Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Batho ba Modimo ba ile ba nna leng batshwarwa kgotsa magolegwa a Babelona o Mogolo?

Seno se ile sa direga nako nngwe morago ga ngwaga wa 100 mme sa khutla ka 1919. Ke eng fa re tlhoka go tokafatsa tsela e re tlhaloganyang kgang eno ka yone?

Re na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore ka 1919, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba gololwa mo go Babelona o Mogolo le go phuthelwa mo phuthegong e e itshekisitsweng. Akanya ka seno: Ka bonako fela fa Bogosi Jwa Modimo bo simolola go busa kwa legodimong ka 1914, batho ba Modimo ba ne ba lekwa mme ka iketlo ba thusiwa go tswa mo kobamelong ya maaka. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) (Malaki 3:1-4) Mme ka 1919, Jesu o ne a tlhoma “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” gore a neye batho ba Modimo ba ba itshekisitsweng “dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng.” (Mathaio 24:45-47) Mo go one ngwaga oo, batho ba Modimo ba ne ba gololwa mo bokgobeng jwa tshwantshetso jwa Babelona o Mogolo. (Tshenolo 18:4) Mme gone, batho ba Modimo ba nnile leng magolegwa?

Mo nakong e e fetileng, re ne re re batho ba Modimo ba ile ba nna magolegwa a Babelona o Mogolo ka nakwana go simologa ka 1918. Tora ya Tebelo ya March 15, 1992, e ne ya re fela jaaka Baiseraele ba ile ba nna magolegwa a Babelona, ka 1918, batlhanka ba ga Jehofa le bone ba ne ba nna magolegwa a Babelona o Mogolo. Mme fa re dira dipatlisiso tse di oketsegileng, re ne ra lemoga gore batho ba Modimo ba nnile magolegwa dingwagangwaga pele ga 1918.

Boporofeti jo bo mo go Esekiele 37:1-14 bo ne jwa bolelela pele gore batho ba Modimo ba ne ba tla nna magolegwa mme moragonyana ba bo ba gololwa. Esekiele o ne a bona ponatshegelo ya mokgatšha o o tletseng marapo. Jehofa o ne a re: “Fa e le ka marapo ano, ke botlhe ba ntlo ya Iseraele.” (Temana 11) Fano go buiwa ka setšhaba sa Iseraele mme moragonyana go buiwa ka “Iseraele wa Modimo,” e leng batlodiwa. (Bagalatia 6:16; Ditiro 3:21) Mo ponatshegelong eo, marapo a ne a tshela le go nna mophato o mogolo wa masole. Seno se tlhalosa tsela e batho ba Modimo ba neng ba gololwa ka yone mo go Babelona o Mogolo ka 1919. Mme boporofeti jono bo bontsha jang gore ba nnile magolegwa ka lobaka lo loleele?

Sa ntlha, Esekiele o ne a lemoga gore marapo a batho ba ba suleng a ne a “omeletse thata.” (Esekiele 37:2, 11) Seno se bontsha gore a ne a le fao ka lobaka lo loleele. Sa bobedi, Esekiele o ne a bona gore marapo a ne a boa a tshela ka iketlo, e seng ka tshoganyetso fela. O ne a utlwa “modumo . . . le go tlharakana, mme marapo a simolola go atamela, lerapo mo lerapong la lone.” Go tswa foo, o ne a bona ‘mesifa le nama di simolola go tla mo go one.’ Go tswa foo, letlalo le ne la manegiwa mo marapong. Moragonyana, ‘mohemo wa tsena mo go one, mme a simolola go tshela.’ Kgabagare, fa batho ba sena go boa ba tshela gape, Jehofa o ne a ba naya naga ya bone gore ba tshele mo go yone. Dilo tseno tsotlhe di ne di tla direga mo lobakeng lo loleele lwa nako.—Esekiele 37:7-10, 14.

