Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta Ngwana wa Gago go Direla Jehofa

Ruta Ngwana wa Gago go Direla Jehofa

“Mma [monna wa Modimo wa boammaaruri] . . . a re rute se re tshwanetseng go se dira ngwana yo o tla tsholwang.”—BAATLHODI 13:8.

PINA: 88, 120

1. Manoa o ne a dira eng fa a sena go utlwa gore o tlile go nna le ngwana wa mosimane?

MANOA le mosadi wa gagwe ba ne ba itse gore ga ba kitla ba nna le bana. Letsatsi lengwe moengele wa ga Jehofa o ne a bolelela mosadi wa ga Manoa gore o tla tshola ngwana wa mosimane. A dikgang tse di monate ruri! Manoa o ne a itumela tota fa a utlwa dikgang tseo. Mme o ne a akanyetsa se Jehofa a neng a se lebeletse mo go ene fa ngwana yoo a sena go tsholwa. Ba ne ba tla kgona jang go ruta morwaabone gore a rate Jehofa le go mo direla le fa gone batho ba le bantsi mo Iseraele ba ne ba dira dilo tse di bosula? Manoa o ne a kopa Jehofa gore a romele moengele gape kwa go ene a re: “Tsweetswee mma [monna wa Modimo wa boammaaruri] a tle gape kwa go rona mme a re rute se re tshwanetseng go se dira ngwana yo o tla tsholwang.”—Baatlhodi 13:1-8.

2. Ke eng se o se tlhokang gore o kgone go ruta bana ba gago, mme o ka dira seo jang? (Bona le lebokoso le le reng, “ Baithuti ba Baebele ba ba Botlhokwa Thata.”)

2 Batsadi, gongwe lo tlhaloganya tsela e Manoa a neng a ikutlwa ka yone ka gonne le lona lo na le maikarabelo a go thusa bana ba lona gore ba itse Jehofa le go mo rata. (Diane 1:8) Ka nako ya kobamelo ya lelapa, lo ka ba thusa gore ba tswelele ba ithuta ka Jehofa le ka Lefoko la gagwe, Baebele. Ga go a lekana go ithuta Baebele le bone beke le beke. (Bala Duteronome 6:6-9.) Ke eng gape se se ka lo thusang go ba ruta go rata le go direla Jehofa? Mo setlhogong seno, re tla sekaseka sekao sa ga Jesu. Tota le fa a ne a se na bana, lo ka ithuta go le gontsi mo tseleng e a neng a ruta le go thapisa barutwa ba gagwe ka yone. Jesu o ne a ba rata e bile a ikokobeditse. Gape o ne a kgona go lemoga tsela e ba neng ba ikutlwa ka yone e bile a itse kafa a neng a ka ba thusa ka gone. Mma re boneng kafa re ka mo etsang ka gone.

RATA BANA BA GAGO

3. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba itse jang gore o a ba rata?

3 Gangwe le gape Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore o a ba rata. (Bala Johane 15:9.) Gape o ne a fetsa nako e ntsi a na le bone. (Mareko 6:31, 32; Johane 2:2; 21:12, 13) Jesu e ne e se morutisi wa bone fela, gape e ne e le tsala. Ka jalo, ba ne ba sa belaele gore o a ba rata. Lo ka ithuta eng mo go Jesu?

4. O ka bontsha jang bana ba gago gore o a ba rata? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

4 Bolelela bana ba gago gore o a ba rata mme o ba bontshe gore ba botlhokwa go le kana kang. (Diane 4:3; Tito 2:4) Samuel yo o nnang kwa Australia a re: “Fa ke ne ke sa ntse ke le monnye, Papa o ne a tlhola a mpalela Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele bosigo bongwe le bongwe. O ne a araba dipotso tsa me, a ntlamparela a bo a ntshuna pele ke ya go latsa tlhogo. Ke ne ka gakgamala tota fa ke utlwa gore batsadi ba ga Papa ba ne ba se ke ba mo tlamparela le go mo suna! Mme ene o ne a leka ka thata go mpontsha gore o a nthata. Ke ka moo nna le ene re atamalaneng thata e bile ke ikutlwang ke itumetse gape ke sireletsegile.” Thusa bana ba gago gore le bone ba ikutlwe ka tsela e e tshwanang ka go nna o ba raya o re “Ke a lo rata.” Ba tlamparele mme o ba sune. Iphe nako ya go bua, ya go ja le ya go tshameka le bone.

