Fetela kwa tshedimosetsong

Go Sireletsa Diphologolo le Tikologo Kwa Warwick

Go Sireletsa Diphologolo le Tikologo Kwa Warwick

Basupi ba ga Jehofa ba simolotse go aga ntlokgolo ya bone e ntšha ya lefatshe lotlhe kwa motseselegaeng wa New York State gaufi le Sterling Forest Lake (Blue Lake). Ba sireletsa jang diphologolo tsa naga le tikologo e di nnang mo go yone?

Basupi ba ile ba aga legora la nakwana go dikologa setsha sa kago go dira gore di-timber rattlesnakes, di-eastern box turtles le di-wood turtles di se ka tsa tsena mo lefelong leno mme tsa gobadiwa. Ka metlha ba nna ba tlhomamisa gore legora ga le letle gore diphologolo di sutlhe mme di gaelelwe mo lefelong la tiro. Morago ga gore kago e wediwe le go tlosa legora, di-rattlesnake dipe fela tse di tla fitlhelwang gaufi le kago di tla fudusiwa ka pabalesego ke mongwe yo o thapisitsweng go dira jalo.

Eastern bluebird

Ditlhare di ne tsa kgaolwa ka dikgwedi tsa mariga go tila go tshwenya di-eastern bluebirds ka paka ya tsone ya go elama. Fa kago e wediwa, Basupi ba tla tlhoma dintlhaga tsa sekalebokoso mo mafelong a a amilweng, go rotloetsa dinonyane gore di boe.

Ka tsela e e tshwanang, ba lekalekanya le go tlhagola dikarolo dingwe tsa setsha mo dikgweding tsa Diphalane go ya go Mopitlwe go letla dipeo tsa semela sa hyssop skullcap, se se mo kotsing ya go nyelela, gore di phatlalale mme di mele sentle. Go latelwa thulaganyo eno, le fa go ise go fitlhelwe dimela tseno mo porojekeng ya setsha sa Warwick fa e sa le ka 2007.

Sterling Forest Lake, e e tshwaraganeng le setsha, e na le mefuta ya dinonyane tsa metsi le ditlhapi tse di jaaka trout, bass, pickerel, le perch. E le gore letsha leno le sirelediwe, batlhami ba dipolane ba tlhophile go dirisa didirisiwa tsa kago tse di somarelang tikologo. Seno se akaretsa thulaganyo ya go jala dimela mo marulelong a dikago, tse di tla ntshang dikhemikale tse di kgotlelang mo metsing a pula le go fokotsa go elela ga metsi. Mo godimo ga moo, dimela tsa tlholego tse di dikologileng letsha di a somarelwa le go sirelediwa.

Mosupi mongwe yo o mo porojekeng eno a re, “Le fa go dira seno go tla tlhoka gore re dire dithulaganyo tse di oketsegileng le go dirisa nako e ntsi, re ikemiseditse go sireletsa thulaganyo ya go dirisana ga dimela le ditshedi (ecosystem) kwa setsheng sa Warwick.”