Bakorintha 14:33, 40.) Mo godimo ga go nna phepa mo kobamelong, mo mogopolong, mo ditirong, gape re tshwanetse go nna phepa le mo mebeleng ya rona.—Tshenolo 19:8.

14 Fa Holo ya rona ya Bogosi e le phepa, ga re tlhabiwe ke ditlhong go laletsa batho go tla dipokanong. Batho ba tla bona gore ga re itimokanye fa re bua ka lefatshe le lesha le le phepa. Ba tla bona gore re obamela Modimo yo o boitshepo yo o tla phepafatsang lefatshe leno go le dira paradaise e ntle.—Isaia 6:1-3; Tshenolo 11:18.

15, 16. (a) Ke eng fa go se motlhofo go boloka Holo ya rona ya Bogosi e le phepa ka dinako tsotlhe? Ke eng fa Holo e tshwanetse go nna e le phepa? (b) Go dirwa dithulaganyo dife tsa go phepafatsa Holo ya Bogosi mme mongwe le mongwe o na le tshiamelo ya go dira eng?

15 Batho ba leba bophepa ka ditsela tse di sa tshwaneng. Goreng? E ka tswa e le ka ntlha ya tsela e ba godileng ka yone. Gape bangwe ba nna mo mafelong a a tletseng lorole kgotsa a ditsela tsa one di leng leswe e bile di tletseng diretse. Ba bangwe ga ba na metsi kgotsa didirisiwa tse di lekaneng tsa go phepafatsa. Mme gone, go sa kgathalesege gore re nna kae le gore batho ba mo lefelong la rona ba leba bophepa jang, Holo ya rona e tshwanetse go nna e le phepa. Ke lefelo le re obamelang Jehofa mo go lone.—Duteronome 23:14.

16 Fa re batla gore Holo ya rona ya Bogosi e nne e le phepa, re tshwanetse go dira dilo ka thulaganyo. Bagolwane ba rulaganya ditlhopha tsa go phepafatsa e bile ba tlhomamisa gore go na le didirisiwa tse di lekaneng tsa go phepafatsa. Gape ba rulaganya dilo ka tsela e e dirang gore tiro e dirwe ka botlalo. Go na le dilo dingwe tse di tlhokang go phepafadiwa nako le nako morago ga dipokano mme go nne le tse dingwe tse di phepafadiwang sewelo. Rotlhe re na le tshiamelo ya go phepafatsa Holo ya rona ya Bogosi.

RE TLHOKOMELA HOLO YA RONA YA BOGOSI

17, 18. (a) Re ka ithuta eng ka tsela e batho ba ga Jehofa ba bogologolo ba neng ba tlhokomela tempele ka yone? (b) Ke eng fa re tshwanetse go tlhokomela Holo ya rona ya Bogosi?

17 Gape re boloka Holo ya rona ya Bogosi e le mo boemong jo bo siameng, ka go baakanya dilo tse di senyegileng. Batlhanka ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng ba ne ba dira jalo. Ka sekai, ka nako ya fa go ne go busa Kgosi Jehoashe wa kwa Juda, batho ba ne ba ntsha meneelo ya tempele. Kgosi e ne ya laela gore meneelo eno e dirisediwe go baakanya tempele. (2 Dikgosi 12:4, 5) Dingwaga di le 200 morago ga moo, Kgosi Josia o ne a dirisa moneelo wa tempele go e baakanya.—Bala 2 Ditiragalo 34:9-11.

18 Dikomiti dingwe tsa Makala di ile tsa lemoga gore batho ba ba mo dinageng tsa bone ga ba a tlwaela go boloka dikago kgotsa didirisiwa tsa bone di le mo boemong jo bontle. E ka tswa e le ka gonne go na le batho ba le mmalwa fela ba ba itseng go dira tiro eo. Kgotsa ba ka tswa ba se na madi a a lekaneng go ka duelela ditshenyegelo tsa go baakanya holo. Le fa go ntse jalo, fa re sa baakanye Holo ya rona ya Bogosi fa go tlhokega, ga e kitla e lebega sentle tota le bafeti ka tsela ba tla lemoga seno mme ba se ka ba kgatlhegela molaetsa wa rona. Go na le moo, fa re ntsha ga tshwene go tlhokomela Holo ya rona ya Bogosi, re tla bo re galaletsa Jehofa e bile re tla bo re sa dirise meneelo ya bakaulengwe ba rona botlhaswa.

Re tshwanetse go boloka Holo ya rona e le phepa e bile e le mo boemong jo bo siameng (Bona serapa 16, 18)

19. O tla dira eng go bontsha gore o tlotla lefelo le o obamelang Jehofa mo go lone?

19 Holo ya Bogosi ke kago ya ga Jehofa. Ga se ya ga ope kgotsa phuthego epe. Jaaka re ithutile mo setlhogong seno, melaometheo ya Baebele e tla re thusa gore re lebe lefelo le re obamelang Modimo mo go lone ka tsela e e siameng. Re tlotla Jehofa, ke ka moo re tlotlang dipokano tsa rona mmogo le Holo ya rona ya Bogosi. Re ntsha madi ka go rata gore go agiwe Diholo Tsa Bogosi, gape re a di tlhokomela le go di phepafatsa. Fela jaaka Jesu, re tlhoafalela lefelo le re obamelang Jehofa mo go lone e bile re a le tlotla.—Johane 2:17.

^ ser. 2 Setlhogo seno se bua ka Diholo Tsa Bogosi. Mme dintlha tse re tla tlotlang ka tsone di akaretsa le Diholo Tsa Dikopano le mafelo a mangwe a re a dirisetsang go obamela Jehofa.