5, 6. (a) Jesu o ne a dira eng go bontsha gore o rata barutwa ba gagwe? (b) O tshwanetse go otlhaya bana ba gago jang?

5 Jesu o ne a re: “Botlhe ba ke ba ratang ke a ba kgalemela ke ba ke ba otlhaya.” * (Bala ntlha e e kwa tlase.) (Tshenolo 3:19) Ka sekai, barutwa ba gagwe ba ne ba tlhola ba ngangisana gore ke mang yo mogolo mo go bone. Jesu ga a ka itlhokomolosa bothata joo. O ne a le pelotelele mme a ba kgalemela kgapetsakgapetsa. Mme gone o ne a le pelonomi, a sa nnele go tlhola a ba kgalemetse go na le moo a emela nako e e siametseng gore a dire jalo.—Mareko 9:33-37.

Tlhomamisa gore lefelo le nako e o kgalemelang bana ba gago ka yone e siame mme o dire jalo ka bonolo

6 O otlhaya bana ba gago ka gonne o ba rata. Ka dinako tse dingwe go lekane fela go ba tlhalosetsa lebaka la go bo o re sengwe se siame kgotsa gore ga se a siama. Mme o tla dira eng fa ba sa ntse ba tlhoka tsebe? (Diane 22:15) Ithute mo go Jesu. Nna pelotelele mme o ba kgalemele ka go ba kaela le go ba thapisa. Tlhomamisa gore lefelo le nako e o ba kgalemelang ka yone e siame mme o dire jalo ka bonolo. Kgaitsadi Elaine wa mo Afrika Borwa o gakologelwa tsela e batsadi ba gagwe ba neng ba mo kgalemela ka yone. Ba ne ba tlhola ba mo tlhalosetsa gore ba lebeletse eng mo go ene. Fa ba mmolelela gore ba tla mo otlhaela botlhokatsebe, ba ne ba dira fela jalo. Mme a re: “Le ka motlha ga ba ise ba nkotlhae ba galefile kgotsa ba sa ntlhalosetsa gore ke otlhaelwa eng.” Seno se ile sa dira gore Elaine a se ka a lebala gore batsadi ba gagwe ba a mo rata.

IKOKOBETSE

7, 8. (a) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba ithuta eng mo dithapelong tsa gagwe? (b) Dithapelo tsa gago di ka thusa jang bana ba gago gore ba ikaege ka Modimo?

7 Fa Jesu a ne a tloga a tshwarwa le go bolawa, o ne a kopa Rraagwe a re: “Aba, Rra, dilo tsotlhe di a kgonega mo go wena; tlosa senwelo seno mo go nna. Le fa go ntse jalo e se se ke se batlang, mme e le se o se batlang.” * (Bala ntlha e e kwa tlase.) (Mareko 14:36) Akanya fela kafa barutwa ba ga Jesu ba neng ba ikutlwa ka gone fa ba mo utlwa a rapela kgotsa fa bangwe ba bone ba utlwa ka yone thapelo eo. Ba ne ba lemoga gore le fa a ne a se na boleo, o ne a sa ntse a kopa Rraagwe gore a mo thuse. Ka jalo, ba ne ba ithuta gore le bone ba tshwanetse go ikokobetsa le go ikaega ka Jehofa.

Fa bana ba gago ba go utlwa o kopa Jehofa gore a go thuse, le bone ba ithuta go ikaega ka Jehofa

8 Bana ba ka ithuta go le gontsi fa ba go reeditse o rapela. Ke boammaaruri gore ga o rapele fela ka gonne o batla go ba ruta go rapela. Mme fa ba go utlwa o rapela, ba ka ithuta go ikaega ka Jehofa. Fa o rapela, o se ka wa kopa fela gore Jehofa a thuse bana ba gago go na le moo mo kope gore le wena a go thuse. Ana wa kwa Brazil a re: “Fa go na le mathata, jaaka fa mmemogolo le rremogolo ba lwala, batsadi ba me ba ne ba kopa Jehofa gore a ba neye maatla a go kgona go itshokela boemo joo le botlhale jwa gore ba dire ditshwetso tse di siameng. Tota le fa ba ne ba farafarilwe ke mathata, ba ne ba a tlogelela Jehofa. Seo se ne sa nthuta gore ke ikaege ka Jehofa.” Fa bana ba gago ba go utlwa o kopa Jehofa gore a go neye bopelokgale jwa go rerela moagelani wa gago kgotsa jwa go kopa mothapi wa gago gore a go neye malatsi a go ya kopanong, ba tla lemoga gore o ikaega ka Jehofa mme le bone ba tla dira se se tshwanang.

