Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o ‘Rata Moagelani wa Gago Jaaka o Ithata’?

A o ‘Rata Moagelani wa Gago Jaaka o Ithata’?

“O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.”—MATHAIO 22:39.

PINA: 73, 36

1, 2. Dikwalo di bontsha jang botlhokwa jwa lorato?

LORATO ke nonofo ya konokono ya ga Jehofa Modimo. (1 Johane 4:16) Jesu Keresete o ne a fetsa dingwaga di le dibilionebilione a na le Rraagwe mme a bona kafa a nang le lorato ka gone. (Bakolosa 1:15) Jesu le ene o ne a bontsha lorato loo fa a le kwa legodimong le fa a ne a le mo lefatsheng. Ka jalo, ga re belaele gore Jehofa le Jesu ba tla tswelela ba re busa ka tsela e e lorato.

2 Jesu o ne a araba jaana fa mongwe a ne a mmotsa gore taelo ya botlhokwatlhokwa ke efe: “‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha. Ya bobedi, e e tshwanang le yone, ke eno, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’”—Mathaio 22:37-39.

3. ‘Baagelani’ ba rona ke bomang?

3 Re tshwanetse go rata batho botlhe. Jesu o ne a re re tshwanetse go rata Jehofa mmogo le moagelani wa rona. Mme “moagelani” wa rona ke bomang? Fa o le mo lenyalong, monna kgotsa mosadi wa gago ke ene moagelani wa gago. Gape Bakeresete mmogo le rona le bone ke baagelani ba rona mmogo le batho ba re kopanang le bone mo bodireding. Mo setlhogong seno re tla ithuta kafa re ka bontshang ka gone gore re rata baagelani ba rona.

RATA MOLEKANE WA GAGO WA LENYALO

4. Batho ba ka itumelela jang lenyalo le fa gone e le baleofi?

4 Jehofa o ne a bopa Adame le Efa a bo a ba nyadisa. Leo e ne e le lone lenyalo la ntlha. Modimo o ne a batla gore ba itumelele lenyalo le gore ba tlatse lefatshe ka bana ba bone. (Genesise 1:27, 28) Le fa go ntse jalo, fa ba sena go leofa, lenyalo la bone le ne la senyega mme ba fetisetsa boleo le loso mo baneng botlhe ba bone. (Baroma 5:12) Mme gone, batho ba ka kgona go nna le manyalo a a itumetseng. Baebele e na le ditaelo tse di tswang kwa Mosimoloding wa lenyalo e bong Jehofa, tse di ka thusang banna le basadi ka tsela e e molemolemo.—Bala 2 Timotheo 3:16, 17.

Jehofa o lebeletse gore monna a dirise botlhogo jwa gagwe ka lorato

5. Lorato lo botlhokwa go le kana kang mo lenyalong?

5 Baebele ya re lorato lo botlhokwa thata gore batho ba kgone go itumelela botsalano. Ga go pelaelo gore lorato lo botlhokwa thata mo lenyalong. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa lorato lwa mmatota fa a ne a re: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose, ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege. Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. Ga lo ipelele tshiamololo, mme lo ipela le boammaaruri. Lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe. Lorato ga lo ke lo fela.” (1 Bakorintha 13:4-8) Re ka itumela tota mo lenyalong fa re akanya ka mafoko ano a ga Paulo le fa re a dirisa mo matshelong a rona.

Baebele e re ruta go nna le manyalo a a itumetseng (Bona serapa 6, 7)

6, 7. (a) Baebele ya reng ka botlhogo? (b) Monna wa Mokeresete o tshwanetse go tshwara mosadi wa gagwe jang?

6 Jehofa o dirile tshwetso ya gore ke mang yo o tshwanetseng go nna tlhogo ya lelapa. Paulo a re: “Ke batla gore lo itse gore tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna; Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.” (1 Bakorintha 11:3) Mme Jehofa o lebeletse gore monna a dirise botlhogo jwa gagwe sentle e seng ka go sotla kgotsa ka bosetlhogo. Jehofa o ile a tlhoma sekao mo ntlheng eno ka gonne o pelonomi e bile o pelotshweu. Ke ka moo Jesu a tlotlang taolo ya Modimo mme a neng a re: “Ke rata Rara.” (Johane 14:31) Jesu o ka bo a sa bua jalo fa e le gore Jehofa e ne e le Rre yo o setlhogo.

7 Le fa monna e le tlhogo ya mosadi, Baebele e mo laela gore a tlotle mosadi wa gagwe. (1 Petere 3:7) Monna a ka dira seo jang? A ka akanyetsa dilo tse mosadi a di tlhokang le go tlotla maikutlo a gagwe. Baebele ya re: “Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone.” (Baefeso 5:25) Jesu o ile a bo a swela balatedi ba gagwe. Fa monna a etsa sekao sa ga Jesu sa botlhogo, go tla nna motlhofo gore mosadi wa gagwe a mo rate le go mo tlotla le go ikobela ditshwetso tse a di dirang.—Bala Tito 2:3-5.