Fela jaaka boporofeti jono bo ile jwa bolelela pele, Baiseraele ba ne ba isiwa botshwarwa ka lobaka lo loleele. Seno se ne sa direga la ntlha ka ngwaga wa 740 pele Keresete a tla mo lefatsheng, fa ditso tse di lesome tsa Iseraele, e leng karolo e e kwa bokone ya bogosi, di ne di patelediwa go tswa mo lefatsheng la tsone. Moragonyana ka ngwaga wa 607 pele Keresete a tla mo lefatsheng, Jerusalema e ne ya senngwa ke Bababelona mme ditso tse dingwe tse pedi, e leng karolo e e kwa borwa ya bogosi jwa Juda, di ne tsa patelediwa go tswa mo lefatsheng la tsone. Go tswa foo, ka ngwaga wa 537 pele Keresete a tla mo lefatsheng, ba ne ba ntshiwa mo bokgobeng fa palo e nnye ya Bajuda e ne e boela go ya go aga tempele sesha le go obamela Jehofa gape kwa Jerusalema.

Ka jalo, dintlha tseno tsotlhe di bontsha gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba tshwanetse ba bo ba ile ba nna magolegwa a Babelona o Mogolo ka lobaka lo loleele, e seng fela go tloga ka 1918 go ya go 1919. Jesu le ene o ne a bua ka lobaka lo loleele lwa nako fa a ne a re Bakeresete ba maaka, e leng mofero, ba ne ba tla gola mmogo le “bana ba bogosi” e leng korong. (Mathaio 13:36-43) Ka nako eo, go ne go na le Bakeresete ba boammaaruri ba le mmalwa fela. Bontsi jwa batho ba ba neng ba ipitsa Bakeresete, ba ne ba dumalana le dithuto tsa maaka mme ba nna batlhanogi. Ke ka moo re reng phuthego ya Bokeresete e ne e le mo bokgobeng jwa Babelona o Mogolo. Phuthego ya Bokeresete e ne ya tsena mo botshwarong morago ga ngwaga wa 100 mme seo sa tswelela go fitlha tempele ya Modimo ya semoya e itshekisiwa mo metlheng ya bofelo.—Ditiro 20:29, 30; 2 Bathesalonika 2:3, 6; 1 Johane 2:18, 19.

Mo nakong eo yotlhe, baeteledipele ba dikereke le ba dipolotiki ba ne ba batla go laola batho. Ka sekai, batho ba ne ba sa letlelelwa go nna le Baebele kgotsa go e bala ka puo e ba e tlhaloganyang. Bangwe ba batho ba ba neng ba bala Baebele ba ne ba fisiwa mo koteng. Mme batho ba ba neng ba le kgatlhanong le baeteledipele bao ba dikereke, ba ne ba otlhaiwa botlhoko. Batho ba ne ba sa kgone go ithuta boammaaruri jo bo mo Baebeleng kgotsa go bo ruta ba bangwe.

Gape ponatshegelo ya ga Esekiele e re ruta gore batho ba Modimo ba ne ba boa ba tshela gape le go ntshiwa mo botshwarong jwa bodumedi jwa maaka ka iketlo. Ka jalo, seno se simolotse leng go direga le gone jang? Mo ponatshegelong eo, go ne go utlwala modumo wa go “tlhakarana.” Seno se ne sa simolola go direga dingwaga di le makgolokgolo pele ga metlha ya bofelo e simologa. Ka nako eo, go ne go na le batho ba ba neng ba batla go itse boammaaruri le go direla Modimo tota le fa ba ne ba tshela le batho ba ba neng ba ruta dithuto tsa maaka. Ba ne ba ithuta Baebele e bile ba leka ka natla go bolelela ba bangwe ka dilo tse ba ithutileng tsone. Ba bangwe ba ne ba dira ka natla go ranolela Baebele mo dipuong tse batho ba neng ba kgona go di tlhaloganya.

Moragonyana, go ela kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa bo1800, go ne go ntse jaaka e kete nama le letlalo di ne di apesa marapo. Charles Taze Russell le ditsala tsa gagwe, ba ne ba dira ka natla go ithuta boammaaruri jwa Baebele le go direla Jehofa. Gape ba ne ba dirisa Zion’s Watch Tower le dikgatiso tse dingwe go thusa batho go ithuta boammaaruri. Moragonyana ka 1914, “Photo-Drama of Creation” le buka ya 1917 ya The Finished Mystery di ne tsa thusa batho ba ga Jehofa go nonotsha tumelo ya bone. Kgabagare, ka 1919, go ne go ntse jaaka e kete batho bano ba ne ba tshela gape e bile ba neilwe lefatshe le lesha. Fa e sa le go tloga ka nako eo, batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng, ba ne ba dira mmogo le batlodiwa. Botlhe ba direla Jehofa e bile ba fetogile “mophato o mogolo fela thata wa sesole.”—Esekiele 37:10; Sekarea 8:20-23. *—Bona ntlha e e kwa tlase.

