Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tswelelang lo Bontsha ‘Lorato Lwa Bokaulengwe’!

Tswelelang lo Bontsha ‘Lorato Lwa Bokaulengwe’!

“A lorato lwa lona lwa bokaulengwe lo tswelele.”—BAHEBERA 13:1.

PINA: 72, 119

1, 2. Ke eng fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera?

KA NGWAGA wa 61, Bakeresete ba diphuthego tsotlhe tsa kwa Iseraele ba ne ba tshela ka kagiso. Le fa Moaposetoloi Paulo a ne a le mo kgolegelong kwa Roma, o ne a solofetse gore o tla gololwa mo nakong e e sa fediseng pelo. Tsala ya gagwe e bong Timotheo o ne a sa tswa go gololwa mo kgolegelong, mme ene le Paulo ba ne ba solofetse go etela bakaulengwe ba kwa Judea. (Bahebera 13:23) Mo dingwageng di le tlhano fela, Bakeresete ba kwa Judea, segolobogolo ba ba nnang kwa Jerusalema, ba ne ba tshwanelwa ke go tsaya kgato ka bonako. Ka ntlha yang? Ka gonne Jesu o ne a ba boleletse gore fa ba bona masole a dikaganyeditse Jerusalema, ba tshwanetse go tswa mo motseng oo.—Luke 21:20-24.

2 Go ne go setse go fetile dingwaga di le 28 fa e sa le Jesu a ba tlhagisitse. Mo nakong eo yotlhe, Bakeresete ba kwa Iseraele ba ne ba ikanyega le fa ba ne ba boga e bile ba lekwa. (Bahebera 10:32-34) Mme Paulo o ne a batla gore ba nne ba eme sejaro ba letile se se larileng kwa pele. Ba ne ba tla tloga ba kopana le dinta di fuduga. (Mathaio 24:20, 21; Bahebera 12:4) Tumelo le boitshoko jwa bone di ne di tlile go lekwa go feta le fa e le leng pele, ka gonne ba ne ba tla tshwanelwa ke go ikobela taelo ya ga Jesu. (Bala Bahebera 10:36-39.) Ka jalo, Jehofa o ne a laela Paulo gore a kwalele Bakeresete bao lekwalo le le itseweng e le buka ya Bahebera, e le go ba nonotsha gore ba kgone go itshokela se se larileng kwa pele.

3. Ke eng fa re tshwanetse go kgatlhegela dintlha tse di mo bukeng ya Bahebera?

3 Re tshwanetse go kgatlhegela dintlha tse di mo bukeng ya Bahebera. Ka ntlha yang? Ka gonne maemo a rona a tshwana le a Bakeresete ba kwa Judea. Re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone’ mme bontsi jwa rona re ile ra itshokela diteko kgotsa dipogiso tse di botlhoko. (2 Timotheo 3:1, 12) Le fa go ntse jalo, bontsi jwa rona re tshela ka kagiso e bile ga re bogisiwe go le kalo. Ka jalo, le rona re tlhoka go ntsha matlho dinameng fela jaaka Bakeresete ba motlha wa ga Paulo. Ka ntlha yang? Mo bogautshwaneng, tumelo ya rona e tlile go lekwa!—Bala Luke 21:34-36.

4. Temana ya ngwaga wa 2016 ya reng mme ke eng fa e le maleba?

4 Ke eng se se tla re thusang go ipaakanyetsa se se tla diregang mo nakong e e tlang? Mo bukeng ya Bahebera, Paulo o ne a umaka dilo di le dintsi tse di ka re thusang go nonotsha tumelo ya rona. Mo go Bahebera 13:1 o ne a re: “A lorato lwa lona lwa bokaulengwe lo tswelele.” Temana eo ke yone e e tlhophilweng go nna setlhogo sa ngwaga wa 2016.

Temana ya ngwaga wa 2016: “A lorato lwa lona lwa bokaulengwe lo tswelele.”—Bahebera 13:1

LORATO LWA BOKAULENGWE KE ENG?

5. Lorato lwa bokaulengwe ke eng?

5 Lorato lwa bokaulengwe ke eng? Lefoko la ntlhantlha la Segerika le Paulo a le dirisitseng fano le kaya “lorato lo bana ba motho ba ratanang ka lone.” Lorato lono lo bonala mo malokong a lelapa le mo ditsaleng tse di ntshanang se inong. (Johane 11:36) Ga re itire e kete re rata Bakeresete ka rona go na le moo re ba rata go tswa pelong. (Mathaio 23:8) Paulo a re: “Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi. Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Baroma 12:10) Mafoko ano a bontsha gore re rata bakaulengwe ba rona fela thata. Batho ba Modimo ke ditsala tsa tlhogo ya kgomo e bile ba seoposengwe ka gonne ba thusiwa ke lorato lwa bokaulengwe le melaometheo ya Baebele.

