Fetela kwa tshedimosetsong

NGWANATSELE 5, 2013
Armenia

Armenia e Letla Batho Ba ba Sa Tseneleng Bosole go Dira Tiro ya Setšhaba

Armenia e Letla Batho Ba ba Sa Tseneleng Bosole go Dira Tiro ya Setšhaba

Go lebega puso ya Armenia e ne ya felela e tsere ditshwanelo tsa batho ba ba sa tseneleng bosole tsia. Ka Diphalane 23, 2013, Khomishene e e Lwelang Diphetogo kwa Armenia e ne ya reetsa dikopo tsa Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 90 mme ya naya ba le 51 mo go bone tetla ya go dira tiro ya setšhaba, e leng thulaganyo e ntšha ya ba ba sa tseneleng bosole (Khomishene e sa ntse e tla sekaseka dikopo tse di setseng). Go tswa foo, Khomishene e ne ya ya kwa Kgolegelong ya Erebuni mme ya naya Basupi ba le 6 mo go ba le 20 ba ba neng ba le mo kgolegelong tetla ya go dira tiro ya setšhaba. Magolegwa ano a le marataro a ne a gololwa ka Diphalane 24, 2013. Khomishene e sa ntse e tla sekaseka dikopo tse di setseng tsa magolegwa a Basupi ba ba ka ratang go dira tiro e nngwe go na le go tsenela bosole mme go lebeletswe gore e golole banna bano ba ba tlhophang thulaganyo eno.

Thulaganyo e Ntšha

Thulaganyo eno e ntšha e simologile ka Seetebosigo 8, 2013, fa Armenia e ne e dira diphetogo tse di tlhokang gore Molao wa Armenia wa Tirelo Setšhaba o tsamaisane le melao ya Yuropa mme di ne tsa simolola go dira ka Phukwi 25, 2013. Ka Diphalane 2, 2013, kwa Kokoanong ya Palamente ya Lekgotla la Yuropa, moporesidente wa Armenia o ne a akgela ka diphetogo tse di dirilweng bosheng mo molaong fa a ne a re: “Go ya ka thulaganyo eno ya rona, batho ba ba sa tseneleng bosole ka ntlha ya segakolodi sa bone ba ka se nne le rekoto ya bokebekwa.” Ka Diphalane 3, 2013, Armenia e ne ya simolola go latela molawana wa gore kotlhao e e newang batho ba ba sa tseneleng bosole e fokodiwe ka dikgwedi di le thataro. Go ikaegilwe ka molawana ono, Basupi ba le robedi ba ba neng ba saletswe ke dikgwedi tse di kafa tlase ga tse thataro kwa kgolegelong ba ne ba gololwa ka Diphalane 8 le 9, 2013.

Thulaganyo e ntšha ya tirelo setšhaba e letla batho ba ba sa tseneleng bosole ka ntlha ya segakolodi go thusa setšhaba ka ditsela tse dingwe tse di seng kgatlhanong le segakolodi sa bone se se thapisitsweng ka Baebele. Gone jaanong ga e tlhole e laolwa ke Sesole sa Armenia kgotsa setšhaba. Go lebeletswe gore batho ba dire tiro ya setšhaba ka dikgwedi di le 36, diura di le 48 ka beke mme ba newa malatsi a boikhutso a le 10 ka ngwaga. Ba ba tsenyang dikopo ba tla newa tiro gaufi le magae a bone e bile ba ka se dire tiro epe e e amanang le bosole.

Dikgato Tse di Tserweng Gore go Dirwe Diphetogo

Fa Armenia e nna leloko la Lekgotla la Yuropa ka 2001, e ne ya ikana gore e tla dirisa molao o Dinaga tsotlhe tse e nnang maloko a Lekgotla leno di o latelang, wa go dira gore go nne le tiro ya setšhaba le go golola batho botlhe ba ba neng ba tsentswe mo kgolegelong ka ntlha ya segakolodi sa bone. Le fa Armenia e ne e dirile maikano ao, e ne ya tswelela e sekisa le go tsenya makawana a Basupi mo kgolegelong.

