Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Baebele e sa Ntse e Fetola Botshelo Jwa Gago?

A Baebele e sa Ntse e Fetola Botshelo Jwa Gago?

“Lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona.”—BAROMA 12:2.

PINA: 61, 52

1-3. (a) Ke diphetogo dife tse go ka nnang thata go di dira fa re sena go kolobediwa? (b) Fa go gatela pele go le thata go feta kafa re neng re akantse ka gone, ke dipotso dife tse re ka ipotsang tsone? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

GO FETILE dingwaga di le dintsi Kevin a betšha, a goga motsoko, a nwa bobe e bile a dirisa diritibatsi. [1] (Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.) O ile a ithuta ka Jehofa mme seo sa dira gore a batle go nna tsala ya gagwe. Mme gore a kgone go dira jalo, o ne a tshwanelwa ke go dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe. O ne a kgona go fetoga ka gonne Jehofa o ile a mo thusa a dirisa Lefoko la Gagwe e leng Baebele.—Bahebera 4:12.

2 Morago ga gore Kevin a kolobediwe, o ne a sa ntse a tlhoka go fetola botho jwa gagwe gore e nne Mokeresete yo o molemo. (Baefeso 4:31, 32) Ka sekai, o ne a le pelokhutshwane. O ne a gakgamala tota fa a lemoga gore o ne a sa kgone go laola maikutlo a gagwe. Tota e bile, Kevin a re go ne go le thata go laola maikutlo a gagwe go feta fa a ne a tshwanela ke go tlogela dilo tse di bosula tse a neng a di dira pele a kolobediwa. Mme o ne a kgona go dira diphetogo ka gonne o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse le go ithuta Baebele ka tlhoafalo.

3 Pele re kolobediwa, bontsi jwa rona re ne ra tshwanelwa ke go dira diphetogo tse dikgolo mo matshelong a rona gore re tle re kgone go tshela go dumalana le melao e e mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, re a lemoga gore re sa ntse re tlhoka go dira diphetogo tse dinnye gore re tshwane le Modimo le Keresete. (Baefeso 5:1, 2; 1 Petere 2:21) Ka sekai, gongwe re lemoga gore re rata go ngongorega kgotsa gantsi re a seba le go bua dilo tse di botlhoko ka batho ba bangwe. Kgotsa ka dinako tse dingwe, re dira dilo tse di sa siamang ka gonne re batla go itumedisa batho. Gongwe go fetile dingwaga re ntse re leka go fetoga mme gone go se motlhofo go dira jalo. Ka jalo, re ka nna ra ipotsa go re: ‘Ke eng fa go le thata jaana go dira diphetogo? Ke tshwanetse go dira eng gore ke latele se Baebele e se rutang e le gore ke kgone go tokafatsa botho jwa me?’

O KA KGONA GO ITUMEDISA JEHOFA

4. Ke eng fa re sa kgone go itumedisa Jehofa ka dinako tsotlhe?

4 Re rata Jehofa e bile re leka ka natla go mo itumedisa. Mme ka maswabi, e re ka re le baleofi, ga re kgone go mo itumedisa ka dinako tsotlhe. Gantsi re ikutlwa jaaka moaposetoloi Paulo yo o neng a re: “Ke na le bokgoni jwa go eletsa, mme ga ke na bokgoni jwa go dira se se molemo.”—Baroma 7:18; Jakobe 3:2.

5. Ke diphetogo dife tse re ileng ra di dira pele re kolobediwa, mme ke makoa afe a re ka tswang re sa ntse re lwa le one?

5 Pele re nna karolo ya phuthego, re ile ra tshwanelwa ke go tlogela go dira dilo tse Jehofa a sa di rateng. (1 Bakorintha 6:9, 10) Mme re sa ntse re le baleofi. (Bakolosa 3:9, 10) Ka jalo, re nna re ntse re dira diphoso le fa gone go fetile dingwaga re kolobeditswe. Ka dinako tse dingwe, re ka nna le dikeletso le maikutlo a a phoso kgotsa ra fitlhela go le thata go fetola botho jwa rona jo bo sa siamang. Tota e bile, go ka tswa go fetile dingwaga re ntse re leka go fetola botho joo.