RATA BAKERESETE KA WENA

8. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka Bakeresete mmogo le rona?

8 Go na le Basupi ba ga Jehofa ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka Bakeresete bao? Baebele ya re: “A re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” (Bagalatia 6:10; bala Baroma 12:10.) Moaposetoloi Petere o ne a re go ‘utlwa boammaaruri’ go tla dira gore re nne le “lorato lwa bokaulengwe.” Gape o ne a raya Bakeresete ka ene a re: “Mo godimo ga dilo tsotlhe, ratanang ka lorato lo logolo.”—1 Petere 1:22; 4:8.

9, 10. Ke eng fa batho ba Modimo ba utlwana?

9 Ga go na mokgatlho ope mo lefatsheng o o tshwanang le wa rona. Ka ntlha yang? Ka gonne re rata Bakeresete mmogo le rona go tswa pelong. Sa botlhokwa le go feta, e re ka re rata Jehofa e bile re ikobela melao ya gagwe, o re ema nokeng a dirisa maatla a magolo go a gaisa otlhe mo lobopong, e leng moya wa gagwe o o boitshepo. Moya wa Modimo o re thusa go nna le kutlwano mo lefatsheng lotlhe.—Bala 1 Johane 4:20, 21.

10 Paulo o ne a gatelela botlhokwa jwa gore Bakeresete ba tshwanetse go ratana fa a ne a re: “Aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele. Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo. Mme, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakolosa 3:12-14) Re leboga tota go bo “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano” e bo e le sone se re kopanyang thata jaana go sa kgathalesege gore re tswa kae!

Lorato le kutlwano ke tsone di supang gore Basupi ba ga Jehofa ke balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete e bile ke bone ba Modimo a ba dirisang go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe

11. Ke eng se se bontshang gore baobamedi ba Modimo ke bomang?

11 Lorato lwa mmatota le kutlwano e batlhanka ba ga Jehofa ba nang le yone di supa gore ke bone baobamedi ba boammaaruri ba Modimo. Jesu o ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:34, 35) Mme moaposetoloi Johane o ne a kwala a re: “Bana ba Modimo le bana ba ga Diabolo ba supega ka ntlha eno: Mongwe le mongwe yo o sa tsamayeng mo tshiamong ga a tswe mo Modimong, le ene yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe. Ka gonne ono ke molaetsa o lo o utlwileng go tloga kwa tshimologong, gore re tshwanetse go ratana.” (1 Johane 3:10, 11) Lorato le kutlwano ke tsone di supang gore Basupi ba ga Jehofa ke balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete e bile ke bone ba Modimo a ba dirisang go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 24:14.

GO PHUTHA “BOIDIIDI JO BOGOLO”

12, 13. “Boidiidi jo bogolo” bo dira eng gompieno mme go tla direga eng mo nakong e e sa fediseng pelo?

12 Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ke karolo ya “boidiidi jo bogolo” jo bo tswang mo dikgaolong tse di farologaneng tsa lefatshe mme ba ema Bogosi nokeng. Ba ‘tswa mo pitlaganong e kgolo, mme ba tlhatswitse diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana’ ka go dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu. “Boidiidi jo bogolo” bo rata Jehofa le Morwawe e bile bo obamela Jehofa “motshegare le bosigo.”—Tshenolo 7:9, 14, 15.

13 Mo nakong e e sa fediseng pelo, Modimo o tla fedisa batho ba ba bosula ka nako ya “pitlagano e kgolo.” (Mathaio 24:21; bala Jeremia 25:32, 33.) Mme Jehofa o tla sireletsa batlhanka ba gagwe le go ba tsenya mo lefatsheng le lesha ka gonne a ba rata. Dingwaga di ka nna 2000 tse di fetileng o ne a solofetsa gore “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” A o lebile pele go tshela mo lefatsheng la Paradaise le le tla bong le se na bosula, pogo le loso?—Tshenolo 21:4.

14. Palo ya boidiidi jo bogolo e oketsegile go le kana kang?

14 Fa metlha ya bofelo e simologa ka 1914, go ne go na le batlhanka ba Modimo ba le mmalwa fela. Lorato lwa boagelani mmogo le moya o o boitshepo o ne wa tlhotlheletsa setlhotswana seo sa batlodiwa gore se rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi go sa kgathalesege mathata a ba neng ba kopana le one. Diphelelo e ne ya nna dife? Gone jaanong, go phuthiwa boidiidi jo bogolo jo bo nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Go na le Basupi ba ka nna 8 000 000 mo diphuthego di feta 115 400 mo lefatsheng lotlhe mme palo eo e ntse e oketsegela pele. Ka sekai, ka ngwaga wa tirelo wa 2014, go ile ga kolobediwa batho ba feta 275 500. Seo se raya gore beke le beke go ne go kolobediwa batho ba ka nna 5 300.