Mo dingwageng di le 20 tse di fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba feta 450 ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ka lobaka lo loleele mo maemong a a sa jeseng di welang e bile ba tshwarwa makgwakgwa.

Fa Molao wa Tirelo Setšhaba wa Repaboliki ya Armenia o simolola go dira ka Phukwi 1, 2004, go ne go lebega e kete maemo a ba ba tsentsweng mo kgolegelong ka ntlha ya go sa tsenele bosole a tla tokafala. Le fa go ntse jalo, fa thulaganyo ya tirelo setšhaba e simolola go dira, e ne e laolwa le go kaelwa ke sesole e bile batho ba ne ba otlhaelwa go sa tsenele bosole. Gangwe le gape Lekgotla la Yuropa le ne la tlhalosa gore tsela e thulaganyo eo e neng e dirwa ka yone, e ne e sa dumalane le melao ya Yuropa ya tirelo setšhaba. Ka sekai, mo go Resolution 1532 (2007), Kokoano ya Palamente ya Lekgotla la Yuropa e ne ya re “e amegile thata ka gore tirelo setšhaba e e sa dirweng go ya ka thulaganyo e dirile gore batho ba le bantsi ba ba sa tseneleng bosole ka ntlha ya segakolodi sa bone, ba bontsi jwa bone e leng Basupi ba ga Jehofa, ba tswelele ba tsenngwa mo kgolegelong ka gonne ba bona go le molemo go ya kgolegelong go na le go dira tirelo setšhaba e tota e sa lateleng melao.”

Komiti ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ya Ditshwanelo Tsa Batho le yone e ne e amegile thata ka gore Armenia e ntse e tsenya Basupi ba ba sa tseneleng bosole mo kgolegelong. Kwa kokoanong ya yone ya bo105 (2012), Komiti e ne ya konela ka go re:

“Puso e e busang e tshwanetse go tlhoma tirelo setšhaba e e seng ya bosole, e e ka dirwang ke batho botlhe ba ba sa tseneleng bosole le gore e se ka ya otlhaya kgotsa ya tlhaola ka tsela epe fela, ya ja madi a mantsi kgotsa ya senya nako. Gape Puso e e busang e tshwanetse go golola batho botlhe ba ba tsentsweng mo kgolegelong ka gonne ba sa tsenele bosole kgotsa ba sa dire tiro ya setšhaba e e leng teng.”

Lekgotla la ECHR le Imolola Batho

E re ka dikgotlatshekelo tsa Armenia di sa buelela Vahan Bayatyan le makawana a mabedi a Basupi ba ba neng ba tsentswe mo kgolegelong, ba ne ba isa dikopo tsa bone tse di kgatlhanong le Armenia kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo tsa Batho (ECHR). Kgetsi ya ga Rre Bayatyan e ne ya fetola dilo fa Lekgotla le Legolo la ECHR le mmuelela ka tsela e e tlhomologileng ka Phukwi 7, 2011. E ne e le la ntlha mo hisitoring ECHR e laela gore Kokoano ya Ditshwanelo tsa Batho ya Yuropa e sireletse batho ba ba sa tseneleng bosole. Tshwetso eno ya Lekgotla le Legolo e ne ya latelwa ke ditshwetso tse dingwe tse nnѐ tsa ECHR, tse le tsone di neng di buelela ditshwanelo tsa batho ba ba sa tseneleng bosole. *

Ba ba neng ba ikuela bosheng kwa ECHR e e neng ya tsaya tsia tshwanelo ya batho ya go sa tsenele bosole: Vahan Bayatyan, Hayk Bukharatyan, Ashot Tsaturyan.

