Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Sekgele Se se Di Gaisang Tsotlhe mo Botshelong Jwa Me

Sekgele Se se Di Gaisang Tsotlhe mo Botshelong Jwa Me
  • O TSHOTSWE KA: 1967

  • O TSHOLETSWE KWA: FINLAND

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MOTSHAMEKI YO O TUMILENG WA TENESE

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE

Ke goletse mo toropong ya Tampere e e kwa Finland. Batsadi ba me e ne e se batho le kereke mme ba ne ba tsaya thutego le maitseo e le dilo tsa botlhokwa thata. Mama ke Mojeremane mme fa ke ntse ke gola, ke ne ke tlhola ke etela batsadi ba gagwe kwa Jeremane.

Fa e sa le ke rata metshameko ke sa ntse ke le monnye. Fa ke tla ke gola, ke ne ke tshameka metshameko e e farologaneng mme ke ile ka tlhopha go tshameka tenese fa ke na le dingwaga di le 14. Fa ke na le dingwaga di le 16, ke ne ke ikatisa gabedi kgotsa gararo ka letsatsi, motshegare ke ne ke ikatisa gabedi le mokatisi wa porofeshenale mme maitseboa ke ikatisa ke le nosi. Go na le dilo tse di neng di nkgatlha ka motshameko wa tenese, o dira gore o nagane e bile o thusa mmele gore o nne o itekanetse. Le fa ke ne ke tle ke iketle le ditsala tsa me re nwa biri, ga ke ise ke tsamaye ke dirise diritibatsi kgotsa ke nwe bojalwa ka tsela e e feteletseng. Tenese e ne e le botshelo jwa me.

Ke simolotse go tshameka mo dithonamenteng tsa ATP fa ke na le dingwaga tse 17. * Fa ke sena go fenya dithonamente di le mmalwa, ke ile ka simolola go ratiwa ke batho ba naga ya rona. Ke nnile mongwe wa batshameki ba tenese ba le 50 ba ba kwa godimo mo lefatsheng fa ke na le dingwaga di le 22.

Ke feditse dingwaga ke tshameka tenese ya porofeshenale mo mafelong a a farologaneng mo lefatsheng. Ke bone mafelo a mantle tota mme ke bone gape le mathata a a aparetseng lefatshe a a jaaka bokebekwa, tiriso ya diritibatsi le tsela e batho ba senyang tikologo ka yone. Ka sekai, kwa United States re ile ra bolelelwa gore go na le mafelo a re sa tshwanelang go ya kwa go one ka gonne a na le bokebekwa jo bontsi. Dilo tseno tsotlhe di ne di ntshwenya. Mme le fa ke ne ke dira selo se ke se ratang, go ne go na le sengwe se se tlhaelang mo botshelong jwa me.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE

Mosetsana yo ke neng ke ratana le ene o ile a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke makaletse Sanna gore kante le ene ke motho le kereke mme ga ke a ka ka mo thibela go ithuta le Basupi. Re nyalane ka 1990 mme mo ngwageng o o latelang, Sanna o ile a kolobediwa. Le fa ke ne ke dumela mo Modimong, ke ne ke se motho le kereke. Nkoko wa me wa kwa Jeremane o ne a tlhola a ipalela Baebele e bile o ne a nthutile go rapela.

Tsatsi lengwe fa nna le Sanna re etetse banyalani bangwe ba Basupi, Kari, rre wa teng, o ile a tlotla le nna ka boporofeti jwa Baebele jo bo buang ka ‘metlha ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1-5) Ke ne ke kgatlhilwe ke se a neng a se bua ka gore se ne se nthusa go tlhaloganya gore goreng dilo tse di bosula di direga mo lefatsheng. Ga re a bua thata ka dilo tsa Baebele ka letsatsi leo. Mme fa e sa le ka nako eo, ke ile ka ithuta Baebele le Kari e bile dilo tse ke neng ke di ithuta di ne di utlwala. Nna le Kari re ne re sa kgone go nna le nako e e lekaneng ya go ithuta ka gore ke ne ke tlhola ke tshwaregile e bile ke tsamaya thata, mme Kari ga a ka a ineela. Fa re ithuta mme ke bo ke nna le dipotso, o ne a nkwalela lekwalo go araba dipotso tseo. Kari o ile a dirisa Baebele go araba dipotso tsa botlhokwa tse ke neng ke na le tsone ka botshelo, mme ka iketlo ke ile ka tlhaloganya gore Bogosi Jwa Modimo ke jone bo tlileng go baakanya lefatshe. Ke ile ka kgatlhiwa ke go ithuta leina la Modimo le go ithuta dilo tse a re diretseng tsone. (Pesalema 83:18) Selo se se nkgatlhileng le go feta, ke go ithuta gore Modimo ga a ntsha Jesu setlhabelo fela ka gonne a ne a patelesega go dira jalo, o ile a se ntsha ka gonne a re rata. (Johane 3:16) Gape ke ithutile gore ke kgona go nna tsala ya Modimo le go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Jakobe 4:8) Ke ile ka ipotsa gore, “Nka bontsha jang Modimo gore ke lebogela dilo tse a ntiretseng tsone?”