Ka jalo, ga go pelaelo gore batho ba Modimo ba ne ba tsenngwa mo botshwarong jwa Babelona o Mogolo morago ga ngwaga wa 100. E ne e le nako e mo go yone batho ba le bantsi ba neng ba nna batlhanogi le go amogela dithuto tsa maaka mme ba gana boammaaruri. Go ne ga feta dingwagangwaga batho ba sa kgone go direla Jehofa fela jaaka go ne go ntse ka Baiseraele ka nako ya fa e ne e le magolegwa. Mme gompieno, batho ba kgona go ithuta boammaaruri. Re itumela tota go bo re tshela mo nakong e mo go yone botlhe “ba ba nang le temogo ba . . . phatsimang”! Batho ba le bantsi ba kgona go ‘iintlafatsa’ le go “itshekisiwa” le go amogela kobamelo ya boammaaruri.—Daniele 12:3, 10.

Fa Satane a ne a raela Jesu, a o ne a mo isa kwa tempeleng kgotsa a o ne a mmontsha yone mo ponatshegelong?

Ga re a tlhomamisega gore Satane o bontshitse Jesu tempele jang.

Pego ya tiragalo eo e mo bukeng ya Mathaio le ya Luke. Mathaio a re “Diabolo [o ne] a . . . tsaya” Jesu a ya le ene kwa Jerusalema mme a mo “emisa mo setlhoeng sa tempele,” ke gore kwa godimodimo ga tempele. (Mathaio 4:5; ntlha e e kwa tlase mo NW) Luke ene a re Diabolo o ne “a mo isa kwa Jerusalema a ba a mo emisa mo setlhoeng sa tempele.”—Luke 4:9.

Mo nakong e e fetileng, dikgatiso tsa rona di ne di re fa Satane a ne a leka go raela Jesu, a ka tswa a ne a sa mo isa kwa tempeleng ka tsela ya mmatota. Tora ya Tebelo ya March 1, 1961 ka Seesemane, e ne e tshwantsha seno le nako ya fa Satane a ne a leka go raela Jesu ka go mmontsha magosi otlhe a lefatshe ba le mo godimo ga thaba. E ne ya tlhalosa gore ga go na thaba epe e e kwa godimo thata jaana mo motho a ka kgonang go bona magosi otlhe a lefatshe a le kwa godimo ga yone. Go tswa foo, e ne ya re, ka tsela e e tshwanang, gongwe Satane ga a ka a tsaya Jesu a bo a mo isa kwa tempeleng ya mmatota. Le fa go ntse jalo, ditlhogo tse di neng tsa latela tsa Tora ya Tebelo di ne tsa tlhalosa gore fa Jesu a ka bo a ile a ya go itatlhela go tswa kwa godimo ga tempele, o ka bo a ile a swa.

Batho bangwe ba re e re ka Jesu e ne e se Molefi, o ne a ka se letlelelwe go ema mo lefelong le le boitshepo la tempele. Ke ka moo ba reng Satane o tshwanetse a bo a ile a leka go raela Jesu ka go mmontsha ponatshegelo. Makgolo a dingwaga moragonyana, Esekiele le ene o ne a isiwa kwa tempeleng ka ponatshegelo.—Esekiele 8:3, 7-10; 11:1, 24; 37:1, 2.

Mme fa e le gore Jesu o ile a isiwa kwa tempeleng ka ponatshegelo, batho bangwe ba ka ipotsa go re:

  • A tota Jesu o ne a ka raelesega go leka go itatlhela fa fatshe go tswa kwa tempeleng?

  • Nako nngwe Satane o ne a leka go raela Jesu ka go mo raya a re a fetole maje go nna senkgwe le go batla gore Jesu a mo obamele. Ka jalo, a go ka direga gore Satane o ne a batla gore Jesu a itatlhele fa fatshe go tswa kwa tempeleng ka tsela ya mmatota?