Puso ya Armenia e ne ya itlhokomolosa katlholo ya Lekgotla le Legolo mo kgetsing ya Bayatyan v. Armenia, ka go sekisa le go bona Basupi ba le 29 molato; ba le 23 mo go bone ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong. Go simolola ka Phukwi 2011 go ya go Diphalane 2013, banna ba le 86 ba ne ba fetsa palogotlhe ya dingwaga di feta 168 kwa dikgolegelong tsa Armenia. Bangwe ba makawana ano ba ne ba ikuela ka go isa dikopo tse di oketsegileng kwa ECHR ka go bo ba tsentswe mo kgolegelong e se ka fa molaong.

Dikgang Tse di sa Rarabololwang

Batho ba ba sa tseneleng bosole ba ba weditseng katlholo e ba neng ba e neilwe e bile ba golotswe mo kgolegelong ka Diphalane 2013, ba solofela gore direkoto tsa bone tsa bokebekwa di tla phimolwa go dumalana le diphetogo tse di sa tswang go dirwa mo melaong ya Armenia ya tsa bokebekwa. Kgang e nngwe e e tshwenyang ke gore a batho ba ba neng ba bonwa molato le go tsenngwa mo kgolegelong morago ga kgetsi ya ga Bayatyan, ba tla newa madi a phimolakeledi.

Go sa ntse go lebeletswe gore diphetogo tse Armenia e di dirileng mo molaong wa tirelo setšhaba di bonale ka botlalo. Le fa go ntse jalo, gone jaanong go lebega Armenia e tsaya tsia tshwanelo ya batho ya go sa tsenele bosole ka ntlha ya segakolodi sa bone.

Dikgato Tse di Tserweng Gore Thulaganyo ya Tirelo Setšhaba e Amogelwe

Ngwaga

Tiragalo

2001

Armenia e nna leloko la Lekgotla la Yuropa mme e tshwanelwa ke go dirisa molao wa tirelo setšhaba o o tla solegelang batho botlhe molemo

2004

Thulaganyo ya Molao wa Tirelo Setšhaba e e laolwang ke sesole e a dirisiwa, mme Basupi ba ga Jehofa ga ba kgone go e dira

2006

Diphetogo tse di dirilweng mo Molaong wa Tirelo Setšhaba di oketsa kotlhao e e newang batho ba ba sa tseneleng bosole mme go se na tirelo setšhaba e Basupi ba ga Jehofa ba ka e dirang

2011

Mo kgetsing ya Bayatyan v. Armenia, e mo go yone baatlhodi ba le 16 mo go ba le 17 ba neng ba dumalana, Lekgotla le Legolo la Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho le fitlhela go gatakilwe tshwanelo ya kgololosego ya segakolodi mme le sireletsa ditshwanelo tsa batho ba ba sa tseneleng bosole ka ntlha ya segakolodi

2012

Dikgetsi tse pedi tsa Kgotlatshekelo ya Yuropa tse di kgatlhanong le Armenia mo kgannyeng ya go sa tsenele bosole: Bukharatyan v. Armenia le Tsaturyan v. Armenia

2013

Ka Seetebosigo 8, go dirwa diphetogo tse disha mo melaong ya tirelo setšhaba mme di simolola go dirisiwa ka Phukwi 25

Ka Diphalane 8 le 9, Armenia e golola magolegwa a le robedi a a sa tsenelang bosole ka ntlha ya segakolodi

Ka Diphalane 23, Khomishene e e Lwelang Diphetogo e ne ya letla Basupi ba ga Jehofa ba le 57, go akaretsa le ba le 6 mo go ba le 20 ba ba sa ntseng ba le mo kgolegelong kwa Armenia, gore ba dire tirelo setšhaba

Ka Diphalane 24, Armenia e golola Basupi ba le barataro mo Kgolegelong ya Erebuni

^ ser. 12 Bona Erçep v. Turkey, no. 43965/04, 22 November 2011; Bukharatyan v. Armenia, no. 37819/03, 10 January 2012; Tsaturyan v. Armenia, no. 37821/03, 10 January 2012; Feti Demirtaş v. Turkey, no. 5260/07, 17 January 2012.