Fetela kwa tshedimosetsong

A E TLHAMILWE?

Ntshi e e Fofang ka Ponyo ya Leitlho

Ntshi e e Fofang ka Ponyo ya Leitlho

 Fa e le gore o kile wa leka go bolaya ntshi, o a itse gore ga go motlhofo. Fa e ka lemoga gore o batla go e bolaya, e tšhemoga ka ponyo ya leitlho.

 Baitsesaense ba re go na le mofuta mongwe wa ntshi e e bidiwang fruit fly. Ba re ntshi eno e tsapoga ka lobelo lo lo makatsang. Porofesa Michael Dickinson a re “di tsalwa di ntse di itse go fofa ka lone lobelo loo. Go tshwana le go tsenya ngwana yo o sa tswang go tsholwa mo sefofaneng a bo a se fofisa motlhofo fela.”

 Babatlisisi ba ile ba rekota tsela e ntshi eno e fofang ka yone mme ba re e phaphatha diphuka tsa yone makgetlo a le 200 mo motsotswaneng. Mme e tlhoka go phaphatha gangwe fela e bo e kgona go tshaba.

 Go e tsaya nako e kae go tsiboga? Le fa leitlho le bonya ka bonako, babatlisisi ba fitlhetse gore ntshi eno e tsiboga ka lobelo lo lo fetang lwa ponyo ya leitlho kgakala. Porofesa Dickinson a re “ntshi eno e kgona go lemoga ka bonako gore kotsi e tlhaga kae, mme ka ponyo ya leitlho e bo e kgona go bona gore e ka tshabela kae.”

 Babatlisisi ba sa ntse ba sa tlhaloganye gore go tla jang gore ntshi ya boboko jo bo kananyana e dire dilo ka lobelo lo lo kana.

Ntshi eno e kgona go tshaba kotsi ka lobelo lo lo makatsang

 O akanyang? A go itletse fela gore ntshi eno e kgone go fofa jaana kgotsa a go na le yo o e tlhamileng?