Fetela kwa tshedimosetsong

Modimo O na Le Maina a Makae?

Modimo O na Le Maina a Makae?

Karabo ya Baebele

 Modimo o na le leina le le lengwe fela. Le kwalwa jaana יהוה ka Sehebera mme ka Setswana ke “Jehofa.” a Modimo o ne a laela moporofeti Isaia go kwala jaana: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me.” (Isaia 42:8) Leina la Modimo le tlhagelela makgetlo a ka nna 7 000 mo mekwalong ya bogologolo ya Baebele. Leina leno le tlhagelela go feta maina ape a mangwe a Modimo a bidiwang ka one e bile ga go na motho ope yo leina la gagwe le tlhagelelang makgetlo a le mantsi jaana. b

A Jehofa o na le maina a mangwe gape?

 Le fa Baebele e bitsa Modimo ka leina le le lengwe fela, e dirisa direto tse dingwe go mo tlhalosa. Lenaane le le latelang le na le direto di le mmalwa tse di senolang karolo nngwe ya botho jwa ga Jehofa.

Sereto

Temana

Bokao

Allah

(Ga go na temana e e buang ka lone mo Baebeleng)

Lefoko la Searabia “Allah” ga se leina la Modimo go na le moo ke sereto se se kayang “Modimo.” Dibaebele tsa Searabia le tsa dipuo tse dingwe di dirisa “Allah” mo boemong jwa leina “Modimo.”

Mothatayotlhe

Genesise 17:1

Ga go ope yo o nang le maatla a a lekanang le a gagwe. Lefoko la Sehebera ʼEl Shad·daiʹ, kgotsa “Modimo Mothatayotlhe,” le tlhagelela makgetlo a le supa mo Baebeleng.

Alefa le Omega

Tshenolo 1:8; 21:6; 22:13

Mafoko a a reng “tshimologo le bokhutlo,” a kaya gore go ne go se na Modimo Mothatayotlhe pele ga Jehofa e bile ga go kitla go nna le ope morago ga gagwe. (Isaia 43:10) Tlhaka ya ntlha le ya bofelo ya dialefabete tsa Segerika di bidiwa alefa le omega.

Mogologolo wa Malatsi

Daniele 7:9, 13, 22

Ga a na tshimologo; o nnile gone pele ga sengwe le sengwe.​—Pesalema 90:2.

Mmopi

Isaia 40:28

Ke ene a dirileng dilo tsotlhe.

Rre

Mathaio 6:9

Ke ene a neileng sengwe le sengwe botshelo.

Modimo

Genesise 1:1

Sebopiwa se se obamelwang; Yo o nang le maatla. Lefoko la Sehebera ʼElo·himʹ le kaya bontsi mme le bontsha gore Jehofa o mogolo, o na le seriti e bile o tshwanelwa ke go tlotlwa.

Modimo wa medimo

Duteronome 10:17

Modimo yo o maatla otlhe yo o farologaneng le “medimo e e se nang mosola” e batho ba e obamelang.​—Isaia 2:8.

Motlhatlheledi yo Mogolo

Isaia 30:20, 21

O a ruta e bile kgakololo ya gagwe e a thusa.​—Isaia 48:17, 18.

Modiri yo Mogolo

Pesalema 149:2

Ke ene a dirileng dilo tsotlhe.​—Tshenolo 4:11.

Modimo yo o itumetseng

1 Timotheo 1:11

O itumetse.​—Pesalema 104:31.

Moutlwi wa thapelo

Pesalema 65:2

O reetsa dithapelo tsa batho ba ba dumelang mo go ene.

Ke Tla Nna se ke Tla Nnang Sone

Ekesodo 3:14

O nna sengwe le sengwe se se tlhokegang gore a kgone go diragatsa thato ya gagwe. Gape mafoko ano a ka ranolwa e le “Ke Tla Nna sengwe le sengwe se ke batlang go nna sone” kgotsa “Ke Tla Nna Sengwe le Sengwe se ke Ratang go Nna Sone.” (The Emphasised Bible, by J. B. Rotherham; New World Translation) Mafoko ano a tlhalosa leina la Modimo e bong Jehofa le le tlhagelelang mo temaneng e e latelang.​—Ekesodo 3:15.

Lefufa

Ekesodo 34:14

O batla gore go obamelwe ene fela. Gape lefoko leno le ranotswe e le “ga a batle go gaisana le ope” le “o itsege e le yo o batlang gore motho a ineele mo go ene ka botlalo.”​—God’s Word Bible; New World Translation.