6, 7. (a) Ke eng se se dirang gore re kgone go tswelela re le ditsala tsa ga Jehofa le fa gone re le baleofi? (b) Ke eng fa re sa tshwanela go tshaba go kopa Jehofa gore a re itshwarele?

6 Tota le fa re le baleofi, re sa ntse re kgona go nna ditsala tsa ga Jehofa le go mo direla. Se lebale la ntlha fa o ne o nna tsala ya ga Jehofa. Ke Ene a boneng sengwe se se molemo mo go wena e bile ke Ene a neng a batla gore o mo itse. (Johane 6:44) Gape o ne a itse gore o na le makoa le gore o tla dira diphoso. Mme Jehofa o ne a sa ntse a batla gore o nne tsala ya gagwe.

7 Jehofa o ile a re rata thata jaana mo a neng a re naya mpho e e tlhwatlhwakgolo. O ne a romela Morwawe mo lefatsheng gore a tle go ntsha botshelo jwa gagwe e le thekololo ya maleo a rona. (Johane 3:16) Fa re dirile phoso, re ka kopa Jehofa gore a re itshwarele. Mme thekololo e re tlhomamisetsa gore o tla re itshwarela le gore re tla tswelela re le ditsala tsa gagwe. (Baroma 7:24, 25; 1 Johane 2:1, 2) Se lebale gore Jesu o ile a swela baleofi ba ba ikwatlhayang. Ka jalo, tota le fa re akanya gore maleo a rona a masisi go le kana kang, ga re a tshwanela go emisa go rapela Jehofa re mo kopa gore a re itshwarele. Fa re sa mo kope gore a re itshwarele, go tla tshwana le fa re gana go tlhapa diatla tse di leswe. Re leboga tota go bo re sa ntse re kgona go nna ditsala tsa ga Jehofa, tota le fa re le baleofi!—Bala 1 Timotheo 1:15.

Fa re batla go atamalana le Jehofa, re tshwanetse go leka ka natla go mo etsa le go etsa Morwawe

8. Ke eng fa re sa tshwanela go itlhokomolosa makoa a rona?

8 Gone ke boammaaruri gore ga re a tshwanela go itlhokomolosa makoa a rona kgotsa go dira seipato sa go gana go fetoga. Jehofa o re boleletse gore o batla go nna ditsala le batho ba ba ntseng jang. (Pesalema 15:1-5) Ka jalo, fa re batla go atamalana le ene, re tshwanetse go leka ka natla go mo etsa le go etsa Morwawe. Re tshwanetse go leka thata go laola dikeletso tse di sa siamang, tota e bile re ka nna ra bo ra kgona go fenya dingwe tsa tsone. Go sa kgathalesege gore re na le lobaka lo lo kana kang re kolobeditswe, re tshwanetse go tswelela re tokafatsa botho jwa rona.—2 Bakorintha 13:11.

9. Re itse jang gore go apara botho jo bosha ke selo se se sa kgaotseng?

9 Moaposetoloi Paulo o ne a raya Bakeresete a re: “Lo latlhe botho jo bogologolo jo bo dumalanang le tsela ya lona ya pele ya boitshwaro le jo bo senngwang go ya ka dikeletso tsa jone tse di tsietsang; mme gore lo [tswelele lo] dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa lona, le gore lo apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.” (Baefeso 4:22-24) Seno se raya gore re tshwanetse go leka ka natla go fetoga le go ‘apara botho jo bosha.’ Ka jalo, go sa kgathalesege gore re na le lobaka lo lo kana kang re ntse re direla Jehofa, re ka kgona go nna re ithuta ka botho jwa gagwe. Mme Baebele e ka re thusa go tswelela re dira diphetogo mo bothong jwa rona gore re kgone go tshwana le Modimo.

