Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Tsamayang Mme lo Dire Batho ba Ditšhaba Tsotlhe Barutwa”

“Tsamayang Mme lo Dire Batho ba Ditšhaba Tsotlhe Barutwa”

“Tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse . . . , lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”—MATHAIO 28:19, 20.

PINA: 141, 97

1, 2. Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 24:14 a tsosa dipotso dife?

JESU o ne a bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo, dikgang tse di molemo tsa Bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:14) Rona Basupi ba ga Jehofa re itsiwe lefatshe lotlhe ka tiro ya go rera. Batho bangwe ba rata molaetsa wa rona mme ba bangwe ga ba o rate. Mme tota le batho ba ba sa rateng molaetsa wa rona ba a re tlotla ka ntlha ya tiro e re e dirang. Re a re ke rona ba re dirang tiro e Jesu a ileng a bolelela pele ka yone. A mme re na le tshwanelo ya go bua jalo? Re ka tlhomamisega jang gore tiro ya rona ya go rera ke yone e Jesu a neng a boleletse pele ka yone?

2 Dikereke di le dintsi di a re di rera molaetsa wa ga Jesu. Mme gone, baruti ba tsone ba rera fela kwa dikerekeng tsa bone, mo thelebisheneng, mo Internet kgotsa ba bolelela batho gore go tlile jang gore ba ithute ka Jesu. Ba bangwe ba tsaya gore go thusa batho ka go dira ditiro tse di jaaka go nna ngaka, mooki kgotsa morutabana, ke yone tsela e ba rerang ka yone. A ditiro tseno ke yone tiro ya go rera e Jesu a neng a bua ka yone?

3. Go ya ka Mathaio 28:19, 20, ke dilo dife tse nnè tse balatedi ba ga Jesu ba tshwanetseng go di dira?

3 A Jesu o ne a batla gore balatedi ba gagwe ba letele gore batho ba tle kwa go bone? Nnyaa! Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ne a raya balatedi ba gagwe ba le makgolokgolo a re: “Tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse . . . , lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:19, 20) Ka jalo, rona balatedi ba ga Jesu re tshwanetse go dira dilo di le nnè. Re tshwanetse go dira barutwa, re ba kolobetse re bo re ba rute. Pele re dira jalo, re tshwanetse go ya kwa go bone. Mokanoki mongwe wa Baebele a re: “Modumedi mongwe le mongwe o tshwanetse go ‘tsamaya’, a ka tswa a ya ka kwa ga tsela kgotsa a ya ka kwa ga lewatle.”—Mathaio 10:7; Luke 10:3.

4. Go nna “batshwari ba batho” go akaretsa eng?

4 Jesu o ne a lebeletse gore barutwa ba gagwe ba dire eng? A o ne a batla gore mongwe le mongwe wa bone a rere a le nosi kgotsa gore ba rere e le setlhopha se se rulaganeng sentle? E re ka go ne go sa kgonege gore motho a le nosi a rerele “ditšhaba tsotlhe”, go raya gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla tshwanelwa ke go nna setlhopha se se rulaganeng. Ke sone se Jesu a neng a se kaya fa a ne a laletsa barutwa ba gagwe gore e nne “batshwari ba batho.” (Bala Mathaio 4:18-22.) Jesu o ne a sa bue ka motshwaraditlhapi yo o thaisitseng tlhapi a letetse gore e lome. Go na le moo, o ne a bua ka motshwaraditlhapi yo o dirisang letlowa. Mokgwa ono wa go tshwara ditlhapi o tlhoka matsapa, thulaganyo mmogo le setlhopha sa batho ba ba kgonang go dirisana mmogo.—Luke 5:1-11.

5. Ke dipotso dife tse nnè tse re tlhokang go di araba mme ka ntlha yang?

5 Re tlhoka go araba dipotso tseno tse nnè gore re kgone go itse gore ke bomang ba ba rerang dikgang tse di molemo:

  • Balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go rera molaetsa ofe?

  • Ba tshwanetse go rera ka boikaelelo bofe?

  • Ba tshwanetse go dirisa mekgwa efe?

  • Tiro ya bone e tshwanetse go anama go le kana kang mme e tshwanetse go tsaya lobaka lo lo kae?

Dikarabo tsa dipotso tseno di tla re thusa go lemoga gore ke bomang ba ba dirang tiro eno e e bolokang matshelo e bile di tla re tlhotlheletsa gore re tswelele re rera.—1 Timotheo 4:16.

