Fetela kwa tshedimosetsong

JANUARY 21, 2015
Poland

Basupi le Bone ba Gopolwa mo Segopotsong sa Bo70 Sa ba Ba Ileng ba Falola Kwa Auschwitz

Basupi le Bone ba Gopolwa mo Segopotsong sa Bo70 Sa ba Ba Ileng ba Falola Kwa Auschwitz

WARSAW, Poland—Ka January 27, 2015, batho ba le diketekete ba tla bo ba le kwa segopotsong sa bo70 sa batho ba ba ileng ba falola kwa kampeng ya pogisetso le ya dipolao ya Banasi kwa Auschwitz. Kampa eno e e itsegeng ka bosetlhogo e ne e dirisiwa ke Banasi go fedisa batho ba merafe e e farologaneng, le go bogisa Basupi ba ga Jehofa, tota le Bajeremane ba e leng Basupi.

Tiragalo eno e rulaganngwa ke Musiamo wa Auschwitz-Birkenau le Lekgotla la Boditšhaba la Auschwitz. Go solofetswe gore Moporesidente wa Poland, Bronisław Komorowski, a nne gone mmogo le baemedi ba dipuso go tswa kwa dinageng tse di farologaneng. Tiragalo eno e tla bo e kgona go lebelelwa le mo Internet.

Auschwitz e mo toropong ya Poland e e bidiwang Oświęcim, e e neng ya gapiwa ke Banasi ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. E simologile ka June 1940, e le kampa ya pogisetso ya Bajeremane e na le magolegwa a le 700 a Ba-Poland. Auschwitz e ne ya gola ka bonako go fitlha e nna le dikampa tse dikgolo le tse dinnye di feta 40. Diphaposi di le nnè tsa gase kwa Auschwitz-Birkenau di ne di dirisediwa go bolaya batho ba ka nna 20 000 ka letsatsi. Mo dingwageng tsa ntlha tse tlhano, batho ba ka nna 1 100 000 go akaretsa le Basupi ba ga Jehofa ba feta 400 ba ne ba romelwa kwa kampeng eo.

Website ya Musiamo wa Auschwitz-Birkenau e ne ya re: “Dibuka tse di buang ka hisitori ya Kampa ya Pogisetso ya Auschwitz ga di bue thata ka Basupi ba ga Jehofa (ba ba bidiwang [Baithuti ba] Baebele mo direkotong tsa kampa) ba ba neng ba tshwerwe ka ntlha ya tumelo ya bone. Magolegwa ano a tlhoka go akgolelwa tsela e ba neng ba itshwere ka yone mo maemong a thata kwa kampeng eo.” Direkoto tsa musiamo di bontsha gore Basupi ba ga Jehofa e ne e le bangwe ba magolegwa a ntlha go romelwa kwa Auschwitz le gore diperesente di le 35 tsa Basupi di ne tsa swela teng.

Andrzej Szalbot (Legolegwa–IBV 108703): Ka 1943, o ne a tshwarwa ke Banasi a bo a isiwa kwa Auschwitz ka gonne a ganne go tsenela bosole.

Ka 1933, puso ya Banasi e ne ya simolola go batla ditsela tsa go fedisa le go thibela tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo Jeremane. Basupi ba ne ba sa dumalane le dikgopolo tsa Banasi. Ka sekai, ba ne ba gana go re “Heil Hitler!,” ka gonne ba tsaya gore go tlotla Hitler jalo ke go se ikanyege mo Modimong. Gape Basupi ba ne ba gana go dira ditiro tse di amanang le bosole mme Banasi ba ne ba tsaya seo e le go nna kgatlhanong le puso. Andrzej Szalbot yo o neng a tshwarwa ka 1943, a bo a romelwa kwa Auschwitz a le dingwaga di le 19, o ne a re: “Fa motho a gana go tsenela bosole o ne a romelwa kwa kampeng ya pogisetso.” Basupi ba ga Jehofa ba ne ba solofediwa gore ba tla gololwa fa ba ka saena setlankana sa gore ba tlogela go nna Basupi le gore Basupi ba ruta maaka. Rre Szalbot o ne a gana go saena.

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba solofediwa gore ba tla gololwa fa ba ka saena setlankana se se tshwanang le seno sa gore ba tlogela go nna Basupi.

Mo direkotong tsa Banasi, Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa Internationale Bibelforscher-Vereinigung kgotsa “IBV,” (Lekgotla la Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba). Banasi ba ne ba dira gore Basupi ba tsenye letshwao la khutlotharo e e phepole mo seaparong sa bone. Letshwao leo le ne la thusa Basupi gore ba kgone go bonana mo kampeng eo. Ba ne ba kopana maitseboa mangwe le mangwe go ya go kgothatsana pele motlhokomedi a tla go bitsa maina go tlhomamisa gore a magolegwa otlhe a gone. Go ne go rulaganngwa mo sephiring gore go tlotlwe ka Baebele le magolegwa a a neng a kgatlhilwe ke bopelontle le tumelo ya Basupi. Magolegwa a le mmalwa a ne a nna Basupi.

Mo mosong wa Matlhatso January 27, 1945, masole a Russia a ne a goroga kwa Oświęcim. Ka ura ya boraro thapama, masole a ne a setse a golotse magolegwa a le 7 000 kwa Auschwitz I, Auschwitz II (Birkenau), le kwa Auschwitz III (Monowitz).

Stanisław Zając. O ne a tshwarwa mo Auschwitz ka February 16, 1943.

E re ka Banasi ba ne ba lemoga gore masole a Russia a tloga a tlhasela, ba ne ba ntsha diketekete tsa batho mo dikampeng tsa Auschwitz. Stanisław Zając, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa ke mongwe wa batho ba ba neng ba ntshiwa mo kampeng eo. Rre Zając le magolegwa a ka nna 3 200 ba ne ba tswa kwa kampeng e nnye ya Jaworzno ba tsamaya ka thata mo kapokong. Go fopholediwa gore batho ba ka nna 2 000 ba ne ba goroga ba tshela morago ga mosepele wa malatsi a le mararo go ya kwa Blechhammer, e leng kampa e nnye ya Auschwitz e e mo sekgweng. Rre Zając o ne a kwala jaana ka ntwa e e neng ya tsoga fa ene le magolegwa a mangwe ba ne ba iphitlhile kwa kampeng: “Re ne ra utlwa dikanono di feta, mme go ne go se ope yo o pelokgale go ya go bona gore ke bomang. Mo mosong re ne ra lemoga gore e ne e le masole a Russia. . . . Masole a Russia a ne a tletse mo sekgweng mme a re golola mo kampeng eo ya pogisetso.”

Monongwaga ka January 27, mo lefatsheng lotlhe go tla nna le ditshupo le dikokoano tse di amanang le segopotso sa bo70 sa ba ba golotsweng kwa Auschwitz.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000

Germany: Wolfram Slupina, tel. +49 6483 41 3110

Poland: Ryszard Jabłoński, tel. +48 608 555 097