Fetela kwa tshedimosetsong

A Saense e Dumalana le Baebele?

A Saense e Dumalana le Baebele?

Karabo ya Baebele

Ee, le fa gone Baebele e se buka ya saense, e nepile fa e bua ka dikgang tsa saense. Ela tlhoko dikai dingwe tse di bontshang gore saense le Baebele di a dumalana le gore Baebele e na le dintlha tsa boammaaruri ka dikgang tsa saense, tse di farologanang thata le se batho ba le bantsi ba ba neng ba tshela mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele ba neng ba se dumela.

  • Lobopo lo na le tshimologo. (Genesise 1:1) Go farologana le seo, ditlhamane di le dintsi tsa bogologolo di tlhalosa gore lobopo ga lo a bopiwa mme lo nnile gone ka ntlha ya tlhakatlhakano e e neng e le teng. Bababelona ba ne ba dumela gore medimo e e neng ya tsala lobopo e ne e tswa mo mawatleng a mabedi. Ditlhamane tse dingwe tsone di bolela gore lobopo lo dule mo leeng le legolo thata.

  • Letsatsi le letsatsi lobopo lo laolwa ke melao ya tlholego e e tlhomameng, e seng ke dikgopolo tsa medimo. (Jobe 38:33; Jeremia 33:25) Go ralala lefatshe ditlhamane di ruta gore batho ba ka se itire sepe fa ba lebana le ditiro tsa medimo tse di sa lebelelwang, tse ka dinako dingwe di leng setlhogo.

  • Lefatshe le lepeletse fela mo go se nang sepe. (Jobe 26:7) Bontsi jwa batho ba bogologolo ba ne ba dumela gore lefatshe le sephaphathi e bile le tshegeditswe ke mokaloba kgotsa ke phologolo e e jaaka nare kgotsa khudu.

  • Dinoka le metswedi di tladiwa ke metsi a a ileng a moafala go tswa mo mawatleng le metswedi e mengwe mme a bo a boela gape mo lefatsheng e le pula, kapoko kgotsa sefako. (Jobe 36:27, 28; Moreri 1:7; Isaia 55:10; Amose 9:6) Bagerika ba bogologolo ba ne ba akanya gore dinoka di tladiwa ke metsi a lewatle a a ka fa tlase ga lefatshe mme kgopolo eno e ne e sa ntse e dumelwa mo lekgolong la bo18 la dingwaga.

  • Dithaba di a tlhatloga di bo di fologa, mme dithaba tse re di bonang gompieno di kile tsa bo di le ka fa tlase ga lewatle. (Pesalema 104:6, 8) Go farologana le seo, ditlhamane di le mmalwa di bolela gore medimo e ne ya bopa dithaba gore di nne ka tsela e di leng ka yone gone jaanong.

  • Mekgwa ya go tlosa leswe e sireletsa botsogo. Molao o o neng o neilwe setšhaba sa Iseraele o ne o akaretsa ditaelo tse di neng di tlhalosa gore motho o tshwanetse go tlhapa fa a sena go tshwara setopo, batho ba ba nang le bolwetse jo bo tshwaetsang ba tlhaolelwe kwa thoko le gore batho ba latlhe mantle ka tsela e e babalesegileng. (Lefitiko 11:28; 13:1-5; Duteronome 23:13) Go farologana le seo, mongwe wa mekgwa ya go alafa ya Baegepeto e e neng e dirisiwa fa go ne go ntshiwa ditaelo tseno, o ne o tlhoka gore motho a tshase motswako o o tlhakaneng le mantle a motho mo nthong e e bulegileng.

A go na le mo Baebele e dirang diphoso teng fa e bua ka saense?

Fa re tlhatlhoba Baebele ka kelotlhoko re lemoga gore karabo ya potso eno ke nnyaa. Fa tlase fano ke dikgopolo tse di seng boammaaruri tse di tlwaelegileng malebana le gore a Baebele e nepile fa e bua ka saense:

Se se seng boammaaruri: Baebele ya re lobopo lo bopilwe mo malatsing a le marataro a diura tse 24.