BA TSHWANETSE GO RERA MOLAETSA OFE?

6. Ke eng se se ka go tlhomamisetsang gore Basupi ba ga Jehofa ba rera molaetsa o o tshwanetseng?

6 Bala Luke 4:43. Jesu o ne a rera “dikgang tse di molemo tsa Bogosi,” mme o batla gore balatedi ba gagwe ba dire se se tshwanang. Ke bomang ba ba bolelelang batho molaetsa oo? Ke Basupi ba ga Jehofa fela! Tota le batho ba ba sa re rateng, ba a itse. Ka sekai, ela tlhoko se morongwa mongwe wa moruti a neng a se raya Mosupi mongwe wa ga Jehofa. Mo nageng nngwe le nngwe e a ileng a e etela, o ne a botsa Basupi ba ga Jehofa gore ba rera molaetsa ofe. Moruti yono o ne a re: “E ne e le dieleele fela ka gonne botlhe ba ne ba araba ba re: ‘Dikgang tse di molemo tsa Bogosi.’” Tota mafoko a moruti yono a bontsha gore ga re dieleele go na le moo re seoposengwe. (1 Bakorintha 1:10) Bogosi jwa Modimo ke molaetsa wa konokono o o mo makasineng wa Tora ya Tebelo. Makasine ono o teng ka dipuo di le 254 e bile go printiwa dikhopi di ka nna 59 000 000, mme seno se dira gore e nne one makasine o o anamisiwang go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng!

Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba ba rerang dikgang tse di molemo tsa Bogosi

7. Re itse jang gore baruti ba dikereke ga ba rere molaetsa o o tshwanetseng?

7 Baruti ba dikereke ga ba rere ka Bogosi Jwa Modimo. Fa ba bua ka Bogosi jono, ba le bantsi ba re bo mo pelong ya motho. (Luke 17:21) Ga ba rute batho gore Bogosi jono ke puso e e kwa legodimong le gore Jesu ke kgosi ya jone. Go na le moo, ba bua thata ka Jesu ka nako ya Keresemose kgotsa ya Paseka. Ga ba bolelele batho gore Bogosi bo tla rarabolola mathata otlhe a batho le gore bo tla fedisa bosula jotlhe mo lefatsheng. (Tshenolo 19:11-21) Go bonala sentle gore baeteledipele ba dikereke ga ba itse se Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo e bong Jesu e tla se dirang. Ga ba tlhaloganye molaetsa wa ga Jesu e bile ga ba tlhaloganye gore ke eng ba tshwanetse go o rera.

BOIKAELELO JWA RONA E TSHWANETSE GO NNA ENG FA RE RERA?

8. Batho bangwe ba rera ka boikaelelo bofe jo bo sa siamang?

8 Balatedi ba ga Jesu ga ba a tshwanela go gweba ka tiro ya go rera kgotsa go batla go aga dikago tse di manobonobo. Jesu o ne a re: “Lo amogetse mahala, nayang mahala.” (Mathaio 10:8) Ka jalo, tiro ya go rera ga e a tshwanela go nna kgwebo. (2 Bakorintha 2:17) Balatedi ba ga Jesu ga ba a tshwanela go kopa gore ba duelelwe tiro ya bone ya go rera. (Bala Ditiro 20:33-35.) Le fa gone taelo ya ga Jesu e tlhamaletse, dikereke di le dintsi di tlhomile mogopolo mo go amogeleng dikoleke gore di dirise madi ao mo kerekeng le go duela baruti le badiri ba bangwe ba mo kerekeng. Ke ka moo baeteledipele ba le bantsi ba dikereke ba humile thata jaana.—Tshenolo 17:4, 5.

