Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

NNANG LO DISITSE!

Mathata a Batshabi ba Kopanang le One—Ba le Dimilione ba Tshaba go Tswa Kwa Ukraine

Mathata a Batshabi ba Kopanang le One—Ba le Dimilione ba Tshaba go Tswa Kwa Ukraine

 Ka di 24 tsa February 2022 Russia e ne ya tlhasela Ukraine. Seno se ile sa bakela dimilione tsa batho mathata, ba ne ba le mo kotsing e bile ba tshaba go tswa mo nageng ya bone. a

 “Dibomo di ne di thunya. Ga ke itse gore ke tlhalose jang, go ne go tshosa tota. Fa re ne re utlwa gore go na le diterena tse di tsayang batho di ba ntsha mo Ukraine, re ile ra dira tshwetso ya go tsamaya. Re ile ra tshwanelwa ke go tlogela sengwe le sengwe re bo re tsaya fela dibeke tse di neng di lekane go tsenya dilo tse re neng re di tlhoka. Re ne re tshotse dipampiri dingwe tsa botlhokwa, melemo, metsi le dijonyana. Re ne ra tlogela sengwe le sengwe se re nang le sone mme ra siela kwa diterena di emang teng fa dibomo di ntse di thunya.”—Nataliia, go tswa Kharkiv, Ukraine.

 “Tota re ne re sa akanye gore Russia le Ukraine di ka lwa. Ke ne ka utlwa go thunya mo dikarolong dingwe mo toropong mme di fensetere di ne tsa simolola go roroma. Ke ne ka dira tshwetso ya go tsamaya mme ka tsaya fela dilo tse ke neng ke tla di tlhoka. Ke tswile ka 8:00 mo lapeng ke ya go palama terena e e yang kwa Lviv mme fa ke fitlha koo ka palama bese e e yang kwa Poland.”—Nadija, go tswa Kharkiv, Ukraine.

Mo setlhogong seno

 Ke eng se se baketseng batshabi bano mathata a makanakana?

 Batho ba ba tswang kwa Ukraine ba ile ba tlhagelwa ke mathata ka gonne masole a Russia a ne a tlhasela Ukraine. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa dintlha tse dingwe gape gore go tlile jang gore batshabi bano ba tlhagelwe ke mathata:

  •   Dipuso tsa batho mo lefatsheng lotlhe, di palelwa ke go naya batho dilo tse ba di tlhokang. Dipuso di dirisa taolo e di nang le tsone go laola batho le go ba sotla.—Moreri 4:1; 8:9.

  •   Satane Diabolo, ke “mmusi wa lefatshe.” O tlhotlheletsa batho ka tsela e e sa siamang, ke ka moo Baebele e reng: “Lefatshe lotlhe le laolwa ke Satane.”—Johane 14:30; 1 Johane 5:19.

  •   Mo godimo ga mathata otlhe a batho ba ntseng ba lebana le one, gone jaanong re tshela mo metlheng wa go diragadiwa ga boporofeti jono jo bo mo Baebeleng: “mo malatsing a bofelo, go tla nna le dinako tse di thata e bile di le kotsi.” (2 Timotheo 3:1) Mo godimo ga moo mo metlheng eno ya bofelo go tla nna le dintwa, masetlapelo a tlholego, go tlhaela ga dijo le malwetse a leroborobo mme batho ba tla siela kwa dinageng tse dingwe.—Luke 21:10, 11.

 A go na le tsholofelo nngwe e batshabi ba ka nnang le yone?