Boammaaruri: Go ya ka Baebele, Modimo o bopile lobopo bogologolo tala mme ga e tlhalose ka tlhamalalo gore lo bopilwe leng. (Genesise 1:1) Gape, malatsi a popo a a tlhalosiwang mo go Genesise kgaolo 1 e ne e le dipaka tsa nako tse boleele jwa tsone bo sa tlhalosiwang. Tota e bile, lobaka lotlhe lo lefatshe le legodimo di neng tsa bopiwa mo go lone gape lo bidiwa ‘letsatsi.’—Genesise 2:4.

Se se seng boammaaruri: Baebele ya re dimela di ne tsa bopiwa pele ga letsatsi le ka nna teng gore go nne le fotosentesese.—Genesise 1:11, 16.

Boammaaruri: Baebele e bontsha gore letsatsi, e leng nngwe ya dinaledi tse di bopang “magodimo,” le ne la bopiwa pele ga dimela. (Genesise 1:1) Lesedi la letsatsi le ne la anama mo lefatsheng mo “letsatsing” la ntlha la popo. Fa loapi lo ne lo ntse lo apoga mo “letsatsing” la boraro la popo, lesedi la letsatsi le ne le le maatla mo le neng la thusa gore go nne le fotosentesese. (Genesise 1:3-5, 12, 13) Moragonyana ke gone letsatsi le neng la bonala sentle mo lefatsheng.—Genesise 1:16.

Se se seng boammaaruri: Baebele ya re letsatsi le dikologa lefatshe.

Boammaaruri: Moreri 1:5 ya re: “Letsatsi le lone le tlhabile, e bile letsatsi le phirimile, mme le tla le fegelwa le ya kwa lefelong la lone kwa le yang go tlhaba teng.” Le fa go ntse jalo, polelwana eno e tlhalosa fela tsela e letsatsi le lebegang le tsamaya ka yone fa re le lebile re le mo lefatsheng. Le gompieno, motho a ka dirisa mafoko “botlhabatsatsi” le “bophirimatsatsi,” mme gone a ntse a itse gore lefatshe ke lone le dikologang letsatsi.

Se se seng boammaaruri: Baebele ya re lefatshe le sephaphathi.

Boammaaruri: Baebele e dirisa polelwana bofelelo jwa lefatshe e le go kaya ‘karolo e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe’; seno ga se reye gore lefatshe le sephaphathi kgotsa le na le mo le felelang teng. (Ditiro 1:8) Ka tsela e e tshwanang, polelwana e e reng ‘dintlha tse nnè tsa lefatshe’ ke sekapuo se se kayang lefatshe lotlhe; gompieno motho a ka dirisa dintlha tse nnè tsa khampase go dira tshwantshiso.—Isaia 11:12; Luke 13:29.

Se se seng boammaaruri: Baebele ya re sekgala sa go dikologa sediko se lekana kgo le bophara jwa sediko seo bo menagane gararo, mme tota sekgala se se nepileng ke pi (π), kgotsa mo e ka nnang 3,1416.

Boammaaruri: Dilekanyo tsa “lewatle le le thetsweng” tse go buiwang ka tsone mo go 1 Dikgosi 7:23 le 2 Ditiragalo 4:2 di bontsha gore lewatle leno le ne le le bophara jwa dikubita di le 10 le gore ‘go ne go tsaya mogala wa dikubita di le 30 go le dikologa lotlhe.’ Dilekanyo tseno e ka tswa e ne e le fela dipalo tse di gaufi le dilekanyo tsa mmatota. Gape go ka direga gore sekgala sa go dikologa sediko le bophara di ne di emela dilekanyo tsa karolo e e ka fa teng le e e ka fa ntle ga mogotšwana ono.