Kgosi ya bosakhutleng

Tshenolo 15:3

Puso ya gagwe ga e na tshimologo le fa e le bokhutlo.

Morena

Pesalema 135:5

Mong; ka Sehebera ke ʼA·dhohnʹ le ʼAdho·nimʹ.

Morena wa masomosomo, Morena wa Masomosomo a Legodimo

Isaia 1:9, King James Version; Baroma 9:29, King James Version

Molaodi wa masole a baengele. Sereto se se reng “Morena wa Masomosomo a Legodimo” le sone se ka ranolwa e le “Jehofa wa masomosomo” le “Morena wa masole a [legodimo].”​—Baroma 9:29. Thanolo ya Lefatshe le Lesha; ntlha e e kwa tlase mo NET Bible.

Mogodimodimo

Pesalema 47:2; Daniele 7:18, 27

Ke ene a nang le taolo go feta sepe fela; O na le maemo a a kwa godimo thata.

Yo o Boitshepotshepo

Diane 9:10

O boitshepo (o itshekile) go feta sepe fela.

Mmopi wa letsopa

Isaia 64:8

O kgona go laola batho le ditšhaba fela jaaka mmopi wa letsopa a kgona go dira sengwe le sengwe se a se batlang ka letsopa.—Baroma 9:20, 21.

Morekolodi, Moitshepi

Isaia 41:14

O dirisa setlhabelo sa ga Jesu Keresete go reka kgotsa go golola batho mo boleong le mo losong.—Johane 3:16.

Lefika

Pesalema 18:2, 46

Lefelo le le sireletsegileng le batho ba ka tshabelang kwa go lone.

Mmoloki

Isaia 45:21

O golola sengwe mo kotsing gore se se ka sa senngwa.

Modisa

Pesalema 23:1

O tlhokomela baobamedi ba gagwe.

Morena Molaodimogolo

Genesise 15:2

O na le maatla a magolo; ʼAdho·naiʹ ka Sehebera.

Maina a mafelo a a umakiwang mo Dikwalong Tsa Sehebera

 Mafelo mangwe a a mo Baebeleng a a nang le leina la Modimo mme e se gore ke maina a mangwe a Modimo a bidiwang ka one.

Leina la lefelo

Temana

Bokao

Jehofa-jire

Genesise 22:13, 14

“Jehofa o Tla Tlamela.”

Jehofa-nisi

Ekesodo 17:15

“Jehofa ke Botshelo Jwa Me.” (ntlha e e kwa tlase mo Baebeleng ya New World Translation) Jehofa ke Modimo yo batho ba ka tshabelang kwa go ene gore a ba sireletse le go ba thusa.​—Ekesodo 17:13-16.

Jehofa-shalomo

Baatlhodi 6:23, 24

“Jehofa ke Kagiso.”

Mabaka a go bo re tshwanetse go itse le go dirisa leina la Modimo

  •   Modimo o batla gore re dirise leina la gagwe e bong Jehofa ka gonne le botlhokwa e bile o le tsentse makgetlo a le mantsi mo Baebeleng.​—Malaki 1:11.

  •   Morwa Modimo e bong Jesu o ile a gatelela botlhokwa jwa leina la Modimo ka makgetlo a le mantsi. Ka sekai, o ile a rapela Jehofa jaana: “A leina la gago le itshepisiwe.”​—Mathaio 6:9; Johane 17:6.

  •   Batho ba ba ithutang leina la Modimo e bile ba le dirisa ba simolola go nna ditsala tsa gagwe. (Pesalema 9:10; Malaki 3:16) Mme fa ba dira jalo, ba tla bona Modimo a diragatsa tsholofetso ya gagwe e e reng: “Gonne o tlhomile lorato lwa gagwe mo go nna, gape ke tla mo falotsa. Ke tla mo sireletsa ka gonne o setse a itse leina la me.”​—Pesalema 91:14.

  •   Baebele ya re: “Go na le ba ba bidiwang ‘medimo,’ e ka ne e le kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, fela jaaka go na le ‘medimo’ e le mentsi le ‘barena’ ba le bantsi.” (1 Bakorintha 8:5, 6) Mme e bitsa Modimo wa boammaaruri ka leina e re ke Jehofa.—Pesalema 83:18.

a Baithuti bangwe ba Bahebera ba rata go dirisa “Yahweh.”

b Leina la Modimo fa le khutshwafaditswe ke “Jah” mme lefoko leno le tlhaga makgetlo a le 50 mo Baebeleng go akaretsa le lefoko “Haleluya” le le kayang “Bakang Jah.”—Tshenolo 19:1; Tswana Central.