Fetela kwa tshedimosetsong

Diporojeke Tsa Kwa Wallkill le Warwick di a Tswelela

Diporojeke Tsa Kwa Wallkill le Warwick di a Tswelela

Diporojeke tse pedi tsa botlhokwa tsa kago tsa Basupi ba ga Jehofa kwa United States di tsweletse ka ntlha ya tiro ya bonatla ya baithaopi ba mo nageng eno yotlhe.

Wallkill, New York: Mo moagong ono go nna Basupi ba feta 1 600 e bile ke lefelo le go gatisiwang dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa ba kwa United States mo go lone. Badiri ba ba agang​—ba bontsi jwa bone e leng baithaopi—ba oketsa dikago tsa Wallkill ka go aga diofisi tse disha tsa matlhatlhaganyane a mararo, lefelo la go phaka dikoloi le lefelo la bonno la matlhatlhaganyane a mararo. Ka 2012, baithaopi ba ne ba setse ba agile lefelo la didirisiwa tsa botegeniki e bile ba okeditse lefelo la bojelo le le lekanang batho ba le 200.

Mo dinageng tse dintsi go akaretsa kwa Brazil, Jeremane le kwa Mexico, Basupi ba ga Jehofa ba na le mafelo a botsamaisi a a itsegeng e le diofisi tsa makala. Kwa United States, dikago tsa Basupi ba ga Jehofa di akaretsa lefelo la thuto la kwa Patterson, New York le diofisi tse di kwa Brooklyn, New York. Fa tiro ya go oketsa dikago e fela, Wallkill e tla nna nngwe ya dikago tse dikgolo thata tse di dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe.

Warwick, New York: Kago eno e tla nna ntlokgolo e ntšha ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa. Dikago tse di neng di sa nniwe di ne tsa tlosiwa. Basupi ba bone setsha se se kwa Tuxedo, New York, se se bokgakala jwa dikilometara di le 10 go tswa mono, gore se dirisediwe go tsenya metšhini le dilwana tsa go aga. Balaodi ba lefelo leno ba neilwe ditlankana tsa porojeke eno tse di amanang le setsha. Fa polane e sena go saenwa, re tla kopa tetla ya go aga. Gone jaanong, ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa e tla tswelela e le kwa Brooklyn, New York.