Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

E+/taseffski/via Getty Images (Stock photo. Posed by model.)

Basha ba le Bantsi ba Tlhasetswe ke Malwetse a Tlhaloganyo—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Basha ba le Bantsi ba Tlhasetswe ke Malwetse a Tlhaloganyo—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

NNANG LO DISITSE!

Basha ba le Bantsi ba Tlhasetswe ke Malwetse a Tlhaloganyo—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Ka Mantaga ka di 13 tsa February 2023, mokgatlho wa Centers for Disease Control and Prevention (CDC) wa kwa United States o ne wa ntsha pego ya malwetse a tlhaloganya a basha ba kwa United States ba nang le one. O ne wa tlhalosa gore diperesente di le 40 tsa basha kwa sekolong ba nna ba ngomogile pelo e bile ba kgobegile marapo.

 Dr. Kathleen Ethier, yo e leng mookamedi wa CDC’s Division of Adolescent and School Health (DASH) a re: “Le fa gone mo dingwageng di le 10 tse di fetileng re ile ra bona basha ba le bantsi ba nna le malwetse a tlhaloganyo. Gone jaanong, basetsana ba basha ba le bantsi ba na le malwetse a tlhaloganyo go feta mo nakong e e fetileng e bile bangwe ba bone ba akanya ka go ipolaya kgotsa ba ile ba leka go dira jalo.”

 Pego e a re:

  •   Mo basetsaneng ba basha ba le 10 a le mongwe (diperesente di le 14) mo go bone o pateleditswe go tlhakaneladikobo le fa a ne a sa batle. Dr. Ethier a re: “Go a tshosa go utlwa gore mo basetsaneng ba le 10 ba o ba itseng, mongwe mo go bone kgotsa ba le mmalwa ba beteletswe.”

  •   Go ka direga gore mo basetsaneng ba le 3 a le mongwe (diperesente di le 30) mo go bone o lekile go ipolaya.

  •   Go ka direga gore basetsana ba le 3 mo go ba le 5 (diperesente di le 57) ba nna ba ngomogile pelo kgotsa ba kgobegile marapo.

 Ruri pego eno e utlwisa botlhoko. Basha ba tshwanetse go itumelela bosha jwa bone. Ke eng se se ka thusang basha go lebana le mathata a ba nang le one gompieno? Baebele e a reng ka kgang eno?

Baebele e na le dikakantsho tse di ka thusang basha

 Baebele e tlhalosa malatsi a re tshelang mo go one e le “dinako tse di thata e bile di le kotsi.” (2 Timotheo 3:1-5) Le fa go ntse jalo, e naya basha ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe kgakololo e e ka ba thusang go itshokela dikgwetlho tse ba lebaneng le tsone. Bala ditlhogo tse di latelang tse di theilweng mo Baebeleng.

 Go thusa basha ba ba batlang go ipolaya

 Go thusa basha ba ba nang le dipreshene, ba ba ngomogileng pelo kgotsa ba ba akanyang ka dilo tse di ba kgobang marapo

 Go thusa basha ba ba kgerisiwang kgotsa ba ba kgerisiwang mo Internet

 Go thusa basha ba ba tshwenngwang ka tlhakanelodikobo le ba ba sotliwang ka yone

Baebele e na le dikakantsho tse di ka thusang batsadi

 Baebele e na le kgakololo e ka thusang batsadi gore ba thuse bana ba bone go lebana le dikgwetlho tsa botshelo. Bala ditlhogo tse di latelang tse di theilweng mo Baebeleng.