 Baebele e a re Mmopi wa rona Jehofa, b ke Modimo yo o lorato, yo o akanyetsang batshabi le batho ba ba tshwanelwang ke go sia ba tswa mo dinageng tsa bone. (Duteronome 10:18) O tshepisa gore o tla fedisa mathata otlhe a batshabi ba nang le one a dirisa puso ya gagwe ya kwa legodimong, e e bidiwang Bogosi jwa Modimo, e e tla busang mo boemong jwa dipuso tsotlhe tsa batho. (Daniele 2:44; Mathaio 6:10) Jehofa Modimo o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go fedisa Satane Diabolo. (Baroma 16:20) Bogosi joo e tla bo e le jone fela bo busang mo lefatsheng lotlhe. Batho botlhe ba tla nna ngata e le nngwe. Ga go na ope yo o tla tlhokang go tshaba mo nageng e a nnang mo go yone, ka gonne Baebele e re tshepisa jaana: “Mongwe le mongwe wa bone o tla nna ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa morara le ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme ga go na ope yo o tla ba tshosang, Ka gonne Jehofa wa masomosomo o buile jalo.”—Mika 4:4.

 Ke Bogosi jwa Modimo fela bo ka fedisang mathata a batshabi ba nang le one gone jaanong. Jehofa o tla dirisa bogosi jwa gagwe go fedisa mathata a a dirang gore batho ba tshabele kwa dinageng tse dingwe. Akanya ka dikai tseno:

 A Baebele e ka thusa batshabi?

 Le fa Baebele e sa bolelele batshabi gore maemo a bone a tla siama gone jaanong, e ba thusa go itshokela mathata a ba kopanang le one.

 Molaomotheo wa Baebele: “Motho yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa kgato nngwe le nngwe e a e tsayang.”—Diane 14:15.

 Se o se Kayang: Leka go akanya ka dikotsi tse di ka go tlhagelang le go bona gore o ka itshireletsa jang. Ikele tlhoko mo bathong ba ba ratang go tsietsa batshabi ba ba sa itseng sepe ka lefelo le ba nnang mo go lone.

 Molaomotheo wa Baebele: “E re ka re na le dijo le diaparo, re tla kgotsofalela dilo tseno.”—1 Timotheo 6:8.

 Se o se Kayang: O se ka wa akanya thata ka dithoto. Kgotsofalela dilo tse o nang le tsone mme o tla itumela.

 Molaomotheo wa Baebele: “Lo tshwanetse go direla batho dilo tsotlhe tse lo batlang ba di lo direla.”—Mathaio 7:12.

 Se o se Kayang: Nna pelotelele o bo o nne pelonomi. Fa o na le dinonofo tseno go tla nna bonolo gore batho ba lefelo le o tshabetseng mo go lone ba go tlotle ba bo ba go amogele.

 Molaomotheo wa Baebele: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula.”—Baroma 12:17.

 Se o se Kayang: Fa o sa tshwarwe sentle o se ka wa ipusolosetsa, ka gonne seo se ka dira gore dilo di nne thata le go feta

 Molaomotheo wa Baebele: “Ke kgona go dira dilo tsotlhe ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”Bafilipi 4:13.

 Se o se Kayang: Rapela Modimo mme o mo kope gore a thuse. O tla go naya maatla a o a tlhokang.

 Molaomotheo wa Baebele: “Lo se ka lwa tshwenyega ka sepe, mme rapelang Modimo ka metlha, lo mo kope gore a lo kaele mo go sengwe le sengwe e bile lo mo leboge ka metlha. Fa lo dira jalo, Modimo o tla lo naya kagiso e batho ba ka se kgoneng go e tlhaloganya, mme ka tsela eo o tla disa dipelo tsa lona le megopolo ya lona a dirisa Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:6, 7.

 Se o se Kayang: Kopa Jehofa gore a go thuse gore o se ka wa tlhobaela le fa o ka tswa o le mo maemong a a thata jang. Bona setlhogo se se reng “Philippians 4:6, 7—‘Do Not Be Anxious About Anything.’”

a Letsatsi morago ga tlhaselo eno, United Nations High Commissioner for Refugees (UNHCR) e ile ya re boemo jono bo masisi fela thata. Mo malatsing a le 12 fela, batho ba feta dimilione di le pedi ba ile ba tshabela mo dinageng tse di mabapi ba tswa kwa Ukraine. Mme bangwe ba ka nna milione ba ile ba tshabela mo dikarolong tse dingwe tsa Ukraine.

b Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Bona setlhogo se se reng “Jehofa ke Mang?