Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Lebega Jang?

Ke Lebega Jang?

 Ke eng o tshwanetse go tshwenyega ka se o se aparang? Ka gonne diaparo di senola se o leng sone. Diaparo tsa gago di dira gore batho ba akanye eng ka wena?

 Diphoso tse tharo tse di buiwang ka feshene le kafa o ka di tilang ka gone

Phoso #1: Go latela metswedi ya tshedimosetso e e buang ka feshene.

 Mosha mongwe yo o bidiwang Theresa a re: “Ka dinako tse dingwe ke kgatlhiwa ke feshene e e rileng ka gonne ke bona e bapadiwa thata. Go motlhofo go rata seaparo se se rileng fa o bona batho ba le bantsi ba se apara.”

 Basetsana ga se bone fela ba tlhotlhelediwang ke dipapatso. Buka ya The Everything Guide to Raising Adolescent Boys ya re: “Basimane le bone ba amiwa ke feshene. Le fa ba sa ntse ba le bannye, babapatsi ba leka go ba tlhotlheletsa.”

 Tsela e e botoka: Baebele ya re: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” (Diane 14:15) O ka latela kgakololo eno ka go sekaseka se o se bonang mo dipapatsong. Ka sekai, fa o bona diaparo tse go tweng di “hot,” kgotsa di “sexy,” ipotse jaana:

  •  ‘Ke mang yo o tla nnang le madi a mantsi fa nka reka diaparo tseno?’

  •  ‘Diaparo tseno di supa gore ke tshela botshelo jo bo ntseng jang?’

  •  ‘A tsela eo ya botshelo e tsamaisana le se ke se dumelang le tsela e ke batlang batho ba nkitse ka yone?’

 Kakantsho: Fetsa beke o sekaseka dipapatso tsa diaparo le go leba metswedi ya tshedimosetso e e buang ka feshene. Dipapatso tseno le metswedi eno di rotloetsa mekgwa e e ntseng jang? A ka bofitlha di go kgothaletsa gore o akanye gore o tlhoka go latela mokgwa o o rileng wa go apara? Mosha mongwe yo o bidiwang Karen a re: “O ikutlwa o patelesega go lebega sentle, go apara bontle le go bontsha ‘mmele wa gago o montle.’ Babapatsi ba ba itseng ntlha eno ba lemogile gore basha ke bone go leng motlhofo go ba gogela.”

Phoso #2: Go apara ka tsela e e rileng ka gonne o batla go tshwana le ba bangwe.

 Mosha mongwe yo o bidiwang Manuel a re: “Fa seaparo sengwe se le mo fesheneng, mongwe le mongwe o tla se apara. Fa o sa se apare, batho ba tla go leba ka tsela e sele.” Mosha mongwe yo o bidiwang Anna le ene o dumalana le seno. A re: “Ga se kgang ya feshene go na le moo ke kgang ya go batla go tshwana le ba bangwe.”

 Tsela e e botoka: Baebele ya re: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo.” (Baroma 12:2) O ka latela kgakololo eno ka go leba raka ya gago ya diaparo mme o ipotse jaana:

  •  ‘Ke eng se se tlhotlheletsang tsela e ke aparang ka yone?’

  •  ‘Go apara seaparo se se dirilweng ke mongwe kgotsa khampani nngwe e e tumileng, go botlhokwa go le kana kang mo go nna?’

  •  ‘A ke aparela go kgatlha batho?’

 Kakantsho: Go na le gore o akanye gore o tshwanetse go apara diaparo tsa bosheng tse di ratwang thata kgotsa go apara diaparo tse di tswileng mo fesheneng tse batho ba sa di rateng, akanyetsa go apara diaparo tse di bontshang gore o a itlotla le gore o a ithata. Fa o ithata e bile o itlotla, ga o kitla o tshwenngwa ke go batla go tshwana le ba bangwe.

Phoso ya #3: Go akanya gore go nna ‘sexy’ go botlhokwa thata.

 Mosetsana mongwe yo o bidiwang Jennifer a re: “Boammaaruri ke gore, ka dinako tse dingwe o raelesega go apara seaparo se se sa lebegeng sentle, se sekhutshwane kgotsa se se go tsimpang.”

 Tsela e e botoka: Baebele ya re: “A mokgabo wa lona e se ka ya nna wa . . . kafa ntle . . . mme a e nne motho wa sephiri wa pelo.” (1 Petere 3:3, 4) O ka latela kgakololo eo ka go ipotsa gore ke eng se se botlhokwa, a ke bontle jwa ka fa ntle kgotsa jwa ka fa teng.

 Kakantsho: Selo se o tshwanetseng go tshwenyega thata ka sone ke go apara ka tsela e e nang le seriti. Boammaaruri ke gore, batho ba le bantsi ga ba akanyetse kgang eno. Mme gone akanya:

 A o kile wa tlotla le motho yo o buang thata mme a bua fela ka ene? Se se botlhoko ke gore, motho yoo ga a itse gore go dira jalo go tena tota!

Diaparo di tshwana le motlotlo ka gonne di ka dira gore batho ba go katoge

 Fa o sa apare sentle, o feleletsa o tshwana le motho yoo. Moaparo wa gago o dira gore batho ba tseye gore o a re ‘mponeng,’ mme seo se dira gore o lebege e kete o motho yo o sa akanyetseng ba bangwe kgotsa gore ga o itshepe. Gape go dira gore o lebege e kete o batla go bonwa ke mongwe le mongwe, le ke batho ba ba sa siamang tota.

 Go na le go bapatsa selo se o sa se rekiseng, apara ka tsela e e nang le seriti. Mosha mongwe yo o bidiwang Monica a re: “Go apara ka tsela e e nang le seriti, ga go reye gore o tshwanetse go apara jaaka batho ba ba tsofetseng. Go kaya fela gore o a itlotla e bile o tlotla le batho ba bangwe.”