9. (a) Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe jang gore ba ikokobetse le go nna pelotshweu? (b) Bana ba gago ba tla ithuta eng fa ba go bona o ikokobeditse e bile o le pelotshweu?

9 Jesu o ne a tlhomela balatedi ba gagwe sekao sa go ikokobetsa le sa go intsha setlhabelo. (Bala Luke 22:27.) Baaposetoloi ba ne ba latela sekao sa gagwe sa go intsha setlhabelo mo tirong ya Modimo le mo go thuseng ba bangwe. Le wena o ka ruta bana ba gago ka go ba tlhomela sekao. Debbie yo o nang le bana ba babedi a re: “Monna wa me ke mogolwane mo phuthegong mme ga ke ise ke fufege fa ke mmona a fetsa nako a thusa batho ba bangwe mo phuthegong. Ke a itse gore ka nako e re mo tlhokang ka yone mo lelapeng, o gone. (1 Timotheo 3:4, 5) Sekao sa ga Debbie le monna wa gagwe Pranas se ile sa thusa lelapa la bone jang? A re bana ba gagwe ba ne ba tlhola ba ithaopa kwa dikopanong. Ba ne ba itumetse, ba na le ditsala tse di siameng e bile ba batla go fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi. Gone jaanong lelapa lotlhe le mo tirelong ya nako e e tletseng. Fa o ikokobeditse e bile o le pelotshweu, o ruta bana ba gago gore ba iketleeletse go thusa batho ba bangwe.

DIRISA TEMOGO

10. Jesu o ne a bontsha jang gore o kgona go bona se batho ba se akantseng?

10 Jesu o ne a sa tlhome mogopolo fela mo go se batho ba neng ba se dira go na le moo o ne a kgona go tlhaloganya ka botlalo mabaka a go bo ba se dira. O ne a kgona go lemoga se se mo dipelong tsa bone. Ka sekai, nako nngwe batho ba ba neng ba tswa kwa Galalea ba ne ba mmatla. (Johane 6:22-24) O ne a lemoga gore ga ba mmatlele go utlwa se a ba rutang sone go na le moo ba mmatlela dijo. (Johane 2:25) Jesu o ne a kgona go lemoga sentle gore ba ne ba ikutlwa jang. Ka jalo, ga a ka a ba felela pelo go na le moo o ne a ba tlhalosetsa gore ba tshwanetse go fetola ditsela tsa bone.—Bala Johane 6:25-27.

Thusa bana ba gago gore ba itumelele bodiredi (Bona serapa 11)

11. (a) O ka leka go dira eng go bona gore bana ba gago ba ikutlwa jang ka bodiredi jwa tshimo? (b) O ka thusa jang bana ba gago gore ba itumelele go ya tshimong?

11 Le fa gone re sa kgone go bona se se mo pelong ya motho, re ka kgona go lemoga se a se akantseng. Ka sekai, o ka leka go tlhaloganya kafa bana ba gago ba ikutlwang ka gone ka bodiredi jwa tshimo. Gongwe o ka ipotsa go re: ‘A ba tlhoafalela bodiredi jwa tshimo fa fela ba itse gore go tla nna le nako ya go ikhutsa le ya go ja?’ Fa o lemoga gore bana ba gago ga ba itumelele bodiredi go le kalo, leka go dira sengwe gore ba bo kgatlhegele. Ba abele tiro nngwe e ba ka e dirang gore le bone ba ikutlwe ba na le seabe mo go se se dirwang.

12. (a) Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe ka eng? (b) Ke eng fa go ne go tshwanela gore a ba tlhagise jalo?