Tiro ya go rera ga e a tshwanela go nna kgwebo

9. Basupi ba ga Jehofa ba bontsha jang gore ba dira tiro ya go rera ka boikaelelo jo bo siameng?

9 A Basupi ba ga Jehofa ba tsaya dikoleke kwa Diholong Tsa Bogosi kgotsa kwa dikopanong tsa bone? Nnyaa! Tiro ya bone e tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang ka go rata. (2 Bakorintha 9:7) Le fa go ntse jalo, mo ngwageng o o fetileng Basupi ba ga Jehofa ba feditse diura di ka nna dibilione tse pedi ba rera dikgang tse di molemo, mme ba ile ba tshwara dithuto tsa Baebele di feta dimilione di le robongwe kgwedi le kgwedi. Ga ba duelelwe go dira tiro eno mme ba itumelela go dirisa madi a bone go e ema nokeng. Mmatlisisi mongwe o ne a bua jaana ka tiro ya Basupi ba ga Jehofa: “Boikaelelo jwa bone jo bogolo ke go rera le go ruta.” Gape o ne a re Basupi ba ga Jehofa ga ba na baruti ba ba duelwang. Ka jalo, fa e le gore ga re tseye go rera e le tsela ya go dira madi, boikaelelo jwa rona ke eng? Re ithaopela go dira tiro eno ka gonne re rata Jehofa le batho ba bangwe. Seo se dumalana le boporofeti jo bo mo go Pesalema 110:3. (E bale.)

KE MEKGWA EFE E E TSHWANETSENG GO DIRISIWA?

Re rera kwa batho ba leng gone (Bona serapa 10)

10. Ke mekgwa efe e Jesu le balatedi ba gagwe ba neng ba e dirisa go rera?

10 Jesu le balatedi ba gagwe ba ne ba dirisa mekgwa efe ya go rera? Ba ne ba ya go rera gongwe le gongwe kwa go nang le batho teng. Ka sekai, ba ne ba rera mo mebileng le kwa marekisetsong. Gape ba ne ba etela batho kwa magaeng a bone. (Mathaio 10:11; Luke 8:1; Ditiro 5:42; 20:20) Go rera ka ntlo le ntlo e ne e le tsela e e rulaganeng ya go fitlhelela batho ba mefuta yotlhe.

11, 12. Maiteko a dikereke a farologane jang le a batho ba ga Jehofa fa go tla mo kgannyeng ya go rera dikgang tse di molemo?

11 A dikereke di rera dikgang tse di molemo fela jaaka Jesu a ne a dira? Gantsi baruti ba ba duelwang, ba rerela maloko a kereke ya bone fela. Baeteledipele bano ga ba leke go dira barutwa ba basha go na le moo, ba leka thata gore ba se ka ba latlhegelwa ke maloko a ba setseng ba na le one. Ka dinako tse dingwe ba kgothaletsa maloko a bone go rera. Ka sekai, ka ngwaga wa 2001, Mopapa John Paul II o ne a kwalela maloko a kereke lokwalo a ba kgothaletsa go rera Efangele le go tlhoafala fela jaaka moaposetoloi Paulo yo o neng a re: “A bo go latlhega nna fa ke sa rere Efangele.” Mopapa o ne a re tiro eno ya go rera ga e a tshwanela go dirwa ke batho ba se kae fela ba ba thapisitsweng mme e tshwanetse go dirwa ke maloko otlhe a kereke. Le fa go ntse jalo, ke ba le mmalwa fela ba ba ileng ba mo reetsa.

12 A Basupi ba ga Jehofa ba rera dikgang tse di molemo? Ke bone fela ba ba bolelelang batho gore Jesu o simolotse go busa ka 1914. Ba ikobela Jesu e bile ba dira gore tiro ya go rera e tle pele mo matshelong a bone. (Mareko 13:10) Buka ya Pillars of Faith—American Congregations and Their Partners ya re Basupi ba ga Jehofa ba tsaya tiro ya go rera e le botlhokwa fela thata. Gape ya re fa ba kopana le batho ba ba tshwerweng ke tlala, ba ba jewang ke bodutu le ba ba lwalang, ba leka go ba thusa mme gone ga ba lebale gore tiro ya bone ya botlhokwa, ke go rera ka bokhutlo jwa lefatshe le go ruta batho ka poloko. Basupi ba ga Jehofa ba tswelela ba rera molaetsa oo le go etsa mekgwa ya go rera e Jesu le balatedi ba gagwe ba neng ba e dirisa.

TIRO ENO E TSHWANETSE GO ANAMA GO LE KANA KANG MME E TSHWANETSE GO TSAYA LOBAKA LO LO KAE?

13. Tiro ya go rera e tshwanetse go anama go le kana kang?

13 Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ba tla rera dikgang tse di molemo mo “lefatsheng lotlhe le le nang le banni.” O ne a ba laela gore ba dire batho ba ‘ditšhaba tsotlhe’ barutwa. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Seno se raya gore dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa mo lefatsheng lotlhe.

