Fetela kwa tshedimosetsong

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

“Ga ke Tlhole ke Itlhabelwa ke Ditlhong”

“Ga ke Tlhole ke Itlhabelwa ke Ditlhong”
  • O Tshotswe ka: 1963

  • O Tsholetswe Kwa: Mexico

  • Botshelo Jwa Gagwe Jwa Pele: O ne a nna mo seterateng; e bile a itlhabelwa ke ditlhong

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE

 Ke tsholetswe kwa Ciudad Obregón kwa Mexico, ke ngwana wa botlhano mo baneng ba le robongwe ba ga mmê. Re ne re nna kwa ntle ga toropo mme rre o ne a bereka mo tshingwaneng. Go ne go le monate e bile re ne re itumetse. Ka maswabi, fa ke na le dingwaga di le tlhano, setsuatsue se ne sa senya tshingwana ya rona, re bo re tshwanelwa ke go fudugela kwa lefelong le lengwe.

 Rre o ne a simolola go amogela madi a mantsi. A bo a simolola go nwa thata. Seo se ne sa tlisa mathata mo lenyalong la bone, e bile mathata ao a ne a re ama. Re ne re utswa disekerete tsa ga rre re bo re di goga. Ke ne ka simolola go tagwa fa ke na le dingwaga di le thataro. Moragonyana batsadi ba me ba ne ba kgaogana, mme mekgwa ya me e e sa siamang e ne ya nnela maswe go ya pele.

 Mmê o ne a re tsaya a bo a ya go nna le monna yo mongwe. O ne a sa nke a naya mmê madi. Ka jalo, mmê o ne a sa kgone go re tlamela. Nna le bokgaitsadiake re ne ra simolola go bereka gore re kgone go ithekela dilo tse re di tlhokang. Mme go ne go sa lekana. Ke ne ke politšhela batho ditlhako, ke rekisa borotho, di-newspaper, ditšhapisi le dilo tse dingwe, gape ke ne ke tsamaya mo toropong ke batlana le dijo mo matlakaleng.

 Fa ke na le dingwaga di le lesome, monna mongwe o ne a nthaya a re ke tle go bereka le ene kwa matlakala a neng latlhelwa teng. Ke ne ka dumela, ka tlogela sekolo, ke bo ke tswa kwa gae. O ne a ntuela madi a a kafa tlase ga R7.68 a bo a mpha dijo tse a neng a di tsaya kwa matlakaleng. Ke ne ke itiretse ntlonyana ka dilo tse ke neng ke di tsaya kwa matlakaleng. Batho ba ke neng ke nna le bone ba ne ba bua puo e e leswe e bile ba rata boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Bontsi jwa bone ba ne ba tshwakgotswe ke diritibatsi e bile e le matagwa. Ke ne ke nna ke tshogile, e bile ke lela bosigo le motshegare. Ke ne ke itlhabelwa ke ditlhong ka gonne ke ne ke sa rutega e bile ke sotlega. Ke nnile kwa go latlhelwang matlakala teng dingwaga di le tharo, go tswa foo, ke bo ke fudugela kwa karolong e nngwe ya Mexico. Fa ke le koo, ke ne ke bereka mo tshingwaneng. Ke ne ke bereka go kgetla malomo, cotton, sugar cane le go epolola ditapole.

Ke feditse dingwaga di le tharo ke nna kwa lefelong le go latlhelwang matlakala kwa go lone, le le tshwanang le leno

 Morago ga dingwaga di le nnê, ke ne ka boela kwa Ciudad Obregón. Rakgadi wa me yo e neng e le ngaka ya setso, o ne a mpha kamore e nka nnang mo go yone. Ke ne ka simolola go nna le ditoro tse di tshosang, ke bo ke akanya go ipolaya. Bosigo bongwe ke ne ka rapela Modimo ke re: “Morena, fa e le gore o teng, ke batla go go itse, ke batla go go direla botshelo jwa me jotlhe. Fa e le gore go na le bodumedi jwa boammaaruri ke batla go bo itse.”

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE

 Ke ne ke eletsa go ithuta ka Modimo. Le fa ke ne ke sa ntse ke le monnye, ke ne ke ya kwa dikerekeng tse di farologaneng, mme ga ke a ka ka bona se ke neng ke se batla. Bontsi jwa tsone di ne di sa bue sepe ka Baebele e bile di ne di sa nthuse go itse Modimo. Madumedi a mangwe a tshwenyegile thata ka madi, mme maloko a mangwe one a tseneletse thata mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.

 Fa ke le dingwaga di le 19, monna wa ga ausi o ne a mpolelela gore Basupi ba ga Jehofa ba mmontshitse gore Baebele ya reng ka ditshwantsho tsa bodumedi. O ne a mpalela Ekesodo 20:4, 5, e e reng, re se ka ra itirela ditshwantsho tse di setilweng. Temana 5 ya re: “O se ka wa di ikobela le fa e le go tlhotlhelediwa go di direla, ka gonne nna Jehofa Modimo wa gago ke Modimo yo o batlang boineelo jo bo feletseng.” Go tswa foo a bo a re: “Fa e le gore Modimo o dira dikgakgamatso ka ditshwantsho, kgotsa o batla gore re di dirise fa re mo obamela goreng a di kgala?” Seo se dirile gore ke ipotse dipotso tse dintsi. Morago ga moo re ile ra tlotla ka dilo di le mmalwa tse di mo Baebeleng. Ke ne ke itumelela metlotlo eo, e bile ke ne ke sa bone le gore nako e a tsamaya.

 Moragonyana o ne a tsamaya le nna kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke kgatlhiwa ke se ke se utlwang le se ke se bonang. Tota le basha ba ne ba tsaya karolo e bile ba bua ka thelelo fa ba le kwa seraleng! Ke ne ka re: ‘Yoh! Tota batho bano ba a rutiwa.’ Le fa ke ne ke na le moriri o motelele e bile ke lebega ke tlhakatlhakane, Basupi ba ne ba nkamogela ka lorato. Lelapa lengwe le ne la ntaletsa gore ke tle go ja dijo tsa maitseboa le bone!

 Fa ke ntse ke ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, Ke ithutile gore Jehofa ke Modimo yo o lorato le gore o re kgathalela rotlhe go sa kgathalesege gore a re rutegile kgotsa ga re a rutega, re tswa mo lotsong lofe, mo temeng efe kgotsa le gore a re na le madi. Ruri Modimo ga a na tlhaolele. (Ditiro 10:34, 35) Jaanong ke itumetse e bile ke itse Modimo, selo se e leng kgale ke se batla, ga ke tlhole ke utlwa e kete go na le sengwe se se tlhaelang mo botshelong jwa me.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE

 Botshelo jwa me bo ile jwa fetoga fela thata! Ke ne ka tlogela go goga, go tagwa le go rogana. Bogale jwa me bo ne jwa kokobela mme gape ke ne ke sa tlhole ke nna le ditoro tse di tshosang. Ga ke tlhole ke itlhabelwa ke ditlhong ka gonne ke sa rutega e bile ke sotlegile thata.

 Ke na le mosadi yo montle, yo o ratang Jehofa e bile a ntshegetsa. Gone jaanong ke direla jaaka molebedi wa potologo wa Basupi ba ga Jehofa, ke etela diphuthego gore ke ye go ruta le go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi. Ke leboga Modimo ka thuto eno ya Baebele, gone jaanong ga ke tlhole ke itlhabelwa ke ditlhong.

Nna le mosadi wa me re itumelela go thusa batho ba bangwe fela jaaka ke ile ka thusiwa