Fetela kwa tshedimosetsong

NGWANATSELE 20, 2013
Armenia

Armenia e Golola Magolegwa Otlhe a Basupi ba ga Jehofa

Armenia e Golola Magolegwa Otlhe a Basupi ba ga Jehofa

YEREVAN, Armenia—Ka Ngwanatsele 12, 2013, Armenia e ne ya golola Basupi ba ga Jehofa ba le 14 ba ba neng ba sa ntse ba le mo kgolegelong ka go bo ba sa tsenele bosole. Go tloga ka Diphalane 8, 2013, Basupi botlhe ba ga Jehofa ba le 28 ba ba neng ba tsentswe mo kgolegelong ka go bo ba sa tsenele bosole ba ile ba nna ba gololwa. Seno se bontsha gore Armenia e ne ya fetola molao wa yone o o amanang le tshwanelo ya batho ba ba sa tseneleng bosole, o o neng wa dira gore makawana a feta 450 a Basupi a tsenngwe mo kgolegelong mo dingwageng di le 20 tse di fetileng. Gone jaanong kwa Armenia, e le lekgetlho la ntlha fa e sa le ka 1993, ga go Mosupi ope wa ga Jehofa yo o tsentsweng mo kgolegelong ka ntlha ya go sa tsenele bosole.

Pele ga magolegwa a gololwa ka Ngwanatsele 12, Armenia e ne ya golola Basupi ba le robedi ka Diphalane 8 le 9, e latela molawana o o neng o fokotsa katlholo ka dikgwedi di le thataro. Ba bangwe ba le barataro ba ne ba gololwa ka Diphalane 24. Makawana ano a marataro e ne e le a ntlha go solegelwa molemo ke diphetogo tse Armenia e simolotseng go di diragatsa ka Seetebosigo 8, 2013, tsa molawana wa tirelo setšhaba. Diphetogo tseno di letla ba ba sa tseneleng bosole ka ntlha ya segakolodi gore ba tsenye kopo ya go dira tiro ya setšhaba e e sa laolweng ke sesole go na le go tsenngwa mo kgolegelong.

Basupi ba feta 90 ba ne ba tsenya kopo ya go dira tiro ya setšhaba. Ka Diphalane 23 le ka Ngwanatsele 12, 2013, Khomishene e e Lwelang Diphetogo e ne ya sekaseka dikopo di le 71 tsa makawana ano mme ya ba naya tetla eo. Khomishene e ne ya itsise gore e tla reetsa dikgetsi tse di setseng mo nakong e e sa fediseng pelo.

David A. Semonian, mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa ntlokgolo ya bone kwa New York, a re: “Re itumelela gore puso ya Armenia e golotse makawana ano le gore go lebega kgang e e sa bolong go tswelela ka dingwagangwaga e rarabolotswe.”

Media Contact(s):

International: David A. Semonian, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Armenia: Tigran Harutyunyan, tel. +374 93 900 482