15. Dikgang tse di molemo di rerwa jang gompieno?

15 Go a gakgamatsa tota go bona palo ya batho ba ba ileng ba utlwa dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Gone jaanong dikgatiso tsa rona di gone ka dipuo di feta 700. Tora ya Tebelo ke one makasine o o anamisitsweng thata mo lefatsheng lotlhe. Kgwedi le kgwedi go printiwa dimakasine di feta 52 000 000 ka dipuo di le 247. Mme buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e re e dirisang go tshwarela batho thuto ya Baebele, e ranoletswe mo dipuong di feta 250. Go tla go fitlha ga jaana, go printilwe dibuka di feta 200 000 000.

16. Ke eng fa phuthego ya ga Jehofa e ntse e tsweletse go gola?

16 Phuthego ya Modimo e golela go ya pele ka gonne re na le tumelo mo Modimong e bile re amogela gore Baebele ke Lefoko la Modimo. (1 Bathesalonika 2:13) Jehofa o ntse a tsweletse go re segofatsa le fa gone Satane a re tlhoile e bile a re bogisa.—2 Bakorintha 4:4.

SE EMISE GO RATA BA BANGWE

17, 18. Jehofa o lebeletse gore re ikutlwe jang ka batho ba ba sa batleng go mo obamela?

17 Batho ba tsibogela molaetsa wa rona ka ditsela tse di sa tshwaneng. Ba bangwe ba a re reetsa mme ba bangwe ba tlhoile molaetsa wa rona. Jehofa o lebeletse gore re ikutlwe jang ka batho ba ba sa batleng go mo obamela? Go sa kgathalesege gore batho ba tsibogela molaetsa wa rona jang, re latela kgakololo e e mo Baebeleng e e reng: “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai, gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.” (Bakolosa 4:6) Nako le nako fa re femela dilo tse re di dumelang, re batla go dira jalo ka “bonolo le tlotlo e e boteng” ka gonne re rata baagelani ba rona.—1 Petere 3:15.

18 Tota le fa batho ba re galefela e bile ba gana go re reetsa, re ba bontsha lorato le go etsa sekao sa ga Jesu. Fa Jesu a ne a “gobololwa, a se ka a gobolola le ene. E rile a boga, a se ka a tshosetsa.” Go na le moo o ne a ikanya Jehofa. (1 Petere 2:23) Ka jalo, ka dinako tsotlhe re a ikokobetsa le go latela kgakololo eno e e reng: “Lo sa duele go utlwisiwa botlhoko ka go utlwisa botlhoko kgotsa go gobololwa ka go gobolola, mme go na le moo, lo segofatse.”—1 Petere 3:8, 9.

Re tshwanetse go rata baba ba rona go sa kgathalesege gore ba re tshwara jang

19. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka baba ba rona?

19 Boikokobetso bo re thusa gore re ikobele molaometheo ono wa botlhokwatlhokwa o Jesu a neng a re naya one, o o reng: “Lo ne lwa utlwa gore go ne ga twe, ‘O rate moagelani wa gago mme o tlhoe mmaba wa gago.’ Le fa go ntse jalo, ke a lo raya ka re: Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang; gore lo tle lo itshupe lo le bana ba ga Rraalona yo o kwa magodimong, e re ka a tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile a nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.” (Mathaio 5:43-45) Rona batlhanka ba Modimo re tshwanetse go rata baba ba rona go sa kgathalesege gore ba re tshwara jang.

20. Re itse jang gore kwa lefatsheng le lesha batho ba tla rata Modimo le moagelani? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

20 Ka dinako tsotlhe re tshwanetse go bontsha gore re rata Jehofa le baagelani ba rona. Tota le fa batho ba re ganetsa kgotsa ba ganetsa molaetsa wa rona, re a ba thusa fa ba tlhoka go thusiwa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Lona lo se ka lwa kolota ope le fa e le sepe, fa e se go ratana; gonne yo o ratang mogagabo o diragaditse molao. Gonne melao e e reng, ‘o se ka wa dira boaka, o se ka wa bolaya motho, o se ka wa utswa, o se ka wa eletsa ka bopelotshetlha,’ mme le fa e le taelo efe e nngwe e e leng teng, e sobokantswe mo lefokong leno, le le reng, ‘o rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’ Lorato ga lo direle moagelani bosula; jalo lorato ke tiragatso ya molao.” (Baroma 13:8-10) Batlhanka ba Modimo ba rata baagelani ba bone le fa gone ba tshela mo lefatsheng leno le le kgaoganeng, le le tletseng dikgoka, le le bosula e bile le laolwa ke Satane. (1 Johane 5:19) Fa Jehofa a sena go nyeletsa Satane le madimona a gagwe, go tla rena lorato mo lefatsheng. Go tla bo go le gontle tota go bona batho botlhe ba rata Jehofa le baagelani ba bone!