14, 15. Ke eng se se bontshang gore Basupi ba ga Jehofa ba ile ba diragatsa boporofeti jwa ga Jesu jo bo malebana le go anama ga tiro ya go rera? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

14 Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba diragatsang boporofeti jwa ga Jesu jwa gore dikgang tse di molemo di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe. Ke eng fa re rialo? Kwa United States go na le baruti ba le 600 000, mme go na le Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 1 200 000 ba ba rerang dikgang tse di molemo kwa nageng eo. Go na le baruti ba Katoliki ba ka nna 400 000 mo lefatsheng lotlhe mme go na le Basupi ba ga Jehofa ba feta dimilione di le robedi ba ba rerang dikgang tse di molemo mo mafatsheng a le 240. Go a bonala gore Basupi ba ga Jehofa ke bone ba rerang dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe mme seo se dira gore batho ba tlotle Jehofa le go mo galaletsa.—Pesalema 34:1; 51:15.

15 Boikaelelo jwa rona ke go bolelela batho ba le bantsi ka dikgang tse di molemo pele bokhutlo bo tla. Gore re kgone go dira tiro eno, re ile ra ranola le go printa dibuka, dimakasine, dipampitshana le ditaletso tsa kopano le tsa Segopotso di le dimilionemilione ka dipuo di feta 700. Re di naya batho mahala. Ngogola fela, re ile ra printa dikgatiso tsa Baebele di ka nna dibilione di le 4.5. Gape re ile ra printa Dibaebele di feta dimilione di le 200 tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka dipuo di feta 130. Website ya rona e na le tshedimosetso ka dipuo di feta 750. Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba dirang tiro eno e e tswileng diatla.

16. Re itse jang gore Basupi ba ga Jehofa ba tshegediwa ke moya o o boitshepo?

16 Tiro ya go rera e tla tsaya lobaka lo lo kana kang? Jesu o ile a re dikgang tse di molemo di tla rerwa go fitlha bokhutlo bo tla. Moya o o boitshepo ke one o re thusitseng go tswelela re dira tiro eno go tla go fitlha mo malatsing ano a bofelo. (Ditiro 1:8; 1 Petere 4:14) Batho bangwe ba dikereke ba ka nna ba re ba na le moya o o boitshepo. A mme ba kgona go dira tiro e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang mo malatsing ano a bofelo? Batho bangwe ba ile ba leka go re etsa mme gone, ba iteile se fololetse. Ba bangwe ba kgona go rera, mme e nna ka nakwana fela. Go na le ba ba yang ka ntlo le ntlo mme ga ba rere ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ka jalo, ga ba dire tiro e Jesu a neng a e dira.

TOTA KE BOMANG BA BA RERANG DIKGANG TSE DI MOLEMO GOMPIENO?

17, 18. (a) Ke eng re tlhomamisegile gore Basupi ba ga Jehofa ke bone ba rerang dikgang tse di molemo tsa Bogosi gompieno? (b) Ke eng se se re thusang go tswelela re dira tiro eno?

17 Ke bomang ba ba rerang dikgang tse di molemo tsa Bogosi? Ke Basupi ba ga Jehofa fela! Re itse seo jang? Ka gonne re bua ka molaetsa o o tshwanetseng, e leng dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Re dirisa mekgwa e e siameng ka gonne re ya kwa batho ba leng gone. Re rera ka boikaelelo jo bo siameng, e leng go rata Jehofa le batho ba bangwe. Tiro ya rona e aname fela thata ka gonne re rerela batho ba ditšhaba le dipuo tsotlhe. Mme re tla tswelela re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi go fitlha bokhutlo bo tla!

18 Go itumedisa tota go bona tiro e ntle e batho ba ga Jehofa ba e dirang go rera dikgang tse di molemo mo metlheng eno ya bofelo. Mme gone, re kgona jang go dira tiro eno yotlhe? Moaposetoloi Paulo a re: “Modimo ke ene yo o dirang mo teng ga lona, ka ntlha ya boipelo jwa gagwe jo bo molemo, gore lo rate lo bo lo dire.” (Bafilipi 2:13) E kete Jehofa a ka tswelela a re naya maatla a re a tlhokang gore re kgone go dira sotlhe se re ka se kgonang go rera dikgang tse di molemo!—2 Timotheo 4:5.