Mme fa e le gore Satane ga a dirisa ponatshegelo go isa Jesu kwa tempeleng ya mmatota, batho bangwe ba ka nna ba ipotsa go re:

  • A Jesu o ile a tlola molao fa a ne a eme mo lefelong le le boitshepo la mo tempeleng?

  • Jesu o kgonne jang go tswa kwa nageng a bo a ya kwa tempeleng e e neng e le kwa Jerusalema?

A re sekaseke tshedimosetso nngwe e e tla re thusang go araba dipotso tse pedi tsa bofelo.

Porofesa D. A. Carson a re lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “tempele” le le mo go Mathaio le Luke le ka tswa le kaya tempele yotlhe e seng fela lefelo le le boitshepo le Balefi e neng e le bone fela ba tshwanetseng go ema fa go lone. Go ela kwa borwabotlhaba jwa tempele, go ne go na le sekhutlo se se neng se na le marulelo a a kwa godimo thata a a sephaphathi. Gongwe Jesu o ne a le mo lefelong leo. Go tswa kwa sekhutlong seo go ela kwa tlase kwa Mokgatšheng wa Kiderona, e ne e le sekgala sa dimetara di ka nna 140. Rahisitori e bong Josephus a re lefelo leo le ne le le kwa godimo thata jaana mo e leng gore fa motho a le kwa go lone a bo a leba kwa tlase, o ne a tla “tsewa ke sedidi.” Le fa Jesu e ne e se Molefi, go ne go se phoso gore a eme foo.

Le fa go ntse jalo, Jesu o kgonne jang go tswa kwa nageng a bo a ya kwa tempeleng e e neng e le kwa Jerusalema? Ga re a tlhomamisega. Baebele ya re Jesu o ne a isiwa kwa Jerusalema. Ga e tlhalose gore Jesu o ne a le bokgakala jo bo kana kang go tswa kwa Jerusalema kgotsa gore Satane o ne a leka go mo raela ka lobaka lo lo kae. Ka jalo, go ka direga gore Jesu o ile a tsamaya ka dinao go ya kwa Jerusalema, le fa a ka tswa a ne a tsaya lobaka go goroga koo.

Fa Satane a ne a bontsha Jesu “magosi otlhe a lefatshe,” go ka direga gore o ne a dira jalo ka ponatshegelo ka gonne ga go na thaba epe mo lefatsheng e motho a ka kgonang go bona magosi otlhe a lefatshe a le kwa go yone. Seno se tshwana le fa motho a lebile karolo nngwe ya lefatshe mo thelebisheneng. Satane a ka tswa a ne a dirisitse ponatshegelo mme gone o ne a batla gore Jesu a mo obamele. (Mathaio 4:8, 9) Ka jalo, fa Satane a ne a isa Jesu kwa tempeleng, go ka direga gore o ne a batla gore Jesu a itatlhele fa fatshe go tswa kwa tempeleng. Mme Jesu o ne a gana. Ruri teko eo e ne e se kitla e nna maatla thata fa Satane a ka bo a dirisitse ponatshegelo!

Ka jalo, go ka direga gore Jesu o ile a ya kwa Jerusalema le go ema kwa godimodimo ga tempele. Mme fela jaaka re buile kwa tshimologong, ga re a tlhomamisega gore Satane o bontshitse Jesu tempele jang. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore Satane o ne a leka ka makgetlo go raela Jesu mme nako le nako o ne a itaya se fololetse.

^ ser. 2 Esekiele 37:1-14 le Tshenolo 11:7-12 di bua ka se se neng sa direga ka 1919. Boporofeti jo bo mo go Esekiele 37:1-14 bo bua ka batho botlhe ba Modimo ba ba neng ba boela mo kobamelong ya boammaaruri ka 1919 morago ga go nna mo botshwarong ka lobaka lo loleele. Mme Tshenolo 11:7-12 yone e bua ka go tsosolosiwa ga setlhopha se sennye sa bakaulengwe ba ba tloditsweng gore ba etelele pele batho ba Modimo ka 1919. Bakaulengwe bano ba ne ba sa bonale ka lobakanyana.