6. Bakeresete ba boammaaruri ba tlhaloganya jang bokao jwa mafoko a a reng lorato lwa bokaulengwe?

6 Mafoko a a reng “lorato lwa bokaulengwe” a fitlhelwa thata mo dikgatisong tsa Baebele. Gantsi Bajuda ba bogologolo ba ne ba dirisa lefoko “mokaulengwe” fa ba bua ka mongwe wa losika mme ka dinako tse dingwe ba ne ba le dirisa le fa ba bua ka mongwe yo e seng wa losika. Mme le ka motlha ba ne ba sa le dirise mo bathong ba e neng e se Bajuda. Mme rona Bakeresete re bitsa Mokeresete mongwe le mongwe re re ke “mokaulengwe” go sa kgathalesege gore o tswa kwa nageng efe. (Baroma 10:12) Jehofa o re rutile gore re rate bakaulengwe ba rona. (1 Bathesalonika 4:9) Mme ke eng fa go le botlhokwa gore re tswelele re bontsha lorato lwa bokaulengwe?

KE ENG FA GO LE BOTLHOKWA THATA GORE RE TSWELELE RE BONTSHA LORATO LWA BOKAULENGWE?

7. (a) Lebaka la konokono la go bo re bontsha lorato lwa bokaulengwe ke lefe? (b) Tlhalosa lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go ratana go tswa pelong.

7 Lebaka la konokono la go bo re tshwanetse go bontsha lorato lwa bokaulengwe ke ka gonne Jehofa ke ene a re laelang gore re dire jalo. Re ka se ka ra re re rata Jehofa mme gone re gana go rata bakaulengwe ba rona. (1 Johane 4:7, 20, 21) Lebaka le lengwe ke ka gonne re tshwanetse go nna ngata e le nngwe segolobogolo mo dinakong tsa mathata. Fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera, o ne a itse gore bangwe ba bone ba ne ba tla tshwanelwa ke go tlogela matlo la dithoto tsa bone. Jesu o ne a ba boleletse gore go ne go tlile go nna thata. (Mareko 13:14-18; Luke 21:21-23) Ka jalo, pele nako eo e goroga, Bakeresete bao ba ne ba tshwanetse go ratana go tswa pelong.—Baroma 12:9.

Re tshwanetse go nonotsha lorato lwa rona lwa bokaulengwe gone jaanong ka gonne lo tla re thusa gore re lebane le diteko dipe fela tse di larileng kwa pele

8. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gone jaanong pele pitlagano e kgolo e simologa?

8 Go ise go ye kae, batho ba tlile go lebana le pitlagano e kgolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa nna gone. (Mareko 13:19; Tshenolo 7:1-3) Re tla tshwanelwa ke go ikobela taelo eno: “Tsamayang, batho ba me, tsenang mo diphaposing tsa lona tse di kwa teng, lo tswale dikgoro fa lo sena go tsena. Lo iphitlhe ka nakwana fela go fitlha katlholo e feta.” (Isaia 26:20) ‘Diphaposi tse di kwa teng’ di ka tswa di kaya diphuthego tse re leng mo go tsone. Ke gone kwa re kopanang teng le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona go tla go obamela Jehofa. Mme ga se gone fela. Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba Bahebera gore ba tshwanetse go kgothatsana le go ratana. (Bahebera 10:24, 25) Re tshwanetse go nonotsha lorato lwa rona lwa bokaulengwe gone jaanong ka gonne lo tla re thusa gore re lebane le diteko dipe fela tse di larileng kwa pele.

9. (a) Ke ditshono dife tse re nnang le tsone tsa go bontsha lorato lwa bokaulengwe? (b) Umaka dikai tsa kafa batho ba ga Jehofa ba ileng ba bontsha lorato lwa bokaulengwe ka gone.

9 Re na le ditshono di le dintsi tsa go bontshana lorato lwa bokaulengwe pele pitlagano e kgolo e simologa. Bakaulengwe ba rona ba le bantsi ba amiwa ke dithoromo tsa lefatshe, merwalela, dikgwanyape, ditsunami kgotsa masetlapelo ape fela a tlholego. Bangwe ba bone ba a bogisiwa. (Mathaio 24:6-9) Mme bangwe ba lebana le mathata a ikonomi ka ntlha ya dilo tse di bosula tse di diregang mo lefatsheng leno. (Tshenolo 6:5, 6) Mme gone, fa mathata a ntse a oketsega, re nna le ditshono di le dintsi tsa go bontsha bakaulengwe ba rona gore re a ba rata. Tota le fa batho ba re tshelang le bone ba sa ratane, rona re tlhoka go tswelela re bontshana lorato lwa bokaulengwe. (Mathaio 24:12) [1]—Bala ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.