KE ENG FA GO LE THATA JAANA?

10. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore Baebele e tswelele e re thusa go dira diphetogo, mme ke dipotso dife tse re ka ipotsang tsone?

10 Rotlhe re batla go tshela go ya ka melao e e mo Baebeleng. Mme re tshwanetse go dira ka natla fa re batla go tswelela re dira diphetogo mo matshelong a rona. Ke eng fa re tshwanetse go tsaya matsapa a a kana kana? Ke eng fa Jehofa a ne a sa dire gore go nne motlhofo go dira se se siameng?

11-13. Ke eng fa Jehofa a lebeletse gore re leke ka natla go fenya makoa a rona?

11 Fa re leba lobopo le dilo tsotlhe tse di mo go lone, ga re belaele gore Jehofa o na le maatla a go dira sengwe le sengwe. Ka sekai, o dirile letsatsi mme re a itse gore le maatla tota. Motsotswana mongwe le mongwe, letsatsi le ntsha lesedi le mogote o o seng kana ka sepe mme lefatshe le tlhoka ntlhanyana fela ya maatla ao gore go nne le botshelo mo go lone. (Pesalema 74:16; Isaia 40:26) Gape Jehofa o naya batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng maatla fa ba a tlhoka. (Isaia 40:29) Ga go pelaelo gore fa Jehofa a ne a batla, o ne a ka dira gore go nne motlhofo thata gore re fenye makoa a rona le gore re se ka ra nna le dikeletso tse di sa siamang. Jaanong ke eng a sa dire jalo?

12 Jehofa o re neile tshwanelo ya go itlhophela. Ga a re pateletse gore re mo ikobele. Fa re tlhopha go mo ikobela e bile re leka ka natla go dira thato ya gagwe, re bontsha gore re a mo rata le gore re batla go mo itumedisa. Satane a re Jehofa ga a na tshwanelo ya go re busa. Mme fa re ikobela Jehofa, re mmontsha gore re batla gore e nne Mmusi wa rona. Re ka tlhomamisega gore Rraarona yo o lorato o anaanela matsapa ape fela a re a tsayang go mo ikobela. (Jobe 2:3-5; Diane 27:11) Fa re leka ka thata go lwantsha makoa a rona tota le fa gone go se motlhofo, re bontsha gore re ikanyega mo go Jehofa le gore re batla gore e nne Mmusi wa rona.

13 Jehofa a re re leke ka natla go mo etsa. (Bakolosa 3:12; bala 2 Petere 1:5-7.) Gape o lebeletse gore re leke go laola maikutlo a rona le dilo tse re di akanyang. (Baroma 8:5; 12:9) Nako le nako fa re leka ka thata go dira diphetogo mo matshelong a rona e bile re atlega, re itumela fela thata.

LETLA LEFOKO LA MODIMO GORE LE GO FETOLE

14, 15. Ke eng se re ka se dirang gore re nne le dinonofo tse Jehofa a di ratang? (Bona lebokoso le le reng, “ Thapelo le Baebele di Fetotse Matshelo a Bone.”)

14 Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re nne le dinonofo tse Jehofa a di ratang? Go na le gore re itirele tshwetso ya gore ke kae mo re tlhokang go fetoga gone, re tshwanetse go letla Modimo gore a re kaele. Baroma 12:2 ya re: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” Ka jalo, fa re batla go itse gore Jehofa o batla eng, re tshwanetse go ikaega ka thuso e a re nayang yone. Re tshwanetse go bala Baebele letsatsi le letsatsi, go tlhatlhanya ka se re se balang le go kopa Jehofa gore a re neye moya o o boitshepo. (Luke 11:13; Bagalatia 5:22, 23) Fa re dira jalo, re tla kgona go tlhaloganya se se mo itumedisang e bile re tla ithuta go akanya ka tsela e a akanyang ka yone. Mme re tla feleletsa re akanya, re bua le go dira dilo ka tsela e e itumedisang Jehofa e bile re tla ithuta go laola makoa a rona. Le fa go ntse jalo, re tla tlhoka go nna re ntse re a lwantsha.—Diane 4:23.

