Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Halfpoint Images/Moment via Getty Images

NNANG LO DISITSE!

Modiredimogolo wa Tsa Boitekanelo a re Social Media e ka Bakela Basha Dikotsi—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Modiredimogolo wa Tsa Boitekanelo a re Social Media e ka Bakela Basha Dikotsi—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Ka di 23 tsa May 2023, modiredipuso yo mogolo wa lefapha la boitekanelo wa kwa United States o ile a tlhalosa gore social media e bakela basha mathata.

  •   “Le fa gone social media e ka tswela bana le basha bangwe mosola, go na le bosupi jo bontsi jwa gore e ama maikutlo le botsogo jwa bone ka tsela e e sa siamang.”—Social Media and Youth Mental Health: The U.S. Surgeon General’s Advisory, 2023.

 Babatlisisi bangwe ba bontsha bosupi jwa go bo re tshwanetse go tsaya kgang eno masisi.

  •   Basha ba ba nang le dingwaga di le 12 go ya go tse 15 “ba ba fetsang diura di le 3 kgotsa go feta ba le mo social media ba mo kotsing e kgolo ya go amiwa ke malwetse a tlhaloganyo a a jaaka go tlhobaela le dipreshene.”

  •   “Fa basha ba ba nang le dingwaga tse 14 ba dirisa social media ga ba robale diura tse di lekaneng, ba kgerisiwa ke ba ba buang le bone mo social media, ba utlwisiwa botlhoko ke tsela e ba lebegang ka yone e bile ga ba itshepe. Dilo tseno di ama thata basetsana go feta basimane.”

 Batsadi ba ka sireletse bana ba bone jang? Baebele e na le kgakololo e e ka thusang.

Se batsadi ba ka se dirang

 Nnang le seabe. Batsadi, itseng kafa social media e ka amang bana ba lona ka gone mme lo dire tshwetso ya gore a ba tla e dirisa kgotsa jang.

  •   Molaomotheo wa Baebele: “Ruta mosimane tsela e a tshwanetseng go tsamaya mo go yone.”—Diane 22:6, ntlha e e kwa tlase.

  •   Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng bala setlhogo se se reng “Should My Child Use Social Media?

 Fa o letla ngwana wa gago go dirisa social media, ela tlhoko dikotsi tse di ka mo tlhagelang mme o itse gore ngwana wa gago o dira eng mo social media. O ka dira seo Jang?

 Sireletsa ngwana wa gago mo tshedimosetsong e e kotsi. Katisa ngwana wa gago gore a itse tshedimosetso e e kotsi le gore a e tile.

  •   Molaomotheo wa Baebele: “A boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le boitshekologo kgotsa bogagaru jwa mofuta mongwe le mongwe di se ka tsa umakwa mo go lona, . . . boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong kgotsa go bua dilo tsa boeleele kgotsa metlae e e ferosang sebete.”—Baefeso 5:3, 4.

  •   Fa o batla maele a gore o ka thusa ngwana jang, bala setlhogo se se reng “Teaching Your Teenager Social Media Safety.”

 Baya melelwane. Ka sekai, baya melao ya gore ngwana wa gago a ka dirisa social media lobaka lo lo kae le gone leng.

  •   Molaomotheo wa Baebele: “Elang tlhoko thata tsela e lo itshwarang ka yone, . . . jaaka ba ba botlhale, lo dirisa nako ya lona sentle.”—Baefeso 5:15, 16.

  •   Dirisa bidio ya ditshwantsho e e latelang Dirisa Social-Network ka Botlhale go thusa ngwana wa gago go tlhaloganya gore goreng go le botlhokwa go mmeela melelwane fa a dirisa social media.