RE KA DIRA JANG GORE RE TSWELELE RE BONTSHA LORATO LWA BOKAULENGWE?

10. Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

10 Le fa gone re na le mathata, re ka dira eng go tlhomamisa gore re tswelela re bontsha lorato lwa bokaulengwe? Re ka bontsha jang bakaulengwe ba rona gore re a ba rata? Fa moaposetoloi Paulo a sena go re, “a lorato lwa lona lwa bokaulengwe lo tswelele,” o ne a tlhalosa ditsela di le mmalwa tsa kafa re ka dirang seo ka gone. A re sekasekeng di le thataro tsa tsone.

11, 12. Go tshola baeng go kaya eng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

11 “Lo se ka lwa lebala go tshola baeng.” (Bala Bahebera 13:2.) “Go tshola baeng” go kaya eng? Mafoko ano fa a tlhalosiwa ka tsela e a leng ka yone a kaya “go nna pelonomi mo bathong ba o sa ba itseng.” Gongwe a re gopotsa Aborahame le Lote. Ba ne ba le pelonomi mo bathong ba ba neng ba sa ba itse. Kgabagare, ba ne ba lemoga gore batho bao e ne e le baengele. (Genesise 18:2-5; 19:1-3) Dikai tseno di ne di kgothaletsa Bakeresete ba Bahebera gore ba bontshe lorato lwa bokaulengwe ka go nna le moya wa go tshola baeng.

12 Re ka bontsha jang moya wa go tshola baeng? Re ka dira jalo ka go laletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona gore ba tle go ja mmogo le rona kgotsa go tla go ba kgothatsa. Tota le fa re sa itse molebedi wa rona wa potologo le mosadi wa gagwe, re ka ba laletsa kwa matlong a rona. (3 Johane 5-8) Ga re tlhoke go apaya letlepu la dijo kgotsa go dirisa tšhelete e ntsi fa ba re etetse. Boikaelelo jwa rona e tshwanetse go nna go ba kgothatsa e seng go ba bontsha gore re na le tšhelete e e kana kang. Mme ga re a tshwanela go laletsa fela batho ba ba ka kgonang go re naya sengwe. (Luke 10:42; 14:12-14) Sa botlhokwa ke gore, ga re a tshwanela go tshwarega thata jaana mo re se nang nako ya go amogela baeng kwa malapeng a rona!

13, 14. Re ka nna jang re ‘gopotse ba ba mo kgolegelong’?

13 “Nnang lo gopotse ba ba mo dikgoleng tsa kgolegelo.” (Bala Bahebera 13:3.) Paulo o ne a bua ka bakaulengwe ba ba neng ba le mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya bone. O ne a akgola phuthego ka gonne e ile ya “bontsha ba ba mo kgolegelong kutlwelobotlhoko.” (Bahebera 10:34) Go na le bakaulengwe ba ba neng ba thusa Paulo fa a ne a le kwa kgolegelong mme go na le ba ba neng ba nna kgakala le ene. Ba ne ba ka kgona jang go thusa Paulo? Ba ne ba ka dira jalo ka go nna ba mo rapelela ka tlhoafalo.—Bafilipi 1:12-14; Bahebera 13:18, 19.

Re ka rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona tota le bana ba ba kwa kgolegelong kwa Eritrea

14 Go na le Basupi ba le bantsi ba ba mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya bone. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nnang gaufi le dikgolegelo tse Basupi bao ba leng kwa go tsone, ba ka nna ba ba thusa ka ditsela dingwe. Mme bontsi jwa rona re nna kgakala le Basupi bao. Re ka dira jang gore re se ka ra ba lebala? Lorato lwa bokaulengwe lo tla re tlhotlheletsa gore re nne re ba rapelela ka tlhoafalo. Ka sekai, re ka rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona tota le bana ba ba kwa kgolegelong kwa Eritrea go akaretsa le mokaulengwe Paulos Eyassu, Isaac Mogos, le Negede Teklemariam ba go setseng go fetile dingwaga di le 20 ba le mo kgolegelong.

15. Re ka tlotla jang lenyalo?

15 “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe.” (Bala Bahebera 13:4.) Gape re ka bontsha lorato lwa bokaulengwe ka go tila boitshwaro jo bo sa siamang. (1 Timotheo 5:1, 2) Ka sekai, fa re ne re ka akafala le mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe, re ne re tla bakela motho yoo le lelapa la gagwe mathata a a seng kana ka sepe. Bakaulengwe ba rona ba ne ba tla feleletsa ba sa tlhole ba re tshepa. (1 Bathesalonika 4:3-8) Akanya fela gore mosadi o ne a ka ikutlwa jang fa a fitlhela monna wa gagwe a lebile ditshwantsho tsa thobalano. O ne a tla tsaya gore monna wa gagwe ga a mo rate e bile ga a tlotle lenyalo la bone.—Mathaio 5:28.