12 Ke tsela efe e nngwe e Jesu a ileng a bontsha ka yone gore o na le temogo? O ne a itse gore phoso e le nngwe e ka dira gore motho a feleletse a wetse mo boleong jo bo masisi, mme o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe ka kgang eno. Ka sekai, barutwa ba gagwe ba ne ba itse gore boaka ga bo a siama. Mme Jesu o ne a ba bontsha se se ka dirang gore motho a feleletse a wetse mo boleong. O ne a re: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe. Jaanong, fa e le gore leitlho leo la gago la moja le a go kgopisa, le gonye mme o le latlhele kgakala le wena.” (Mathaio 5:27-29) Barutwa ba ne ba tshela le batho ba kwa Roma ba ba neng ba se na boitshwaro ba rata go leba metshameko e e bontshang thobalano le matlhapa. Ka jalo, Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe gore ba tile dilo tse di ka dirang gore go nne thata go ikobela Modimo.

13, 14. O ka thusa jang bana ba gago gore ba tile boitlosobodutu jo bo sa siamang?

13 Batsadi ba ka dirisa temogo go sireletsa bana ba bone gore ba se ka ba dira dilo tse Jehofa a sa di batleng. Go utlwisa botlhoko go bo gompieno le bana ba bannye tota ba bo ba le mo kotsing ya go leba ditshwantsho tsa thobalano le dilo tse dingwe tse di leswe. O tshwanetse go ruta bana ba gago gore ga ba a tshwanela go leba dilo tseno tse di leswe. Mme go dira jalo ga go a lekana. Ipotse go re: ‘A banake ba itse lebaka la go bo ditshwantsho tsa thobalano di le kotsi? Ke eng se se ka dirang gore ba eletse go di leba? A ke dira gore go nne motlhofo gore ba bue le nna ka sengwe le sengwe gore le fa ba ka raelesega go leba ditshwantsho tsa thobalano, ba se ka ba tshaba go mpolelela?’ Tota le fa bana ba le bannye thata, o ka nna wa ba raya wa re: “Fa lo ka tsamaya lo bona sengwe mo Internet se se amanang le thobalano mme lo raelesega go se leba, tsweetswee mpoleleleng. Lo se ka lwa tshaba kgotsa lwa tlhajwa ke ditlhong thata go bua ka sone. Ke batla go lo thusa.”

14 Tlhomela bana ba gago sekao se se molemo fa go tla mo kgannyeng ya go tlhopha boitlosobodutu jo bo siameng. Pranas yo re buileng ka ene a re: “O ka bua go tlala seatla mme gone tlhako ya morago e gata mo ya pele e gatileng teng.” Fa ka dinako tsotlhe o tlhopha mmino, dibuka le difilimi tse di siameng, bana ba gago le bone ba tla dira fela jalo.—Baroma 2:21-24.

JEHOFA O TLA GO THUSA

15, 16. (a) Ke eng fa o tlhomamisegile gore Jehofa o tla go thusa go thapisa bana ba gago? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

15 Jehofa o ne a dira eng fa Manoa a mo kopa gore a mo thuse go nna motsadi yo o molemo? “Modimo wa boammaaruri a reetsa lentswe la ga Manoa.” (Baatlhodi 13:9) Batsadi, le lona Jehofa o tla lo reetsa fa lo rapela. O tla lo thusa go thapisa bana ba lona. Mme o tla lo thusa go bontsha lorato, go ikokobetsa le go nna le temogo.

16 Fela jaaka Jehofa a tla lo thusa go thapisa bana ba lona fa ba le bannye, o sa ntse a tla lo thusa go ba thapisa fa ba fitlha mo dingwageng tsa bolesome. Mo setlhogong se se latelang re tla sekaseka kafa sekao sa ga Jesu sa go rata, go ikokobetsa le go lemoga se ka go thusang ka gone go thapisa ngwana yo o mo dingwageng tsa bolesome gore a direle Jehofa.

^ ser. 5 Baebele e ruta gore go kgalemela go kaya go kaela, go thapisa, go baakanya mme ka dinako tse dingwe, go otlhaya. Batsadi ba tshwanetse go kgalemela bana ka tsela e e bonolo mme ba sa galefa.

^ ser. 7 Ka nako ya ga Jesu, bana ba ne ba bitsa borraabone ba re Abba. Lefoko leno le ne le bontsha lorato le tlotlo.—Go ya ka The International Standard Bible Encyclopedia.