Fetela kwa tshedimosetsong

JUNE 11, 2015
Azerbaijan

Basupi ba ga Jehofa Kwa Azerbaijan ba a Ikuela

Basupi ba ga Jehofa Kwa Azerbaijan ba a Ikuela

Basupi ba ga Jehofa ba ikuetse kwa dinageng tse dingwe ka ntlha ya tshiamololo e e diretsweng Irina Zakharchenko le Valida Jabrayilova. Basadi bano ba babedi ba tshwerwe ka February 17, 2015, fa Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Sabail e ne e ba atlholela go letela tsheko ya bone mo kgolegelong. Ba latofadiwa ka go tsamaisa dibuka tsa bodumedi ba se na tetla. Kgotlatshekelo e ne ya oketsa katlholo ya bone ka dikgwedi tse pedi.

Irina Zakharchenko le Valida Jabrayilova

Basadi ba ba Ratang Kagiso ba Tshwarwa Jaaka Dikebekwa

Ka December 5, 2014, mapodisi a ne a tshwara Mmè Zakharchenko le Mmè Jabrayilova ba sa ntse ba rerela banni ba Baku. Mapodisi a ne a ba golola morago ga diura di se kae mme ba ne ba nna ba bilediwa go tla go botsolodiwa. Ka February 17, 2015, badiredi ba Lefapha la Tshireletso ya Setšhaba [Ministry of National Security (MNS)] ba ne ba sekisa basadi bano jaaka e kete ke dikebekwa. E le go dira gore ba nne mo kgolegelong, moatlhodi o ne a re basadi bano ga ba siamela setšhaba. Ka yone nako eo, MNS e ne ya ba tsenya mo kgolegelong e e kwa ntlokgolong, e e mo setshwantshong se se kwa godimo.

Fa e sa le ka nako eo, badiredi ba MNS ba ne ba phuruphutsa matlo a bone ba bo ba ba tseela dibuka tsa bodumedi, dibuka tse ba kwalelang dintlha mo go tsone, laptop le founo. Kgotlatshekelo e gana go reetsa boikuelo jwa gore fa basadi bano ba ntse ba letetse tsheko ba tswalelwe mo matlong a bone go na le kwa kgolegelong.

Botsogo Jwa Bone ke Tlhora Boroko

Babueledi ba basadi bano, ba masika le ditsala ba tshwenyegile thata ka botsogo jwa ga Mmè Zakharchenko le Mmè Jabrayilova jo bo ntseng bo etegela pele. Mmè Zakharchenko o na le dingwaga di le 55. Dingaka tsa re o tsentswe bogole ke ramatiki le go bo a kile a gobala mo leotong la moja.

Batho ba tshwenyegile thata ka maikutlo a basadi bano. MNS e ba letla go etelwa fela ke babueledi ba bone. Ba masika ba kgona go ba romelela dilo tse di jaaka diaparo, melemo le sesepa gangwe fela ka kgwedi. Ba malapa a bone ba ne ba leka go ba gomotsa ka go ba romelela Baebele mme MNS ga e a ka ya letlelela seo.

A Puso ya Azerbaijan e Tla Tsaya Ikuelo Eno Tsia?

Fa MNS e ntse e tsweletse ka dipatlisiso tsa kgetsi ya ga Mmè Zakharchenko le Mmè Jabrayilova, e ne ya botsolotsa Basupi ba le 20 le go phuruphutsa matlo a ka nna 10. Mo godimo ga moo, badiredi ba MNS, ba mokgatlho wa bodumedi le ba sepodise ba ne ba phuruphutsa Holo ya Bogosi e basadi bano ba obamelang kwa go yone.

E re ka balaodi ba Azerbaijan ba sa tswa basadi bano thuso, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tsenya kopo kwa Ofising ya Khomishene ya Ditshwanelo Tsa Batho, ba bo ba ikgolaganya le mekgatlho ya dinaga tse dingwe e le go kopa thuso ka tshiamololo e Azerbaijan e e diretseng basadi bano. Azerbaijan e dirile maitlamo le dinaga tse dingwe gore e tla tlotla ditshwanelo tsa batho le gore ke naga e e letlang batho ba obamela ka kgololesego.

Basupi ba ga Jehofa ba kopile ka tswee gore puso ya Azerbaijan e tlotle maitlamo a yone le gore e letlelele Basupi go obamela ka kagiso. Ba kopile puso gore e golole basadi bano ba ba se nang molato.