16. Go kgotsofala go re thusa jang gore re bontshe lorato lwa bokaulengwe?

16 ‘Kgotsofalela dilo tsa jaanong.’ (Bala Bahebera 13:5.) Fa re ikanya Jehofa, re tla kgotsofalela dilo tse re nang le tsone. Seno se ka re thusa jang gore re bontshe lorato lwa bokaulengwe? Fa re kgotsofetse, ga re kitla re lebala gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba botlhokwa thata go gaisa madi kgotsa dilo dipe fela. (1 Timotheo 6:6-8) Ga re kitla re ngongorega ka bone kgotsa ka maemo a rona a botshelo. E bile ga re kitla re fufegela ba bangwe kgotsa go nna pelotshetlha go na le moo re tla nna pelotshweu.—1 Timotheo 6:17-19.

17. Go ‘nna le bopelokgale jo bogolo’ go re thusa jang gore re bontshe lorato lwa bokaulengwe?

17 ‘Nna le bopelokgale jo bogolo.’ (Bala Bahebera 13:6.) Fa re ikanya Jehofa, re tla kgona go nna pelokgale le go itshokela diteko tse re lebanang le tsone. Bopelokgale joo bo tla re thusa gore re se ka ra kgobega marapo thata. Mme fa re sa kgobege marapo, re tla kgona go kgothatsa le go gomotsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. (1 Bathesalonika 5:14, 15) Tota le ka nako ya pitlagano e kgolo, re tla nna pelokgale e re ka re itse gore poloko ya rona e tla bo e atametse.—Luke 21:25-28.

Re ka nna pelokgale e re ka re itse gore kgololo ya rona e atametse

18. Re ka nonotsha jang tsela e re bontshang bagolwane ba rona lorato lwa bokaulengwe ka yone?

18 “Gakologelwang ba ba etelelang pele.” (Bala Bahebera 13:7, 17.) Bagolwane ba ba mo diphuthegong tsa rona ba dirisa nako ya bone gore ba kgone go re thusa. Fa re akanya ka tiro ya bone, re tla ba rata le go feta e bile re tla ba anaanela. Ga re kitla re batla gore ba nne ba sa itumela kgotsa ba kgobege marapo ka ntlha ya dilo tse re di dirang. Go na le moo, re batla go ikoba go tswa pelong. Fa re dira jalo, re tla bo re ‘ba tlotla ka tsela e e fetang e e tlwaelegileng ka lorato ka ntlha ya tiro ya bone.’—1 Bathesalonika 5:13.

A o lebogela tiro e bagolwane ba re e direlang? (Bona serapa 18)

TSWELELANG LO DIRA JALO KA BOTLALO

19, 20. Re ka bontsha jang lorato lwa bokaulengwe ka botlalo?

19 Batho ba ga Jehofa ke batho ba ba lorato. Le ba nako ya ga Paulo le bone ba ne ba ntse fela jalo. Mme Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete bao gore ba ratane le go feta. O ne a ba raya a re ba ‘tswelele ba dira jalo ka botlalo thata.’ (1 Bathesalonika 4:9, 10) Go bonala sentle gore go nna go ntse go na le mo re tlhokang go tokafatsa teng!

20 Ka jalo, fa re ntse re lebile temana ya ngwaga e e mo Diholong tsa rona tsa Bogosi, a re nneng re ntse re akantse ka dipotso tseno: A ke tlhoka go tokafatsa mo kgannyeng ya go tshola baeng? Nka thusa jang bakaulengwe ba ba mo kgolegelong? A ke tlotla thulaganyo ya Modimo ya lenyalo? Ke eng se se tla nthusang gore ke nne ke kgotsofetse? Nka dira jang gore ke ikanye Jehofa le go feta? Nka dira jang gore ke ikobele ba ba eteletseng pele mo phuthegong? Fa re tokafatsa mo dintlheng tseno tse thataro, temana ya ngwaga ga e kitla e nna mafoko fela a re a balang re bo re feta, go na le moo e tla re gopotsa mafoko ano a ga Paulo: “A lorato lwa lona lwa bokaulengwe lo tswelele.”—Bahebera 13:1.

^ [1] (serapa 9) Go bona dikai tsa kafa Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba bontsha lorato lwa bokaulengwe ka gone fa go tlhagile masetlapelo, bala Tora ya Tebelo ya July 15, 2002, tsebe 8-9 le buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo mo kgaolo 19.