Kokoanya ditlhogo tse di mo dikgatisong tsa rona kgotsa ditemana tsa Baebele tse di ka go thusang go lwantsha makoa a gago mme o di bale nako le nako (Bona serapa 15)

15 Gape re tshwanetse go ithuta Baebele re dirisa dikgatiso tse di jaaka Tora ya Tebelo le Tsogang! Bontsi jwa ditlhogo tse dintsi tsa dimakasine tseno di re ruta kafa re ka etsang dinonofo tsa ga Jehofa le kafa re ka lwantshang makoa a rona ka gone. Re ka nna ra bona ditlhogo kgotsa ditemana tse di ka re thusang thata. Re ka di boloka gore re kgone go di bala gape ka nako e nngwe.

16. Ke eng fa re sa tshwanela go kgobega marapo fa re sa kgone go dira diphetogo ka bonako?

16 Go tsaya nako go ithuta go etsa dinonofo tsa ga Jehofa. Fa e le gore o akanya gore ga o ise o dire diphetogo tse di tlhokegang, se fele pelo. Kwa tshimologong, o ka nna wa tshwanelwa ke go ipateletsa go dira se Baebele e se rutang. Mme fa o akanya e bile o itshwara ka tsela e Jehofa a e batlang, go tla nna motlhofo gore o akanye jaaka ene le go dira se se siameng.—Pesalema 37:31; Diane 23:12; Bagalatia 5:16, 17.

AKANYA KA ISAGWE E E ITUMEDISANG

17. Fa re ikanyega mo go Jehofa, ke isagwe efe e e itumedisang e re ka lebelelang pele go e bona?

17 Re lebile pele nako e ka yone re tla bong re se na boleo e bile re direla Jehofa ka bosakhutleng. Ka nako eo, ga re kitla re tlhoka go lwa le makoa a rona e bile go tla bo go le motlhofo gore re etse Jehofa. Le gone jaanong re sa ntse re kgona go obamela Jehofa ka gonne o re neile mpho ya thekololo. Le fa re le baleofi, re ka kgona go mo itumedisa fa re tswelela re leka ka natla go fetoga le go latela se Baebele e se rutang.

18, 19. Re ka tlhomamisega jang gore Baebele e na le maatla a go re thusa go tswelela re fetola matshelo a rona?

18 Kevin o ile a leka sotlhe se a ka se kgonang go ithuta go laola maikutlo a gagwe a go galefa. O ile a tlhatlhanya ka se a se balang mo Baebeleng mme a leka ka natla go fetola botshelo jwa gagwe. Gape o ile a latela kgakololo e a neng a e newa ke Bakeresete ba bangwe. Le fa go ile ga feta dingwaga di le mmalwa Kevin a ntse a leka go fetoga, o ile a kgona go nna motlhanka wa bodiredi. Mme o na le dingwaga di le 20 e le mogolwane. Le gone jaanong o a itse gore o tshwanetse go nna a lwantsha makoa a gagwe.

19 Fela jaaka Kevin, le rona re ka tswelela re tokafatsa botho jwa rona. Fa re dira jalo, re tla kgona go atamalana le Jehofa. (Pesalema 25:14) Mme fa re dira sotlhe se se mo maatleng a rona go fetoga, o tla re thusa go atlega. Re ka tlhomamisega gore Baebele e tla re thusa go fetola matshelo a rona.—Pesalema 34:8.

^ [1] (serapa 1) Leina le fetotswe.