Ke ile ka simolola go akanya thata ka tsela e ke tshelang ka yone. Baebele ya re go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng mme seo se ile sa dira gore ke batle go bolelela ba bangwe ka dilo tse ke ithutileng tsone. (Ditiro 20:35) Tiro ya me e ne e dira gore mo ngwageng ke kgone go fetsa malatsi a ka nna 200 ke seyo kwa gae. Ke ile ka lemoga gore lelapa la me le ne le ntlhoka, ke ka moo ke ileng ka bona go tlhokega gore ke dire diphetogo mo botshelong jwa me.

Ke ne ke itse gore batho ba le bantsi ba ne ba se kitla ba tlhaloganya lebaka la gore ke tlhophile Baebele go na le tenese. Mme mo go nna go ne go se thata go tlogela ka gonne go itse Jehofa le go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise, go ne go gaisa sekgele sepe fela se nka se fenyang. Ke ne ke ipoleletse gore ga ke tle go reetsa batho. Temana e e ileng ya nthusa thata mo ntlheng eno, ke Pesalema 118:6, ya re: “Jehofa o kafa letlhakoreng la me; ga nkitla ke boifa. Motho wa mo lefatsheng a ka ntirang?”

Ka yone nako eo, dikhampani dingwe di ile tsa kopa gore ke saene dikonteraka tsa madi a mantsi mme seo se ne se raya gore ke tla tshwanelwa ke go tshameka tenese lobaka lo loleele. Ke ile ka gana ka gore ke ne ke setse ke dirile tshwetso, mme fa nako e ntse e ya, ke ile ka tlogela le go tshameka mo dithonamenteng tsa ATP. Ke ne ka tswelela go ithuta Baebele mme ka July 2, 1994, ke ile ka kolobediwa.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE

Ga ke a diragalelwa ke selo se se maswe e bo e le gone ke akanyang ka Modimo e bile nka se re ke ne ke batlana le nnete ka Modimo. Go ya ka nna, ke ne ke itshelela monate, ke sa tlhoke sepe. Mme tsela e ke ithutileng Modimo ka yone, e dira gore ke akanye gore Modimo o ne a ntse a nkemetse gore ke mo itse. Gone jaanong botshelo jwa me bo nnile botoka go feta kafa ke neng ke lebeletse ka gone. Go monate mo lapeng e bile ke motlotlo tota gore basimane ba me ba bararo ba gatile mo ke gatileng teng, e seng gore ke batshameki ba tenese mme gore ba direla Jehofa.

Ke sa ntse ke rata go tshameka tenese. Mme ke itshedisa ka go dira tiro e e tsamaisang le dilo tsa tenese, ka sekai, ke mokatisi e bile ke manejara wa setheo sengwe sa tenese. Ga ke tlhole ke fetsa nako e ntsi mo metshamekong. Pele ke ne ke fetsa nako e ntsi ke ikatisa gore ke nne motshameki yo o tumileng wa tenese. Gone jaanong ke itumelela go fetsa nako e ntsi mo tirong ya go ruta batho Baebele le go ba bontsha gore ba ka dirisa jang melao ya Modimo e e nthusitseng go fetola botshelo jwa me. Selo se se intumedisang thata ke go dira gore botsala jwa me le Jehofa Modimo bo tle pele mo botshelong le go bolelela batho dilo tse Modimo a re solofeditseng tsone.—1 Timotheo 6:19.

^ ser. 10 ATP e emela Association of Tennis Professionals. Ke mokgatlho o o okametseng banna ba ba tshamekang tenese ya porofeshenale. Mo thonamenteng ya ATP, batshameki ba kgona go fenya madi le dikgele tse di farologaneng. Motshameki yo o korileng thata mo thonamenteng, o ne a tsenngwa mo lenaaneng la batshameki ba ba kwa godimo mo lefatsheng.